A Go ne Go Tlhamilwe?
Go Dirisana Mmogo go go Gakgamatsang go go Leng mo Mmung
◼ Tirisanommogo e e gakgamatsang e e mo mmung fa gare ga dimela dingwe le dibakateria e thusa gore botshelo bo kgone go tswelela pele.
Ela tlhoko: Nitrogen e botlhokwa gore semela se kgone go gola le go ata. Mme le fa go ntse jalo, gase eno e tshwanetse go fetolwa go nna sengwe se se jaaka ammonia pele ga dimela di ka e dirisa. Dinawa di rarabolola bothata jono ka go dirisana mmogo thata le dibakateria tse di bidiwang rhizobia. Go dirisana mmogo jalo ga mefuta e mebedi e e sa tshwaneng ya ditshedi go bidiwa symbiosis.
Dinawa di ngokela dibakateria kwa meding ya tsone ka khemikale nngwe e e kgethegileng, mme dibakateria di bo di tsena mo meding. Makasine wa Natural History wa re, le fa gone dibakateria le dimela e le mefuta e e farologaneng ya ditshedi, di dira mmogo “go bopa serwe se sesha se se botlhokwa: kgotonyana e e mo moding e e bidiwang nodule e bereka ka botlalo go fetola nitrogen.” Fa dibakateria di tsena mo teng ga nodule eno, e e leng legae la tsone le lesha e bile e le mo di berekelang gone, di simolola tiro ya tsone. Sedirisiwa sa tsone se segolo ke ensaeme e e kgethegileng—e e leng mofuta wa poroteine o o bidiwang nitrogenase—e di e dirisetsang go fetola nitrogen e e tswang mo dikhutinyaneng tsa moya mo mmung.
Makasine wa Natural History wa re, nitrogenase ya lefatshe lotlhe . . . e ka lekana mo teng ga kgamelo e le nngwe e kgolo. Ka jalo, molekhule nngwe le nngwe e botlhokwa! Mme go na le bothata. Ensaeme e senngwa ke okosejene. Tharabololo ke eng? Dinawa di ntsha sere sengwe se se kgethegileng se se tlosang okosejene e e ka nnang kotsi.
Lotha lo lo dikologileng nodule lo laola go refosanngwa ga ammonia, disukiri le dikotla tse dingwe fa gare ga dibakateria le semela. Fela jaaka dimela tse dingwe, dinawa kgabagare di a swa. Fa di swa, ammonia e salela mo mmung. Ka jalo, dinawa di nontsha mmu o di jadilweng mo go one.
O akanya eng? A go ka direga gore dibakateria le dimela tse di dirang mmogo le tsone di kgone go “itirela” thulaganyo e e gakgamatsang e e raraaneng thata e e thusang gore botshelo bo tswelele, kgotsa a re na le bosupi jo bongwe gape jwa gore ke sengwe se se tlhamilweng?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Nodule ya modi
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Background: © Wally Eberhart/Visuals Unlimited; inset: © Dr. Jack M. Bostrack/Visuals Unlimited