Mafelo A mo Go one Bompopi ba Diragatsang mo Metshamekong ya Opera
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRIA
“EE, MMINO o ne o le monate mme bokgoni jwa bompopi jwa go diragatsa bo ne bo kgatlha tota. Bompopi ba kgona go tlhalosa ka diatla ka tsela e ke iseng ke ko ke e bone!”
A mmui fano o tlhalosa pontsho ya bana ba bannye? Nnyaa. O ka tswa o sa dumele seno mme gone ao ke mafoko a a tlhagafetseng a motho yo mogolo yo o neng a ile kwa motshamekong wa opera. Metshameko eno ya maemo a a kwa godimo e diragadiwa kae? Kwa lefelong le legolo la metshameko ya opera kwa Salzburg, kwa Austria, motse o mokwadi yo mogolo wa mmino e bong Mozart a tsholetsweng kwa go one.
Mme gone a o kile wa utlwa ka bompopi ba ba boleele jwa halofo ya metara go ya go metara ba diragatsa mo metshamekong ya opera? Bompopi bano ba ba diragatsang kwa Salzburg Marionette Theatre ba dira sone seo. Fa ba simolola go tantsha mo seraleng ba gapa maikutlo a babogedi, ba dira gore ba nne e kete ba kwa lefatsheng le lengwe—lefatshe la ditoro le la mmino o o gapang maikutlo.
Go Kopanya Ditoro le Boammaaruri
Fa mmino o o bulang o simolola mme sesiro se bulwa lekgetlho la ntlha, ka dinako tse dingwe babogedi ba gakgamadiwa ke se ba se bonang. Ba ipotsa gore a tota ke bompopi ba legong ba ba kgabaganyang mo seraleng ba dira e kete go opela motho a le nosi? Mme go tweng ka megalanyana e mesesane e e mo godimo ga ditlhogo tsa bompopi bano? Baeng bangwe ba ka nna ba bo ba kgobega marapo thata, ba akanya gore ‘E bonala thata—re kgona go bona sengwe le sengwe!’ Mo godimo ga moo, lefelo le go nnang baopedi mo go lone ga leyo. Kgang ya gore go bo go tshamekiwa mmino o o gatisitsweng ga e kgatlhe babogedi. Motho yo o tlwaetseng go leba metshameko ya opera a ka bua ka bogale a re ‘Ruri seno se tlhabisa ditlhong!’ Mme gone ema pele! Ka iketlo, ba sa lemoge maikutlo a babogedi a fetoga.
Fa dipelaelo tsa babogedi di sena go fela, bompopi bano ba simolola go gapa maikutlo a babogedi ba bone. Babogedi ba simolola go kopanya lefatshe la ditoro le la boammaaruri ka tsela e e gakgamatsang. Ga ba tlhole ba tsaya tsia megalanyana ele ya sei e e tsamaisang bompopi bano. Babogedi ga ba kgatlhwe fela ke tsela e bompopi ba diragatsang ka yone mme gape ba itumedisiwa le ke selo se se sa tlwaelegang sa go bona bompopi ba diragatsa mo lefelong le lennye la metshameko ya opera. Babogedi ba amogela kgopolo eo mme ba lebala ka bonako gore ba bogetse bompopi ba ba sa tsheleng. Ee, bompopi bano ba na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go kgatlha tota le babogedi ba ba tshwayang diphoso, ba ba gapa maikutlo jaaka e kete ba ba phamola ba bo ba ba isa kwa lefatsheng le lennye la bone la bompopi.
Mo Seraleng le Kwa Morago ga Sone
Se se dirwang kwa morago ga serala se kgatlha fela jaaka se se dirwang mo go sone. Badiragatsi ba mmatota ke batho ba ba ka kwa morago ga serala ba ba tsamaisang bompopi bano—tota e bile re ka re ba kwa godimo ga serala—go tswa fa ba berekelang gone mo borogong. Fa badiragatsi ba ntse ba fetofetola matsogo a bone jaaka e kete ba bua ka diatla go tsamaisa bompopi, bompopi bano ba tla bo ba opela, ba lela, ba lwantshana, le go oba mangole go supa tebogo ka tlotlo—fela jaaka baopedi ba mmatota ba metshameko ya opera ba dira.
Lokwalodikgang lwa The New York Times lo kile lwa tlhalosa gore ke eng se se dirang gore motshameko ono o kgatlhe jaana: “Le fa batho ba ba ka kwa morago ga serala ba gololesegile go nna batshameki ba karolo nngwe le nngwe ba dingwaga tsotlhe le bong bongwe le bongwe, ba tshwanetse go nna le nonofo e lengwe fela e bile ba nne le yone ka selekanyo se segolo: bokgoni.” Mme bokgoni jo badiragatsi ba Salzburg ba bo bontshang fa ba dira gore bompopi bano ba bonale e kete ba a tshela, bo gakgamatsa tota.
Bompopi mo Boemong Jwa Ditshwantsho Tse di sa Tshikinyegeng
Salzburg Marionette Theatre e ile ya nna le katlego ka dingwaga tse di fetang 90—go tloga ka 1913, fa khampani e ne e diragatsa nngwe ya metshameko ya opera ya ga Mozart ka lekgetlho la ntlha. Mosimolodi wa lefelo leno la bobogelo e ne e le Anton Aicher, yo e neng e le mmetli. Aicher o ne a ithuta kwa Munich mme a bo a dira bompopi ba e a reng fa ba diragatsa ba bo ba dira dilo jaaka e kete ke batho ba mmatota. Morago o ne a lemoga gore o ne a kgatlhwa ke go dira bompopi go feta go betla ditshwantsho tse di sa tshikinyegeng.
Mo nakong e khutshwane fela lelapa lotlhe la boora-Aicher le ne le kgatlhwa ke mofuta ono wa boitlosobodutu. Lelapa la gaabo le ne le tlhagafaletse go mo thusa ka go rokela bompopi bano diaparo le go mo thusa ka go nna le seabe mo go opeleng le mo go bueng. Ba ne ba atlega thata jaana mo ba neng ba simolola go nna le metshameko e mengwe e mentsi e ba e diragatsang. Go tloga ka 1927 go ya pele ba ne ba lalediwa go ya go diragatsa kwa dinageng tse dingwe. Gone jaanong ditiragatso tseno tsa bompopi di dirwa ka metlha kwa dinageng tse dingwe tse di jaaka Japane le United States. Batho ba ditso tsotlhe ba rata go tlosiwa bodutu ke bompopi bano.
A Wena o ka Rata Mofuta Ono wa Boitlosobodutu?
Metshameko ya opera e tlhalosiwa e le “terama e e tshamekiwang ka mmino o o opelwang go dirisiwa diletswa mme baopedi bone ba apere diaparo tse ba diragatsang ka tsone.” (The Concise Oxford Dictionary of Music) Mafoko a dipina tse di dirisiwang mo metshamekong ya opera kgotsa mokwalo wa teng o theilwe mo ditlhamaneng, mo hisitoring, mo dipegong tse di tswang mo Baebeleng le mo dilong tse di itlhametsweng. E ka nna dikgang tse di utlwisang botlhoko, tse di malebana le dikgang tsa marato kgotsa kgang e go dirwang metlae mo go yone. Gantsi ditiragatso tseno di dirwa mo mafelong a go diragatsa a kwa Jeremane kgotsa kwa Italy. Ka jalo go botlhale go batla tshobokanyo ya motshameko ono go bona gore a o ka o itumelela.
Mokeresete a ka itse jang gore a o tshwanetse go leba motshameko o o rileng wa opera? A o tshwanetse go tsaya tshwetso a lebile fela gore baopedi ba teng ba itsege go le kana kang? Kgotsa gore mmino o monate go le kana kang? Kgotsa molaetsa wa motshameko oo o tla bo o theilwe mo go eng?
Ee, fela jaaka go ntse ka boitlosobodutu jo bongwe jotlhe, tsela e e molemolemo e Mokeresete a ka swetsang gore o tlhopha go reetsa kgotsa go lebelela motshameko ofe wa opera ke go bapisa tshobokanyo ya thanolo ya motshameko oo le molaomotheo ono wa ga moaposetoloi Paulo fa a ne a re: “La bofelo, bakaulengwe, dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—Bafilipi 4:8.
[Mmapa mo go tsebe 8]
(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)
AUSTRIA
VIENNA
Salzburg
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Badiragatsi ba ba feletseng ba bompopi ba setse ba siametse go diragatsa mo diopereng tse di farologaneng
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Salzburg Marionette Theatre
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Anton Aicher, mosimolodi wa tsone
[Motswedi wa Setshwantsho]
By courtesy of the Salzburg Marionette Theatre
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
All photos on pages 8 and 9: By courtesy of the Salzburg Marionette Theatre