LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/08 ts. 10-11
  • Ke Leng go ka Tweng go Iphemela go Siame?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Leng go ka Tweng go Iphemela go Siame?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Ila Thubakanyo
  • Fa o Le mo Kotsing
  • Tshireletso E e Di Gaisang Tsotlhe
  • Mokeresete A Ka Iphemela go ya Bokgakaleng Jo Bo Kana Kang?
    Tsogang!—1991
  • A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Tirisodikgoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
  • Dikgoka
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 6/08 ts. 10-11

Baebele ya Reng

Ke Leng go ka Tweng go Iphemela go Siame?

O TSOSIWA ke modumo mongwe o o sa o lebelelang mo gare ga bosigo. O utlwa dikgato tsa mongwe. Go na le mongwe yo o go tseneletseng mo ntlong. Pelo ya gago e itaya ka bonako mme o ipotsa o tshogile gore o direng jaanong.

Jono ke boemo jo bo ka tlhagelang mongwe le mongwe. Bokebekwa—tota le e leng bokebekwa jwa dikgoka—ga e sa tlhole e le sengwe se se diregang kwa dinageng tse di rileng kana kwa ditoropong tse dikgolo fela. Ka ntlha ya go boifa go tlhaselwa, batho ba le bantsi ba leka go itshireletsa ka go reka dibetsa kana ka go ithuta mekgwa ya go lwa ba sa dirise dibetsa. Mebuso mengwe e tlhomile melao e e letlang baagi gore ba dirise mekgwa ya go iphemela e e ka nnang kotsi mo mothong yo o go tlhaselang. Mme gone Baebele ya reng? A go na le nako nngwe e go ka tweng go siame gore motho a dirise dikgoka gore a iphemele kana a femele lelapa la gagwe?

Modimo o Ila Thubakanyo

Baebele e kgala thubakanyo le batho ba ba e dirisang. Mopesalema Dafide o ne a bolela jaana malebana le Jehofa Modimo: “Moya wa gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Modimo o ne a atlhola ditšhaba dingwe tsa bogologolo go akaretsa le batho ba gagwe ka ntlha thubakanyo le tshololo ya madi. (Joele 3:19; Mika 6:12; Nahume 3:1) Tota le e leng go bolaya motho e se ka boikaelelo e le ka ntlha ya go nna botlhaswa e ne e tlolomolao e e masisi go ya ka Molao o o neng o neilwe Baiseraele.—Duteronome 22:8.

Baebele e gakolola batho gore ba tile dintwa tse di ka nnang gone, ka go leka go dira kagiso letsatsi le letsatsi. Gantsi dintwa di simolola fa batho ba ngangisana ka bogale. Baebele e bolela jaana: “Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima, mme fa go se nang yo o senyang batho leina teng manganga a a kokobela.” (Diane 26:20) Gantsi go ritibala go fedisa bogale mme go thiba dikgotlhang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:18.

Fa o Le mo Kotsing

Go rata kagiso ga go reye gore o ka se ka wa tlhaselwa ka dikgoka. Go ralala hisitori baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba tlhaselwa ka dikgoka. (Genesise 4:8; Jobe 1:14, 15, 17) Motho a ka dira eng fa a tlhaselwa ke senokwane se se tlhometseng? Jesu o ne a laela jaana: “O se ka wa emelelana le yo o boikepo.” (Mathaio 5:39) O ne a boa gape a re: “Yo o tsayang seaparo sa gago sa kafa ntle, o se ka wa mo ganela le ka seaparo sa kafa teng.” (Luke 6:29) Jesu o ne a sa kgothaletse go dirisiwa ga dibetsa gore motho sireletse dithoto tsa gagwe. Fa motho yo o botlhale a tlhaselwa ke senokwane se se tlhometseng, a ka se ka a gana go se naya dithoto tsa gagwe. Ke boammaaruri gore botshelo bo botlhokwa go gaisa dithoto dipe tse di tlhwatlhwakgolo!

Kafa letlhakoreng le lengwe, go tweng fa motlhasedi a baya botshelo jwa motho mo kotsing? Molao o Modimo a neng a o naya Baiseraele o re tlhalosetsa sentle se re tshwanetseng ra se dira mo maemong ao. Fa legodu le ne le tshwarwa motshegare mme le bolawa, motho yo o mmolaileng o ne a tshwanetse go latofadiwa ka ntlha ya polao. Seno e ne e le ka go bo bogodu bo ne bo sa atlholelwe loso mme e bile legodu leo le ne le ka kgona go bonwa gore le kgone go atlholwa ka molao. Le fa go ntse jalo, fa legodu le ne le ka bolawa bosigo, mong wa ntlo o ne a ka itshwarelwa ka gonne go ne go ka nna thata gore a bone gore motho yoo o ne a dira eng le go lemoga gore maikaelelo a gagwe e ne e le afe. Mong wa ntlo o ne a ka swetsa ka gore botshelo jwa lelapa la gagwe bo ne bo le mo kotsing mme o ne a le sireletsa.—Ekesodo 22:2, 3.

Ka jalo, Baebele e bontsha gore motho a ka itshireletsa kana a sireletse lelapa la gagwe fa a tlhasetswe ka dikgoka. A ka faposa lebole la motlhasedi kana a mo kganela, e bile tota a ka mmetsa ka lebole go dira gore a se ka a tlhola a kgona go lwa. Maikaelelo a gagwe ke go dira gore motlhasedi a tlogele go lwa kana a fedise tlhaselo. Fa go le jalo, fa motlhasedi a ka gobala thata kana a swa mo boemong joo, loso lwa gagwe e tla bo e le le le nnileng teng ka kotsi mme e se ka maikaelelo.

Tshireletso E e Di Gaisang Tsotlhe

Kwantle ga pelaelo go na le maemo a mangwe a mo go one go ka tweng go iphemela go siame. Batho ba na le tshwanelo ya go itshireletsa le go sireletsa ba malapa a bone fa ba le mo kotsing ya go gobadiwa kana ya go bolawa. Fa go sa kgonege gore motho a ka tshaba, ga go na molao wa Baebele o o kganelang motho gore a iphemele. Mme gone, selo se se botlhale se motho a ka se dirang e ka nna go tila maemo a a ka mo tsenyang mo kotsing.—Diane 16:32.

Baebele e re kgothaletsa gore re ‘senke kagiso mme re e latelele’ mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. (1 Petere 3:11) Ke sone selo se segolo se se ka dirang gore re tshele ka kagiso.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

◼ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila thubakanyo?—Pesalema 11:5.

◼ Ke eng se se botlhale se motho a ka se dirang go sireletsa dithoto tsa gagwe?—Diane 16:32; Luke 12:15.

◼ Re ka nna le boikutlo bofe malebana le dikgotlhang, go tila go tsena mo kotsing?—Baroma 12:18.

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 11]

Baebele e bontsha gore motho a ka itshireletsa kana a sireletse lelapa la gagwe fa a tlhasetswe ka dikgoka

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela