Se se Dirang Gore Motho a Nne Moopedi yo o Setswerere wa Opera
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ITALY
MOOPEDI o ema a tlhamaletse, a emisitse tlhogo ya gagwe, mafatlha a gagwe a tsholetsegile, phatlha ya gagwe, dipounama le molomo wa gagwe di sa gagamala. Morago ga ketapele e khutshwane ka okhestra, moopedi wa tenor o simolola go opela pina e e sa bolong go letelwa a le esi. Go ne go bonala a opela dinoto motlhofo fela, jaaka e kete lentswe ga le tswe mo mmeleng wa gagwe e kete le tswa felo gongwe. Go ne ga utlwala leshalaba le legolo fa a sena go fetsa go opela pina ya gagwe.
Mmino wa opera ke terama e e diragadiwang ke badiragatsi ba ba opelang fa mmino wa okhestra o ntse o tshameka. A o rata opera? A o kile wa nna teng kwa go nngwe ya tiragatso ya yone mo lefelong la bobogelo? O akanya gore ke eng se se dirang gore baopedi ba opera ba nne le mantswe a a monate?
Lentswe—Seletswa sa Mmino
Lentswe ke mpho e e molemo e e tswang kwa Modimong, mme le bidiwa sentle go twe ke seletswa sa mmino. Le fa e le batho ba le mmalwa ba ba ka tswang ba kgona go opela jaaka baopedi ba opera, mo bathong ba le bantsi go opela ke karolo ya botshelo e e diragalang ka tlholego fela jaaka go ja kgotsa go robala. Go sa kgathalesege gore o ka tswa o itse go opela sentle kgotsa nnyaa, ga go pelaelo gore o tla kgatlhegela go itse gore “seletswa” seno se bereka jang.
Kgokgotso e e fa gare ga mometso wa gago, ke serwe se se ntshang modumo. E dirilwe ka lohihiri le le dikologileng phatlha e go nnang mesifa e mennye e mebedi—e leng dikodu tsa gago. Modumo wa lentswe o tswa jang? Fa motho a hema ka tsela e e tlwaelegileng, dikodu di a repa di bo di dira phatlha e e khutlotharo mo moseleng wa phefo, o o itsegeng jaaka glottis. Fa motho a opela moya o o tswang mo kgokgotshong o a oketsega, mosele wa phefo o bo o fokotsega, mme dikodu di a roroma, go bo go tswa modumo wa lentswe. Fa dikodu di gagamala thata, di roroma ka bonako mme modumo wa lentswe o bo o tlhatlogela kwa godimo. Kafa letlhakoreng le lengwe, go fokotsa kgatelelo ya moya le go repisa dikodu, go godisa mosele wa phefo, go fokotsa go roroma mme go dira gore modumo wa lentswe o utlwale o le boteng.
Mokgwa wa go Opela le Popego ya Motho
Fa Enrico Caruso a sa ntse a le mosha o ne a na le lentswe le le monate; mme le ne le se na maatla. Go le katisa go ne ga le nonotsha. Lentswe le le monate ke bokgoni jwa tlholego, mme mo mminong wa opera mokgwa wa go opela le one o botlhokwa. Moopedi o tlhoka go ithuta go hema sentle e le gore a tle a kgone go gopa moya o o lekaneng. Go tswa foo o tshwanetse go ithuta go o laola. Go bolelwa gore moopedi yo o itsegeng wa lekgolo la bo18 la dingwaga Carlo Broschi, yo o neng a bidiwa Farinelli, o ne a kgona go opela dinoto tse 150 ka mohemo o le mongwe.
Baopedi ba opera le bone ba tlhoka go ithuta go godisa mantswe a bone ka go dirisa mebele ya bone jaaka e kete ke digodisamodumo. Go ya ka bomankge bangwe, gore motho a kgone go opela dinoto tse di boteng o tlhoka go dirisa dikgopo, fa lotlhaa le marapo a sefatlhego one a thusa mo dinotong tse di kwa godimo.
Batho ba le bantsi ba akanya gore fa motho a opela o dirisa mometso fela. Le fa go ntse jalo, go ile ga bolelwa ka tshwanelo gore mmele otlhe o a opela, ka lebaka la gore motho o dirisa maatla a gagwe otlhe. Go tlhokega gore motho a laole go gagamala ga mesifa yotlhe mo mmeleng gore e dire sentle. Ka jalo go opela opera go tlhoka gore motho a dirise maatla a mantsi, gongwe leno ke lone lebaka la go bo baopedi ba opera ba le bakima. Maria Callas e ne e le mongwe wa baopedi ba ba itsegeng thata ba lekgolo la bo20 la dingwaga, mme ba bantsi ba dumela gore go latlhegelwa ke boima jwa mmele wa gagwe ka bonako ka ntlha ya go fokotsa dijo ka tsela e e feteletseng, go ile ga baka gore lentswe la gagwe le senyege.
Diphetogo mo Mminong wa Opera
Fa nako e ntse e ya, go ile ga nna le diphetogo mo tseleng le mo mokgweng o mmino wa opera o opelwang ka one. Mma re sekaseke dikai di le pedi fela. Fa opera e ne e sa tlhole e opelwa kwa mafelong a kobamelo kgotsa mafelong mangwe a mannye mme e opelwa kwa mafelong a bobogelo, mmino ono o o opelelwang kwa tlase, o o utlwalang sentle, le o go sa dirisiweng maatla thata mo go one o ne wa fetoga go nna mmino o o nonotshiwang ke go dirisa mmele jaaka segodisamodumo. Phetogo eno e ne ya oketsega fa go ne go sa tlhole go dirisiwa ditlhopha tse dinnye tsa okhestra tse di neng di dirisiwa ke Mozart mme go dirisiwa ditlhopha tse dikgolo, tse ka sekai di neng di dirisiwa ke Verdi le Wagner. Mo lekgolong la bo17 le la bo18 la dingwaga go akaretsa le karolo ya ntlha ya dingwaga tsa bo1800, tsela e mmino wa opera o neng o opelwa ka yone e ne e sa tlhole e le botlhokwa gotlhelele, mme sa botlhokwa e ne e le bokgoni jwa moopedi. Mokgwa wa go opela wa karolo ya bofelo ya dingwaga tsa bo1800 le wa karolo ya ntlha ya lekgolo la bo20 la dingwaga o ne o farologane thata. Mo nakong eno, le fa lentswe le ne le le botlhokwa mo mminong wa opera, le ne la nna nngwe fela ya dikarolo tse di botlhokwa.
Bokgoni jo bo neng bo le gone mo mminong wa opera bo ne jwa tlhotlheletsa kgolo e ntsi mo mminong ono. Batlhami bangwe ba ba itsegeng ba ba jaaka Paisiello, Cimarosa, Gluck, Mozart, Donizetti, Rossini, Bellini, Verdi, Wagner, Puccini, Bizet, Meyerbeer le Mascagni, ba ile ba kwala dipina tse dintsi tse di amang maikutlo thata.
Go Dirisa Mekgwa e e Feteletseng mo Mminong wa Opera
Go nnile le dinako tse di sa itumediseng mo hisitoring ya mmino wa opera. Akanya ka baopafadiwa ba kwa Italy ba ka dingwaga tse di fetang lekgolo ba neng ba opela mmino wa opera.a Basimanyana ba ne ba kgaolwa dirwe tsa bonna pele ga dingwaga tsa bolesome e le gore ba tle ba boloke mantswe a bone a masesane a a nang le maatla a a sa tlwaelegang. Guido Tartoni o ne a bolela gore mokgwa ono o ne wa tlhotlhelediwa ke “Kereke ka gonne e ne e thibetse basadi . . . go opela mo kerekeng.”
Baopedi ba ba itsegeng ba mmino wa opera e nnile bommamoratwa, e bile bangwe ba balatedi ba bone ba ne ba ba obamela. Phitlho ya ga Luciano Pavarotti ke sekai sa kgalaletso e e ntseng jalo. Maria Callas o ne a bidiwa La Divina (Modimo), mme Joan Sutherland ene o ne a bidiwa La Stupenda (yo o Gakgamatsang). Le fa go ntse jalo, fa e le gore mmino wa opera o simolotse go ratiwa ke batho ba le bantsi, ke ka ntlha ya gore o kgona go itumedisa babogedi.
Gongwe mo isagweng o tla utlwa motho a opela pina e e ratiwang a le nosi ka lentswe la soprano. Fa go le jalo, ema go se kae o akanye ka ikatiso le maikemisetso a a tlhokegang go tlhagisa lentswe le le monate jalo. Seno se ka go tlhotlheletsa gore o simolole go tsaya opera jaaka mokwadi mongwe a ne a e bitsa a re ke tsela ya go “kopanya mafoko le mmino le go naya poko . . . molodi o o monate.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang ya go kgaolwa ga basimane dirwe tsa bonna, bona Tsogang! ya February 8, 1996, ditsebe 11-14 ka Seesemane.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]
GO RULAGANYA MANTSWE KA MEFUTA YA ONE MO MMINONG
Coloratura soprano: Lentswe la basadi le le kgonang go opela dinoto tse di bofefo, tse di kwa godimo. Gantsi moopedi o tshameka karolo ya motho yo o matlhagatlhaga le yo o kgonang go dira metlae.
Lyric soprano: Lentswe le le humileng la basadi. Moopedi o tshameka karolo ya lorato.
Dramatic soprano: Lentswe le le boteng la basadi. Moopedi gantsi o abelwa karolo ya go nna motho yo o ngokang kgatlhego ya babogedi.
Mezzo-soprano: Lentswe le le nonofileng le le boteng go gaisa dramatic soprano. Moopedi gantsi o tshameka karolo ya go nna mosadimogolo kgotsa ya go nna moganetsi.
Contralto: Lentswe le le sa tlwaelegang la basadi. Moopedi o tshameka karolo e e tshwanang le ya moopedi wa mezzo-soprano.
Tenor: Lentswe la banna le le batlileng le tshwana le la soprano—le bonolo, le na le mafoko a poko le a lorato, e bile le gapa maikutlo. Gantsi moopedi o tshameka karolo ya motho yo o mo maratong kgotsa mogaka.
Baritone: Ke lentswe le le mo magareng ga tenor le basso. Moopedi o tshameka karolo ya go nna morwarra motho, go nna rre, kgotsa go nna moemakgatlhanong.
Basso: Lentswe leno le le boteng thata la banna, le kgaogantswe ka dikarolo tse tharo: brilliant, cantante, le profundo. Karolo ya ntlha e tshwanela batshameki ba ba matlhagatlhaga, le ba ba kgonang go dira metlae; ya bobedi e tshwanela dikarolo tsa lorato; mme ya boraro ke ya batshameki ba ba bontshang maikutlo a a boteng.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Serala sa Opera
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Lefelo la bobogelo la Opera
[Motswedi wa Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Stage: Philip Groshong for The Cincinnati Opera; Courtesy of Tourism Office of Budapest