Basha Ba Botsa Jaana
Go Tweng fa Nnake Kgotsa Nkgonne a Ipolaile?
Botshelo jwa ga Karen bo ne jwa fetoga ka letsatsi le rraagwe a neng a mmolelela dikgang tse di utlwisang botlhoko. O ne a kgona fela go mo raya a re: “Sheila o re tlogetse.” Karen le rraagwe ba ne ba tlamparelana ba sa tlhaloganye gore ke eng se se dirileng gore monnawe Karen a ipolaye.a
FA MOSHA a tlhokafala, gantsi bagomotsi ba ba lekang go thusa ba tlhoma mogopolo mo batsading. Ba botsa bomonnawe le bomogolowe motho yo o tlhokafetseng gore “Batsadi ba gago ba lepalepana jang le masetlapelo a a ba wetseng?” mme ba ka nna ba lebala go botsa gore “Wena o lepalepana jang le gone?” Go a utlwala he go bo bana ba ba setseng ba tewa go twe ke bahutsafadi ba ba lebetsweng.
Dipatlisiso di bontsha gore go swa ga ngwana mongwe mo lelapeng go ama basha thata. Dr. P. Gill White mo bukeng ya gagwe ya Sibling Grief—Healing After the Death of a Sister or Brother o kwala jaana: “Tatlhegelo e kgolo jalo e ama botsogo, boitshwaro, tiro ya sekolo, le go itlotla ga bana ba ba setseng ka tsela e e sa itumediseng.”
Basha ba ba godileng go se kae le bone ba a amega. Karen, yo umakilweng kwa godimo o ne a le dingwaga di le 22 fa monnawe e bong Sheila a ne a ipolaya. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go ne go bonala a sa kgone go itshokela kutlobotlhoko ya gagwe. A re: “Nka se ka ka re ke ile ka utlwa botlhoko go gaisa batsadi ba me, mme ke akanya gore ke ne ke sa kgone go lepalepana le gone go gaisa tsela e bone ba neng ba dira ka yone.”
A le wena jaaka Karen o tlhokafaletswe ke monnao kgotsa mogoloo? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa ikutlwa jaaka mopesalema Dafide a neng a ikutlwa fa a ne a kwala jaana: “Ke tlhakatlhakane, ke ikobile mo go feteletseng; ke tsamatsamaile ke utlwile botlhoko letsatsi lotlhe.” (Pesalema 38:6) O ka lepalepana jang le kutlobotlhoko ya gago?
“Fa Nkabo . . . ”
Go ipolaya ga kgaitsadio go ka dira gore o ikutlwe molato thata. O ka nna wa ipolela gore, ‘Fa nkabo ke ile ka dira dilo dingwe ka tsela e e farologaneng, nnake kgotsa nkgonne o ka bo a sa ntse a tshela.’ Go ka nna ga bonala go na le bosupi jo bo tshegetsang boikutlo jo bo ntseng jalo. Chris yo o neng a na le dingwaga di le 21 fa monnawe a ne a ipolaya o ne a akanya jalo. A re: “Ke nna motho wa bofelo yo ileng a bua le nnake, ka jalo, ke ne ke akanya gore ke tshwanetse ka bo ke ile ka bona gore go na le sengwe se se sa siamang. Ke ne ke akanya gore fa nkabo ke ne ke le motho yo o atamelesegang thata, o ka bo a ile a mpulela mafatlha mme a bua le nna.”
Selo se se neng se dira gore Chris a tlalelwe le go feta e ne e le lebaka la go bo ene le monnawe ba ne ba sa utlwane. Chris o gakologelwa jaana a hutsafetse thata: “Lekwalo le a le tlogetseng le ne le re ke tshwanetse ka bo ke ile ka nna nkgonne yo o botoka. Le fa gone ke itse gore o ne a lwala, kgopolo eo e sa ntse e ntshwenya.” Gantsi boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go ikutlwa molato bo okediwa ke go gakologelwa mafoko a a botlhoko a lo neng lo refosana ka one le monnao kgotsa mogoloo pele ga fa a swa. Dr. White yo o nopotsweng kwa pelenyana o ne a bolela Tsogang! a re: “Bana ba le bantsi ba ba swetsweng ke bomonnawe kgotsa bomogolowe ba ne ba mpolelela gore ba nna ba tshwenngwa ke go ikutlwa molato ka ntlha ya dikomano tse ba nnileng le tsone dikgwedi kgotsa le e leng dingwaga pele ga foo.”
Fa e le gore o ikutlwa molato ka go bo monnao kgotsa mogoloo a ipolaile, ipotse gore, ‘Ke motho ofe yo o ka kgonang go laola ka botlalo dilo tse motho yo mongwe a di dirang?’ Karen a re: “O ne o ka se ka wa kgona go thibela botlhoko jo motho yoo a neng a leka go tswa mo go jone—le tsela e e botlhoko e a ileng a bo fedisa ka yone.”
Mme go tweng fa e le gore go bonala o sa kgone go lebala mafoko a a botlhoko a o kileng wa a bolelela monnao kgotsa mogoloo? Baebele e ka go thusa gore o lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng. Ya re: “Gonne rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” (Jakobe 3:2; Pesalema 130:3) Gone mme, go nna o ntse o tlhomile mogopolo mo makgetlhong a ka one o akanyang gore o ne o sa tshwara monnao kgotsa mogoloo sentle kgotsa wa mmolelela mafoko a a utlwisang botlhoko, go tla oketsa fela kutlobotlhoko ya gago. Le fa go ka tswa go utlwisa botlhoko jang go akanya ka dilo tseo, boammaaruri ke gore, ga se wena o dirileng gore monnao kgotsa mogoloo a swe.b
Kafa o ka Lepalepanang le Kutlobotlhoko ka Gone
Ga go na batho bape ba babedi ba ba utlwang botlhoko ka tsela e e tshwanang. Ba bangwe ba lela fa pele ga batho mme ga go na sepe se se phoso ka gone. Baebele e bolela gore Dafide o ne a “lela ka selelo se segolo thata” fa morwawe Amone a sena go swa. (2 Samuele 13:36) Tota le Jesu o ne a “tsholola dikeledi” fa a bona kafa batho ba amegileng maikutlo ka teng ka loso lwa tsala ya gagwe e bong Lasaro.—Johane 11:33-35.
Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba bangwe ga ba hutsafale ka yone nako eo—segolobogolo fa loso lo ile lwa direga ba sa lebelela. Karen o gakologelwa jaana: “Ke ne ke bonala ke se na maikutlo. Ke ne ke sa kgone go dira sepe ka nakwana.” Go ikutlwa jalo go tlwaelegile fa ngwana mongwe mo lelapeng a ipolaile. Dr. White o ne a bolelela Tsogang! gore “go ipolaya ke selo se se utlwisang botlhoko mme o tshwanetse gore o lebane le letshogo pele ga o ka lebana le kutlobotlhoko ya gone. Batlhokomedi bangwe ba porofeshenale ba leka go dira gore batho ba ba swetsweng ba lele le go ntsha kutlobotlhoko ya bone ba ise ba siamele go dira jalo. Ba sa ntse ba gamaregile ka ntlha ya letshogo.”
Go amogela kgang ya gore monnao kgotsa mogoloo o sule go ka nna ga tsaya nako mme seo se a tlhaloganyesega fa o akanya ka se se diragetseng. Chris a re: “Lelapa la gaetsho le tshwana le nkgwana ya malomo e e thubegileng mme morago ga foo ya momaganngwa ka sekgomaretsi. Gone jaanong go bonala re sa kgone go emelana le dikgatelelo tse di seng bokete jalo.” Go go thusa go itshokela seemo seno, leka dilo tse di latelang:
◼ Dira lenaane la ditemana tsa Baebele tse di gomotsang mme o nne o di bale bobotlana gangwe ka letsatsi.—Pesalema 94:19.
◼ Bua le mongwe yo o mo ikanyang yo o kutlwelobotlhoko. Go bua le mongwe go ka dira gore o ikutlwe botoka.—Diane 17:17.
◼ Tlhatlhanya ka tsholofetso ya Baebele e e buang ka tsogo ya baswi.—Johane 5:28, 29.
O ka nna gape wa fitlhela gore go nna le buka e mo go yone o kwalang maikutlo a gago mo go yone, e bobotlana o ka nnang le yone ka nakwana fela, go tla go thusa gore o lebane le kutlobotlhoko ya gago ka tsela e e tshwanetseng. Go bona gore a seno se ka go thusa, ke eng o sa dirise lebokoso le le fa tlase fano?
Tlhomamisega gore “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.” (1 Johane 3:20) O itse mabaka le maemo a a ka tswang a dirile gore monnao kgotsa mogoloo a tlalelwe thata jalo botoka, go na le motho le fa e le ofe. Mme le wena o go itse botoka go feta kafa o ikitseng ka teng. (Pesalema 139:1-3) Ka jalo, o ka tlhomamisega gore o tlhaloganya gore o ikutlwa jang. Fa go bonala kutlobotlhoko ya gago e le kgolo thata, gakologelwa mafoko a a mo go Pesalema 55:22 a a reng: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”
Go Gomotsa ba ba Hutsafetseng
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka tsela ya go emelana le seemo sa go swelwa ke mongwe yo o mo ratang, bona boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mo setlhogong seno a fetotswe.
b Go tshwana le fa motho a swa ka ntlha ya bolwetse kgotsa ka ntlha ya kotsi. Go sa kgathalesege gore o ne o rata monnao kgotsa mogoloo go le kana kang, o ka se ka wa laola “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ O tla bua le mang fa go bonala maikutlo a gago a go fekeetsa?
◼ O ne o ka ema mosha yo o utlwileng botlhoko nokeng jang?
[Lebokoso mo go tsebe 20]
Go kwala maikutlo a gago fa fatshe go ka go thusa gore o kgone go emelana le khutsafalo ya gago. Fa o ntse o akantse ka seo, feleletsa dipolelo tse di kafa tlase mme o bo o araba le dipotso tse di tla latelang.
◼ Tseno ke dikgopolo tse tharo tse di itumedisang tse ke nang le tsone ka nnake kgotsa nkgonne:
1 ․․․․․
2 ․․․․․
3 ․․․․․
◼ Seno ke se ke eletsang gore nkabo ke se boleletse nnake kgotsa nkgonne fa a ne a sa ntse a tshela:
․․․․․
◼ O ka raya ngwana yo mmotlana yo o iponang molato ka go swa ga monnawe kgotsa mogoloe wa reng?
․․․․․
◼ Ke temana efe mo go tse di latelang e o fitlhelang e gomotsa thata, mme ka ntlha yang?
□ “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.
□ “Gonne ga a a nyatsa le fa e le go ila pogisego ya yo o bogisiwang; mme ga a a mo fitlhela sefatlhego, o ne a utlwa fa a goela kwa go ene a kopa thuso.”—Pesalema 22:24.
□ “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe [Jesu] ka yone mme ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29.