A Lefatshe le Tla Kgona go Tlamela Dikokomana Tse di Tlang?
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA CANADA
◼ Morago ga go dira dipatlisiso tse di tseneletseng tsa tsela e e raraaneng e dilo tsa tlhago di itshireletsang ka yone, ka dingwaga di le nnè, setlhopha sa bakanoki le baeteledipele ba tikologo ba e neng e le karolo ya dipatlisiso tse di bidiwang Millennium Ecosystem Assessment [MA] ba ne ba gatisa pego ya bone ya ntlha. Dingwe tsa ditshwetso tse ba di fitlheletseng ke tse di latelang: Mo dingwageng tse 50 tse di fetileng, go oketsega ga tlhokego ya dijo, metsi a a phepa, dikgong, faeba le ditukisi go ne ga dira gore go nne le diphetogo tse dikgolo thata malebana le kafa dilo tsa tlhago di itshireletsang ka teng mme go dira gore lefatshe le palelwe ke go ka kgona go tlamela dikokomana tse di tlang. Tsela ya tlholego e e dirang gore lefatshe le kgone go anamisa peo, go phepafatsa mowa ga dimela tsa naga e le gore re kgone go bona okesejene le go ntšhafadiwa ga dikotla ke lewatle e le gore di dirisiwe gape, e a ketefalelwa. Gape mefuta e mentsi ya ditshedi mo lefatsheng e gaufi le go nyelela.
Lokwalodikgang lwa Globe and Mail la kwa Canada le ne la re: “Batho ba senya polanete ka tsela e kgolo tota mo ba bileng ba oketsang kgonego ya gore dithulaganyo tse dingwe tsa tlholego di senyege ka bonako, go go ka dirang gore go nne le malwetse, go rengwa ga dikgwa kana go nyelela ga ditshedi tsa mo lewatleng.” Lokwalodikgang lono lo ne lwa oketsa ka gore: “Mafelo a a loraga, dikgwa, . . . mafelo a a leng mo melomong ya dinoka, mafelo a go tshwara ditlhapi le mafelo a mangwe a a phepafatsang mowa, metsi le dikotla go tlamela ditshedi tsotlhe a senngwa thata mo e leng gore a ka se ka a kgona go baakanngwa.” Le fa setlhopha sa batsamaisi sa MA se dumela gore batho ba ka kgona go fokotsa tshenyo e e dirwang mo tikologong, ba bolela gore, e le gore seo se fitlhelelwe “batho ba tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo thata mo tseleng e ba tshwarang tikologo ka yone.”
A polanete ya Lefatshe e ka kgona go bolokiwa? Karabo ke ee, o mogolo! E re ka re le batlhokomedi ba popo ya Modimo, re tlhoka go dira gotlhe mo re ka go kgonang gore re tlotle tikologo. (Pesalema 115:16) Le fa go ntse jalo, Modimo ke ene fela a ka kgonang go tsaya kgato ya go busetsa maemo a lefatshe gore a nne ka tsela e e tshwanetseng. ‘Modiri wa rona yo Mogolo’ o re solofetsa gore o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe mo lefatsheng mme a bo a le “humisa fela thata.” (Jobe 35:10; Pesalema 65:9-13) Seno se akaretsa mawatle le sengwe le sengwe se se leng mo go one ka gonne Mmopi, Jehofa Modimo o na le maatla a go dira jalo. (Pesalema 95:5; 104:24-31) Mme se a se solofetsang se tla diragala ka gonne, Modimo ‘a ka se ka a aka.’—Tito 1:2.
Go a re gomotsa tota go itse gore lefatshe le tla tlamela dikokomana tse di tlang. Seno se tlhotlheletsa botlhe ba ba boifang Modimo gore ba mmake ka ntlha ya botlhale jwa gagwe jo bogolo, maatla a gagwe le molemo mme ba mo galaletse ka ntlha ya lorato lo a nang le lone mo popong ya gagwe yotlhe.—Pesalema 150:1-6.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]
Globe: NASA photo