A Polanete ya Lefatshe e Beetswe Tshenyego?
LEKGOLO la bo20 la dingwaga le tla tloga le wela, mme lekgolo la bo21 le tloga le simologa. Mo boemong jo bo ntseng jaana batho ba le bantsi ba gantsi ba neng ba sa tseye tsia thata kana ba sa tseye tsia gotlhelele boporofeti jo bo malebana le tshenyego eno ba ipotsa gore a dingwe tsa ditiragalo tseno tse di botlhokwatlhokwa tsa lefatshe di ka tswa di le gaufi le go diragala.
O ka tswa o ile wa ela tlhoko ditlhogo tsa makwalodikgang le tsa dimakasine tse di malebana le seno—tota le dibuka tse di feletseng tse di buang ka kgang eno. Gore go tla diragalang mo tshimologong ya lekgolo la bo21 la dingwaga, ga re itse. Batho bangwe ba tlhalosa gore go fitlha kwa bofelong jwa ngwaga wa 2000 ke pharologano ya ngwaga o le mongwe fela (kana motsotso o le mongwe fela, go tloga go 2000 go ya go 2001) mme gongwe go tla bo go sena pharologano epe e e kalokalo. Se ba le bantsi ba amegileng ka sone ke isagwe ya go ya go ile ya polanete ya rona.
Polelelopele nngwe e go buiwang thata ka yone mo malatsing ano ke ya gore ka nako nngwe—e ka tswa e le mo nakong e e fa gautshwane kana mo isagweng e e kgakala—polanete ya Lefatshe ka boyone e atlholetswe go senngwa gotlhelele. Akanya ka dingwe tsa dipolelelopele tse di ntseng jalo tse di kgobang marapo.
Mo bukeng ya gagwe ya The End of the World—The Science and Ethics of Human Extinction, e e ileng ya gatisiwa la ntlha ka 1996, mokwadi le motlhalefi John Leslie o bolela ditsela tse tharo tse botshelo jwa motho mo lefatsheng bo ka fedisiwang ka tsone. Sa ntlha o botsa jaana: “A ntwa ya nuklea ya makgaolakgang e tla raya go fedisiwa ga batho?” Morago ga foo o oketsa jaana: “Selo se go bonalang se ka direga . . . ke go bolawa ka marang: dikankere, go koafadiwa ga thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse mo go dirang gore malwetse a a tshelanwang a ate, kana malwetse a mantsi a a tlhagang ka nako ya tsalo. Selo se sengwe ke go swa ga ditshedinyana tse di leng botlhokwa mo boitekanelong jwa tikologo.” Selo sa boraro se se ka nnang sa direga se Rre Leslie a se tlhalosang ke gore naledi ya motshotshonono kana asteroid e ka nna ya thula lefatshe: “Malebana le dinaledi tsa motshotshonono le di-asteroid tse motsamao wa tsone o dirilweng ka tsela ya gore ka letsatsi lengwe di ka thula Lefatshe, go bonala go na le di le dikete tse pedi tse sediko sa motsamao wa tsone o leng gareng ga sephatlo sa maele le dimaele di le thataro [kilometara e le nngwe le dikilometara di le lesome]. Gape go na le palo e nnye thata (go akanyetsa palo ya tsone e tla bo e le go fopholetsa fela) ya tse di kgolwane, le palo e kgolwane ya tse dinnye thata.”
Tlhaloso e e Phepafetseng ya “Letsatsi la Tshenyego”
Kana akanya ka moitsesaense yo mongwe, Paul Davies, yo e leng porofesa kwa Yunibesithing ya Adelaide, kwa Australia. Washington Times e ne ya mo tlhalosa e le “mokwadi wa saense yo o gaisang botlhe mo matlhakoreng oomabedi a Atlantic.” Ka 1994 o ne a kwala The Last Three Minutes, e e ileng ya bidiwa “tshimologo ya dibuka tsotlhe tse di buang ka letsatsi la tshenyego.” Kgaolo ya ntlha ya buka eno e bidiwa “Letsatsi la Tshenyego,” mme e tlhalosa tiragalo e go akanngwang gore e tla diragala fa naledi ya motshotshonono e ka thula polanete ya Lefatshe. Bala bontlhanngwe jwa tlhaloso e e tsitlisang marapo ya gagwe:
“Polanete e roroma ka maatla a a lekanang le a dithoromo tsa lefatshe di le dikete di le lesome. Go thunya goo ga moya o o tlositsweng mo o tshwanetseng go nna gone go tlala mo lefatsheng lotlhe, go bo go senya dipopego tsotlhe, go senya sengwe le sengwe se se mo tseleng ya one. Lefelo le le sephara le le dikologileng felo fa naledi ya motshotshonono e thudileng gone, le gogomoga go nna leseka le legolo la thaba ya lefika, le le nyeregang, ya bogodimo jwa dimaele di sekae, le bonatsa mateng a Lefatshe mo khuting e e botlase jwa dimaele di le lekgolo [dikilometara di le 150]. . . . Leru le legolo thata la leswe le fokela mo loaping, le sira letsatsi gore le se ka la bonesa polanete yotlhe. Jaanong mo boemong jwa lesedi la letsatsi go na le phatsimo e e tshosang e e tsabakelang ya dibonesi tsa legodimo di le dimilione di le sekete, tse di gadikang mmu o o kafa tlase ka mogote wa tsone o o babolang, jaaka fa dilo tse di tlositsweng mo lefelong la tsone tseno di boa gape go tswa kwa loaping di wela mo lefaufaung.”
Porofesa Davies o tswelela pele a golaganya tiragalo eno e a e akanyetsang le polelelopele ya gore naledi ya motshotshonono e e bidiwang Swift-Tuttle e tla thula lefatshe. O oketsa ka tlhagiso ya gore le mororo tiragalo e e ntseng jalo e ka nna ya se direge ka bonako, go ya ka ene, “go ise go ye kae naledi ya Swift-Tuttle kana selo se sengwe se se tshwanang le yone se tla thula Lefatshe.” Tshwetso ya gagwe e theilwe mo phopholetsong ya gore go na le dilo di le 10 000 tse di bokima jwa molagare wa sephatlo sa kilometara kana go feta, tse di tsamayang mo ditseleng tse di tlang di kgabaganya Lefatshe.
A o dumela gore selo se se tshosang jaana se ka diragala tota? Batho ba le bantsi ba a dumela. Mme ba itlhokomolosa tlhobaelo epe fela e ba ka tswang ba na le yone ka go ipolelela gore go ka se ka ga diragala fa ba sa ntse ba tshela. Gone mme, ke ka ntlha yang fa polanete ya Lefatshe e tshwanetse ya senngwa tota—e ka tswa e le gone jaanong kana diketekete tsa dingwaga go tloga jaanong? Totatota, ga se lefatshe ka bolone le le bakelang baagi ba lone, batho kana diphologolo bothata. Go na le moo, a ga se motho ka boene yo o bakileng mathata a mantsi a lekgolo leno la bo20 la dingwaga, go akaretsa le go ‘senya lefatshe’ gotlhelele?—Tshenolo 11:18.
Go se Tsamaise Dilo Sentle ga Batho go a Fetolwa
Go tweng ka ntlha ya gore go ka direga gore motho ka boene a senye lefatshe gotlhelele ka go se tsamaise dilo sentle le ka ntlha ya bopelotshetlha jwa gagwe? Go phepafetse gore dikarolo dingwe tsa lefatshe di setse di sentswe thata ka ntlha ya go rengwa ga dikgwa ka tsela e e feteletseng, kgotlelo e e sa laolesegeng ya lefaufau, le go senngwa ga mesele ya metsi. Seno se ne sa sobokanngwa sentle dingwaga tse di ka nnang 25 tse di fetileng ke bakwadi Barbara Ward le René Dubos mo bukeng ya bone ya Only One Earth: “Dikarolo tse dikgolo tse tharo tse di kgotlelwang thata tse re tshwanetseng go di tlhatlhoba—moya, metsi le mmu—totatota, di bopa dikarolo tse tharo tse di botlhokwa thata tsa botshelo mo polaneteng ya rona.” Mme boemo ga bo a ka jwa tokafala fa e sa le ka nako eo, a ga go jalo?
Fa re akanya ka ntlha ya gore go ka direga gore motho a senye lefatshe ka ntlha ya boeleele jwa gagwe, re ka kgothatsega fa re akanya ka maatla a a gakgamatsang a polanete ya Lefatshe e nang le one a go itsosolosa le go intšhafatsa. Fa René Dubos a tlhalosa bokgoni jono jwa go ikalafa ka tsela e e gakgamatsang, o akgela jaana ka tsela e e kgothatsang mo bukeng e nngwe ya The Resilience of Ecosystems:
“Batho ba le bantsi ba boifa gore go setse go le thari thata gore batho ba ka tshwenyega ka gore tikologo e a senyega ka gonne go setse go dirilwe tshenyo e kgolo thata mo e ka se kang ya tlhola e baakanngwa. Go ya ka nna, ga re a tshwanela go itlhoboga ka tsela eno ka gonne tikologo e na le maatla a magolo a go ka ikalafa mo go se se botlhoko se se e diragaletseng.
“Tikologo e na le ditsela di le mmalwa tsa go ikalafa. . . . Di dira gore tikologo e kgone go tlosa ditlamorago tsa go kgorelediwa ka gore e busetse ka iketlo boemo jwa yone jwa ntlhantlha jwa tikologo.”
Go ka Kgonega
Sekai se se tlhomologileng sa seno mo dingwageng tsa bosheng ke go phepafadiwa ka iketlo ga noka e e tumileng thata ya Thames kwa Lontone. Buka ya The Thames Transformed, e e kwadilweng ke Jeffery Harrison le Peter Grant, e tlhalosa ka tiragalo eno e e gakgamatsang e e supang gore go ka dirwang fa batho ba dira mmogo go solegela botlhe molemo. Kgosana ya Borra-Edinburgh wa kwa Boritani o ne a kwala jaana mo ketapeleng ya buka eo: “Kgabagare eno ke buka e e buang ka phitlhelelo e kgolo mo e leng gore go a tshwanela gore e ka gatisiwa tota le fa go ka dira gore batho bangwe ba akanye gore mathata a go sireletsa tikologo ga a maswe mo go kalo jaaka ba ne ba akanya. . . . Botlhe ba ka kgothadiwa ke go bona se se dirilweng mo nokeng ya Thames. Dikgang tse di molemo ke gore go ka kgonega e bile dithulaganyo tsa bone le tsone di ka atlega.”
Mo kgaolong e e reng “Tiro e Kgolo ya go Phepafatsa,” Harrison le Grant ba kwala ka matlhagatlhaga kaga se se dirilweng mo dingwageng tse 50 tse di fetileng: “E ne e le ka lekgetlho la ntlha go direga mo lefatsheng gore noka e e neng e kgotletswe thata le e e neng e dirisediwa kgwebo e phepafadiwe mo e leng gore dinonyane tsa metsi le ditlhapi di ile tsa kgona go boela gape mo go yone ka bontsi. Gore go ile ga nna le phetogo e kanakana ka bonako jaana, mo boemong jo pele go neng go bonala bo tlhobosa go kgothatsa tota le mosireletsi wa diphologolo tsa naga yo o neng a itlhobogile gotlhelele.”
Morago ga foo ba tlhalosa phetogo eno jaana: “Boemo jwa noka eno bo ne jwa senyega ka iketlo fa dingwaga di ntse di feta mo go se gongwe go ka tweng e ne e le masetlapelo a bofelofelo a a neng a tla ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi, fa ditsamaiso tse dikgolo tsa go tsamaisa leswe le mesele ya leswe e ne e senngwa kana e fedisiwa. Ka bo1940 le bo1950 noka ya Thames e ne e sa tlhole e itekanetse gotlhelele. Noka eno e ne e sa farologane thata le mosele o o tsamaisang leswe o o bulegileng; mmala wa metsi o ne o le montsho, go se na okosejene, mme ka dikgwedi tsa selemo monkgo o o bosula wa noka ya Thames o ne o utlwala kwa kgakala. . . . Ditlhapi tse dintsintsi tse di kileng tsa bo di le mo nokeng eo di ne di sa tlhole di le teng, kwantle ga di se kae fela tsa sekanoga tse di neng di kgona go hema moya ka tlhamalalo go tswa mo mmung. Dinonyane tse di nnang kwa teng ga lefatshe, mo dikagong tse di bapileng le noka fa gare ga Lontone le Woolwich di ne tsa fela ga sala setlhotswana fela sa dihudi le dipidipidi tse di sa direng modumo thata mme di ne di tshela ka dithoro tse di tshologetseng fa thoko ga noka go na le go ja dijo tsa tlholego. . . . Ke mang yo o neng a tla dumela phetogo e kgolo e e neng e tla tloga e diragala? Mo dingwageng di le lesome fela, tsone dintshi tsa yone noka eno di ne di sa tlhole di tlhoka dinonyane mme e ne e le botshabelo jwa mefuta e mentsi ya dinonyane tsa metsi, go akaretsa le dinonyane tse di kgonang go batla dijo ka mariga tsa palo e e kana ka 10 000 le dinonyane tse di nnang fa thoko ga metsi di le 12 000.”
Gone mme, seo se tlhalosa phetogo e le nngwe fela mo sekhutlong se le sengwe se sennye sa lefatshe. Le fa go ntse jalo, re ka ithuta sengwe mo sekaing seno. Se bontsha gore polanete ya Lefatshe ga e tlhoke go tsewa e hutsegile ka go bo dilo di sa tsamaisiwe sentle mo go yone, ka ntlha ya bopelotshetlha, le go sa akanyetse ga motho. Thuto e e tshwanetseng le go dira mmogo gore batho botlhe ba solegelwe molemo go ka thusa lefatshe go fetola tota le tshenyo e kgolo mo ekholojing ya lone, mo tikologong ya lone le mmu wa lone. Mme go tweng ka tshenyo e e ka dirwang ke dilo tse di kwa ntle, tse di jaaka naledi ya motshotshonono e e tsamatsamayang fela kana asteroid?
Setlhogo se se latelang se na le karabo e e kgotsofatsang ya potso e e tlhakanyang tlhogo eno.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Thuto le go dira mmogo go ka thusa lefatshe go fetola tota le tshenyo e e feteletseng e e dirilweng mo go lone