Basha ba Botsa Jaana . . .
A Ke Tla Felela Ke Tshwana Le Morwarre?
“WENA o tlile go felela o tshwana fela le morwarraago! O itlhokomele, eseng jalo o tla felela o tshwana le ene!”
Fa o na le kgaitsadio yo o ileng a tswa mo tseleng—yo gongwe a ileng a lelekwa mo gae ke batsadi, a tlhatlhelwa mo kgolegelong, kgotsa a kojwa mo phuthegong ya Bokeresete—mafoko ano a a botlhoko a ka nna a bo a se masha mo ditsebeng tsa gago. Batsadi, barutabana, balosika ba ba senang moya ope wa letlhoo, tota le eleng balekane ba gago ba ka nna ba go bolelela kgapetsakgapetsa. Nako nngwe o ka nna wa nna le boikutlo jwa gore bangwe ba ditsala tsa gago di itshomola mo go wena.
Ee gone, go nna le ngwana wa ga mmaago yo o iphetolang seganana ke selo se se botlhoko ka bosone. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Carol, yo kgaitsadie o neng a kgaolwa (a kojwa) mo phuthegong ya Bokeresete, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke utlwana thata le kgaitsadiake go gaisa ope o sele. Fa a ne a tlogela go tlhola e nna Mokeresete, go ne ga nkama fela thata.”a Becky, yo o neng a le dingwaga di le 15 fa mogolowe wa mosetsana a ne a kgaolwa, le ene o gakologelwa jaana: “Ke santse ke gakologelwa sentle letsatsi le a neng a mpolelela ka lone gore o kobilwe. Ke ne ka utlwa botlhoko thata mme ke ne ke hutsafetse fela thata. Ke ne ka ikutlwa ke tsieditswe. Tota ke eng fa a ne a ka re direla jalo?”
Go utlwisa botlhoko gape go latlhegelwa ke go buisana ka phuthologo le mogoloo go tshwana le pele. Becky o bolela jaana a hutsafetse: “Re ne re utlwana tota. Ke ne ke latlhegetswe ka ntlha ya go bo ke ne ke sa tlhole ke kgona go buisana le ene le go dira sepe le ene.” Mo godimo ga tatlhegelo eo go na gape le go swabisiwa ke go bona mongwe yo o neng o mo leba jaaka sekao a palelwa. Mosha mongwe yo o bidiwang Marvin o bolela jaana mabapi le mogolowe wa mosimane: “Ke ene re neng re mo lebile jaaka sekao. Mme jaanong o ne a sa tlhole a le teng.”
Lefa go le jalo, selo se se botlhoko le go feta, e ka nna go tshoga gore gongwe le wena o ka nna wa felela o tshwana le ene.
A Ya Morago E Gata Fa go Gatileng ya Pele?
Mo patlisisong nngwe, 64,9 lekgolong ya basha ba ile ba dumela gore ba tlhotlhelediwa fela thata ke bomogoloabone. Mosetsanyana mongwe o ne a re: “Nkgonne wa mosimane . . . o ne a tlhotlheletsa botshelo jwa me fela thata. Ka metlha o ne a nkgatlhegela ka tsela e e kgethegileng fela thata. O ne a ntsamaisa mafelo a le mantsi le ditsala tsa gagwe, o nthutile go kwala, go bofa ditlhako tsa me, mme o ne a aga a nthusa fa ke na le mathata ape fela.”—Adolescents and Youth, e e kwadilweng ke Dorothy Rogers.
Go ya ka mokwadi ebong Joy P. Gage, fa ngwana wa ga mmamotho yo o ntseng a tseelwa kwa godimo a tswa seganana, “basha ba ka nna ba etsaetsega.” O bolela ka mosetsana mongwe yo o bidiwang Linda yo o neng a leba kgaitsadie yo motona jaaka sekao. Fa ka tshoganyetso fela a ne a tlogela mosadi wa gagwe, sekao se se tlhwatlhwakgolo sa ga Linda se ne sa “nyelela.” Joy Gage a re: “Kgaitsadie yono yo o neng a ikutlwa a patelesega go mo etsa o ne a sa tlhole a tshwanelwa ke go ediwa.” Ka ntlha ya seo, “Linda o ne a kgopegile. Tota o ne a bile a gamaregile.” Linda o ne a simolola go ithuta bojalwa.—When Parents Cry.
Ga se selo se se sa tlwaelesegang go itsaya ka tsela e e ntseng jalo. Tota ebile, buka e go tweng How to Survive Your Child’s Rebellious Teens, e e kwadilweng ke Myron Brenton, e bolela gore “ka selekanyo se se rileng, ka metlha bana ba bangwe mo lapeng ba amiwa ke go tsuologa ga ngwana yo mongwe.” Brenton o tlhalosa gore fa gongwe basha ba ba setseng mo lapeng “ba ikutlwa ba tshosediwa. Ka go boifela isagwe ba ipotsa jaana: ‘A le nna seno se tla ntiragalela? A le nna ke tla dira botsenwa jono? A le nna ke na le botsenwa jo bo ntseng jalo mo go nna?’”
Tsaya Tsela E Sele
Lefa go le jalo, a seno se raya gore o tlile go sala morago sekao se se maswe sa ngwana wa ga mmaago? Le eseng. O nonofile go itlhophela tsela e o ka e tsayang. (Bapisa Yoshue 24:15.) Basha ba le bantsi ba ba neng ba boifa Modimo mo metlheng ya Bibela ba ne ba dira fela jalo.
Tsaya ka sekai, Jakobe yo mmotlana. Lefatlha la gagwe ebong Esau, e ne e le mongwe ‘yo o sa anaaneleng dilo tse di boitshepo.’ (Bahebera 12:16) Lefa go le jalo, Jakobe e ne ya nna monna wa tumelo yo o senang selabe. (Genesise 25:27; Bahebera 11:21) Eleasare le Ithamare, barwa ba ga Arone ba babedi ba babotlana, ba ile ba tswelela ba ikanyega mo tirelong ya ga Jehofa fa bomogoloabone ebong Nadabe le Abihwe, ba ne ba bolawa ke Jehofa. Go bonala fa barwa bano ba ne ba bolaelwa go dira se se sa tshwanelang mo tirong ya bone ya boperesiti ba nole bojalwa. Mme ga go ope wa bo Eleasare le Ithamare yo o ileng a etsa bomogoloabone, mme ka bobedi jwa bone ba ile ba tswelela ba itumelela ditshiamelo tsa go nna baperesiti ba ga Jehofa Modimo.—Lefitiko 10:1-11.
Le wena ka mo go tshwanang o ka tsaya tsela ya boitshwaro jwa bomodimo mme wa tila go ikutlwisa botlhoko ka bowena le batsadi ba gago.
‘Ba Itshomola mo go Nna’
Lefa go le jalo, Carol o ngongorega jaana: “Mongwe le mongwe o emetse fela gore ke dire phoso nngwe. Batsadi bangwe ba bile ba tsaya gore ke tla ruta bana ba bone mekgwa e e maswe.” Gongwe ka dinako dingwe o ikutlwa jalo le wena. Mme fa gongwe se se lebegang o kare ke go sekwasekwa mo go setlhogo gantsi go a bo go dirwa ka maikutlo a mantle. Lefa go le jalo, fa ba bona o tsweletse ka go itshwara sentle, gantsi ditlhobaelo tsa bone di a fela.—Bapisa 1 Petere 2:12.
Mme jaanong, ke ka ntlha yang fa dingwe tsa ditsala tsa me di simolotse go nkekologa? Fa gongwe go nna jalo, eseng ka go bo ba sa go tshephe, mme e le ka go bo ba sa itse gore ba tla buang le wena. Ba ka nna ba iphitlhela ba sa itse gore ba ka go atamela jang, ka ba lemoga gore wena le balelapa la gaeno lo ile lwa utlwa botlhoko fela thata; mme gongwe ba tshaba go iphitlhela ba buile dilo tse di phoso. Ke eng o sa dire bojotlhe go diga lobota ka go nna wena o simololang motlotlo? Leka go wela dibete le go nna bonolo fa ba bangwe ba botsa dipotso tse di amang, tse di ntseng jaaka, “Go diragetseng ka morwarraago?”
Go boammaaruri gore ba bangwe ba ka nna ba lebega ba itshomola mo go wena. Mme fa batho ba go tsaya jaaka ekete ga o a siama, o nna le boikutlo jo bo raelang jwa gore bogolo o dire dilo tse di maswe gore fa e le sengwe go ye kwa go yang. Mme legale, ka dinako tsotlhe o gakologelwe mafoko a a mo go Bagalatia 6:9: “Me a re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ōna, ha re sa ñodiege.”
Gantsi, nako ya go sa itse gore ba ka dirisana jang le wena e a feta. Becky yo mmotlana a re: “Morago batho ba ile ba simolola go ntsaya jaaka ba ne ba ntsaya pele.” O tlatsa ka gore: “Lebaka la go bo e ne e se ditsala tsa me tsotlhe tse di ileng tsa itshomola mo go nna le ile la nthusa thata. Ba ne ba ikemiseditse go nthusa.” Bontsi jwa Bakeresete ka wena le bone ba tla ikemisetsa go go thusa. Ba ka dira mo gontsi go go thusa go ‘direla dinao tsa gago ditsela tse di siameng.’—Bahebera 12:13.
Ntsha Mafatlha a Gago
Go boammaaruri gore, ka dinako dingwe o ka nna wa ikutlwa jaaka lekawana lengwe le le bidiwang Fred yo morwarraagwe a neng a kgaotswe. O ipobola jaana, “Ke ne ke seke ke bolelela ope maikutlo a me. Mme ke ne ka lemoga gore go ne go sa nthuse ka sepe lefa e le batsadi ba me go sa bue mafatlha a me.” Ee, tila go ikgogona, bogolo jang mo batsading ba gago. (Diane 18:1) Marvin o fa kgakololo e e siameng fa a re: “Bolelela mongwe maikutlo a gago. O tshwanetse!”
Ka sekai, a go lebega bangwe mo phuthegong ba go itlhokomolosa? Batsadi ba gago ba ka nna ba thusa fa o ka ba lemotsha ka bothata joo. Kgotsa gongwe o bolaisiwa pelo ke go bo batsadi ba gago ba tlhokomologa dilo tse o di tlhokang ka ntlha ya go tshwarega ka ngwana wa ga mmaago wa seganana. O seka wa tswa mo tseleng go dira gore ba tlogele go go tlhokomologa. Go na le moo, ba ntshetse se se mo mafatlheng a gago.
Fred o ne a atisitse go dirisa nako e lelapa la bone le ithutang Bibela ka yone go ntsha maikutlo a gagwe. “Fa ke ne ke na le bothata bongwe ke ne ke dirisa sebaka seo go buisana le Rre le Mmè ka jone.” Mme ka motlotlo o o ntseng jalo o ka nna wa thusega go tlhaloganya kafa seemo seo se tshwentseng batsadi ba gago mo go maswe ka teng. Mo godimo ga moo, ba tla kgona go tlhaloganya maikutlo a gago botoka mme gongwe jaanong ba dire gore ba go kgatlhegele feta pele.
Legale, ga se basha botlhe ba ba nang le batsadi ba ba boifang Modimo. Fa go ntse jalo ka wena, leka go buisana le Mokeresete mongwe yo o godileng. (Diane 17:17) Go tshwarega thata mo ditirong tsa semoya le gone go a thusa. Marvin a re, “O tshwanetse gore o supe tota gore ga o batle go felela o le bosula le wena. Mme fa o tlhagafetse mme o bontsha gore tota ka mmatota o batla boammaaruri, bakaulengwe ba gago ba Bakeresete kwantle ga pelaelo ba tla go ema nokeng.”
Go sa kgathalesege gore go diragala eng, ka metlha o tshegediwa ke Rraago wa selegodimo. (Pesalema 27:10) Pesalema 62:8 ya re, “Tshèlañ dipelo tsa lona ha pele ga ōna.” O ka nna botshabelo jwa gago jwa boammaaruri. O tlhaloganya ka botlalo seo tota o leng sone ka kwa teng, lefa gongwe ba bangwe ba ka nna ba seka ba go tlhaloganya kgotsa ba go pega molato go sa tshwanela.—1 Samuele 16:7.
O Ka Farologana
Seane sengwe sa Bibela sa re: “Motho eo o bonokopela o bōna boshula, me a iphitlhe.” (Diane 22:3) Ee, lefa e le leng fela fa o ka raelesega go etsa ngwana wa ga mmaago, akanya ka ditlamorago tsa tsela ya gagwe e e kgopo. Becky a re: “Go bona ditlamorago tsa kgato e e ileng ya tsewa ke ngwana wa ga mmè go ile ga nthusa go tila go itsenya mo mathateng ao.”
Fred, Marvin, le Becky—bao ba tsopotsweng mo setlhogong seno—ba ile ba farologana le bana ba bommaabo ba diganana; mongwe le mongwe wa bone o ile a tsenela mofuta mongwe wa bodihedi jwa Bokeresete. Go tweng ka wena? O ka nna wa tswelela o rata ngwana wa ga mmaago. Mme ga go tlhokege gore o tshele jaaka ene. O ka tlhopha ka tsela ya gago. O ka farologana le ene.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina a fetotswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Ga go tlhokafale gore o etse kgaitsadio kgotsa mogoloo ka go tsuologa jaaka ene