LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/08 ts. 19-21
  • Nka Dira Jang Gore ke Itumelele go Obamela Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dira Jang Gore ke Itumelele go Obamela Modimo?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgwetlho #1: Go Ithuta Baebele
  • Kgwetlho #2: Go Nna le Seabe mo Bodireding
  • Kgwetlho #3: Go Nna Gone Kwa Dipokanong Tsa Bokeresete
  • Ka Dira Jang Gore ke Itumelele go Obamela Modimo?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Ke Eng fa ka Metlha re Ngangisana?
    Tsogang!—2010
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go ya Dipokanong tsa Bokeresete?
    Tsogang!—2012
  • Ke Eng fa Re Nna re Omana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 7/08 ts. 19-21

Basha ba Botsa Jaana

Nka Dira Jang Gore ke Itumelele go Obamela Modimo?

Josh yo o nang le dingwaga di le 16 o rapame mo bolaong jwa gagwe. Mmaagwe o ema fa mojako. O mmolelela jaana ka bogale: “Joshua tsoga! O a itse gore ke letsatsi la dipokano!” Josh o godisitswe e le yo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme go ya dipokanong tsa Bokeresete ke sengwe se se dirwang ka metlha mo kobamelong ya lelapa la gaabo. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, Josh ga a rate go ya kwa dipokanong. O bua jaana a ngongorega:

“Ao tlhe Mama a tota ke tshwanetse go ya?”

Mmaagwe o araba ka gore “Tlogela go ngongorega mme o apare. Ga ke batle go nna thari gape!” O a furalela mme o simolola go tsamaya.

Josh o bua jaana ka go phamoga fa mmaagwe a sa ntse a le fa a ka kgonang go mo utlwa “Waitse ke eng Mama, jono e ka tswa e le bodumedi jwa gago, mme ga go reye gore ke bodumedi jwa me.” O a itse gore mmaagwe o mo utlwile ka gonne o utlwile fa a ema. Go tswa foo, mmaagwe o tswelela a tsamaya a sa mo araba.

Josh o ikutlwa molato go se kae. Tota ga a batle go utlwisa mmaagwe botlhoko. Le fa go ntse jalo, ga a batle go kopa maitshwarelo. Se a ka se dirang fela ke . . .

A fegelwa, Josh o a tsoga mme o simolola go apara. Jaanong o bua jaana a le esi, “Go ise go ye kae, ke tla tshwanelwa ke go itirela tshwetso. Ga ke tshwane le bana ba bangwe ba kwa Holong ya Bogosi. Gongwe e bile ga ke batle go nna Mokeresete!”

A O KILE wa ikutlwa ka tsela e Josh a ikutlwang ka yone mo boemong jono? A ka dinako dingwe o ikutlwa e kete fa batho ba bangwe bone ba itumelela dipokano tsa Bokeresete wena o nna teng fela e le go ikgolola? Ka sekai:

◼ A mo go wena go ithuta Baebele go tshwana fela le tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae?

◼ A o ikgoga fela fa o ya tirelong ya ntlo le ntlo?

◼ A gantsi o iphitlhela o felelwa ke kgatlhego fa o le kwa dipokanong?

Fa e le gore o arabile nngwe ya dipotso tseno ka “ee”, o se ka wa kgobega marapo. Fa o ka dira diphetogo di le mmalwa, o ka kgona go ithuta go itumelela go direla Modimo. Mma re bone gore o ka dira seo jang.

Kgwetlho #1: Go Ithuta Baebele

Lebaka la go bo go se motlhofo. Gongwe o akanya gore ga o “motho yo o ratang go ithuta.” Gongwe ga o kgone go tsepamisa mogopolo ka nako e telele—go bokete go nna fa fatshe mme o bo tlhoma mogopolo mo go sengwe! Kwantle ga foo, o na le tiro e ntsi e o tshwanetseng go e ithuta ya kwa sekolong.

Lebaka la go bo go le molemo go go dira. Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo, mme e bile e “molemo go ruta le go kgalemela le go sokolola le go godisa mo tshiamong.” (2 Timotheo 3:16, Baebele e e Boitshepo) Go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka yone go tla go thusa go tlhaloganya dilo ka tsela e o iseng o ko o di tlhaloganye ka yone pele. Go bua boammaaruri, ga go na sepe se se molemo se se itiragalelang fela o sa se tseele matsapa. Fa o batla go nna mankge mo motshamekong o o rileng, o tshwanetse go ithuta melao ya motshameko oo mme o bo o ikatisa go o tshameka. Fa o batla go itekanela o tshwanetse go ikatisa. Fa o batla go ithuta ka Mmopi wa gago, o tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo.

Se bangwe ba balekane ba gago ba se buang. “Fa ke simolola go tsena sekolo se segolo ke ne ka tshwanela ke go dira ditshwetso dingwe tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa me. Bana ba bangwe ba ne ba dira mefuta yotlhe ya dilo tse di sa siamang mme ke ne ka tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore: ‘A ke sone se ke batlang go se dira? A totatota batsadi ba me ba nthuta boammaaruri?’ Ke ne ka tshwanelwa ke go itirela tshwetso ka bo nna.”—Tshedza.

“Ka dinako tsotlhe ke ne ke ntse ke dumela gore se ke se ithutileng, se boammaaruri le fa go ntse jalo ke ne ke tshwanetse go itlhatswa pelo. Ke ne ke tshwanetse go bo dira bodumedi jwa me—go na le go nna bodumedi jwa kwa gae fela.”—Nelisa.

Se o ka se dirang. Itirele thulaganyo ya gago ya go ithuta o le nosi. O tla itlhophela gore ke dilo dife tse o tla ratang go ithuta tsone. O ka simolola kae? Ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke Baebele ya gago gore a dingwe tsa dilo tse o di dumelang di boammaaruri, gongwe o dirisa buka e e jaaka Totatota Baebele e Ruta Eng?a

Kafa o ka go dirang ka gone. E le go go thusa gore o simolole go dira seo, tshwaya ditlhogo tse pedi kgotsa tse tharo tsa Baebele kafa tlase fano tse o batlang go di ithuta mo go oketsegileng—kgotsa fa o rata, o ka ikwalela tsa gago.

❑ A go na le Modimo?

❑ Nka tlhomamisega jang gore bakwadi ba Baebele ba ne ba tlhotlheleditswe ke Modimo?

□ Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go dumela mo popong go na le go dumela thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe?

□ Bogosi jwa Modimo ke eng, mme nka bontsha jang gore bo teng?

□ Nka tlhalosetsa ba bangwe jang tumelo ya me ka se se diregang fa motho a swa?

□ Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go tlhatswega pelo gore go na le tsogo ya baswi?

□ Nka tlhomamisega jang gore bodumedi jwa boammaaruri ke bofe?

□ ․․․․․

Kgwetlho #2: Go Nna le Seabe mo Bodireding

Lebaka la go bo go se motlhofo. Go bua le batho ba bangwe ka Baebele—kgotsa go kopana le mongwe yo o tsenang sekolo le ene—go ka boifisa.

Lebaka la go bo go le molemo go go dira. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Lo dire batho . . .  barutwa . . . , lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Mme go na le mabaka a mangwe a go dira seo. Dipatlisiso di bontsha gore mo dinageng dingwe basha ba le bantsi ba dumela mo Modimong le mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, bone basha bao, ga ba na tsholofelo ka isagwe. E re ka wena o ithuta Baebele, o na le yone tshedimosetso e balekane ba gago ba le bantsi ba e batlang e bile ba e tlhokang!

Se bangwe ba balekane ba gago ba se buang. “Nna le tsala ya me re ne ra baakanyetsa matseno a a ka nnang le matswela, mme re ne ra ithuta tsela ya go fenya dikganetso le tsela ya go dira maeto a go boela. Fa ke sena go simolola go tseela bodiredi jwa me matsapa, ke ne ka simolola go bo itumelela.”—Nelisa.

“Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o nthusitse thata! O mpheta ka dingwaga di le thataro, mme o tsamaya le nna mo bodireding jwa tshimo, ka dinako dingwe re ya go ja sefitlholo mmogo. O ne a mpontsha ditemana tse di kgothatsang tse di neng tsa nthusa go fetola tsela e ke neng ke akanya ka yone. Ke lemogile gore gone jaanong ke kgatlhegela batho ba bangwe botoka ka ntlha ya sekao sa gagwe se se molemo. O ntiretse se se fetang se nna nka mo direlang sone!”—Shontay.

Se o ka se dirang. Fa batsadi ba gago ba go letla, batla mongwe mo phuthegong yo o go fetang ka dingwaga yo o ka tsamayang le ene mo bodireding. (Ditiro 16:1-3) Baebele e bolela jaana: “Tshipi e loodiwa ke tshipi. Fela jalo motho o lootsa sefatlhego sa yo mongwe.” (Diane 27:17) Go na le melemo e mentsi ya go tsalana le batho ba ba godileng ba ba nang le maitemogelo a mantsi. Alexis yo o nang le dingwaga di le 19 a re: “Totatota o a gololesega fa o le mo gare ga batho ba ba godileng.”

Kafa o ka go dirang ka gone. Kafa tlase fano, kwala leina la mongwe mo phuthegong ya lona yo ene le batsadi ba gago ba ka go thusang mo bodireding.

․․․․․

Kgwetlho #3: Go Nna Gone Kwa Dipokanong Tsa Bokeresete

Lebaka la go bo go se motlhofo. Morago ga go nna letsatsi lotlhe kwa phaposing ya borutelo, o ka nna wa se ka wa itumelela go nna ura kgotsa di le pedi o reeditse dipuo tse di theilweng mo Baebeleng.

Lebaka la go bo go le molemo go go dira. Baebele e gakolola Bakeresete jaana: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.”—Bahebera 10:24, 25.

Se bangwe ba balekane ba gago ba se buang. “Go baakanyetsa dipokano tsa phuthego ke selo se o tshwanetseng go se dira. Ka dinako dingwe o tshwanetse o ithotloetse go go dira. Fa o baakanyeditse, o itumelela dipokano ka gonne o itse se go buiwang ka sone mme e bile o kgona go nna le seabe.”—Elda.

“Ka nako nngwe ke ne ka lemoga gore fa ke akgela mo dipokanong, ke di itumelela thata.”—Jessica.

Se o ka se dirang. Iphe nako ya go baakanyetsa dipokano pele o ya kwa go tsone mme fa go kgonega, akgela. Seno se tla go thusa gore o ikutlwe gore le wena o nna le seabe mo dipokanong.

Ka sekai: Ke eng se se itumedisang thata—go leba motshameko mo thelebisheneng kgotsa go o tshameka mo lebaleng? Kwantle ga pelaelo, go nna motsayakarolo go itumedisa go gaisa go nna mmogedi fela. Ke ka ntlha yang fa o sa lebe dipokano tsa Bokeresete ka tsela e e tshwanang?

Se o ka se dirang. Fa tlase fano, kwala nako e o ka dirisang metsotso e le 30 fela beke le beke o baakanyetsa dipokano tsa phuthego.

․․․․․

Basha ba le bantsi ba ipelela boammaaruri jwa Pesalema 34:8 e e reng: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo.” A o ka kgotsofalela fela go utlwa gore dijo di monate? A ga go botoka go di ja gore o ikutlwele monate wa tsone? Go ntse fela jalo le ka go obamela Modimo. Leka mme o bone gore go itumedisa jang go nna le seabe mo dilong tsa semoya. Baebele ya re motho yo e seng moutlwi fela mme e le modiri wa tiro, ‘o tla itumela fa a e dira.’—Jakobe 1:25.

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

◼ Ke ka ntlha yang fa ditiro tsa semoya di ka lebega di sa kgatlhe mosha?

◼ Ke karolo efe ya kobamelo mo go tse tharo tse go builweng ka tsone e o ka ratang go tokafatsa mo go yone, mme o tla dira seo jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Fa o batla go itekanela mo mmeleng, o tlhoka go ikatisa. Fa o batla go itekanela sentle mo semoyeng, o tlhoka go ithuta Lefoko la Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela