Medikologo ya Botshelo
FA MOYA o o phepa le metsi a toropo a ne a ka emisiwa mme go bo go thibiwa thulaganyo ya yone ya go tsamaisa leswe, go ise go ye kae go ne go tla nna le malwetse le dintsho. Le fa go ntse jalo, mo polaneteng ya rona moya o o phepa le metsi ga di romelwe go tswa kwa lefaufaung, e bile leswe ga le ntshediwe gongwe go sele. Ka jalo, karolo ya lefatshe e go nnang ditshedi mo go yone e nna jang e ntse e siametse botshelo? Karabo ke gore: ke ka ntlha ya medikologo ya tlholego, e e jaaka modikologo wa metsi, wa khabone, wa okosejene le wa naeterojene, e e bontshitsweng fano ka tsela e e tlhofofaditsweng.
Modikologo wa metsi o akaretsa dikgato tse tharo. 1. Maatla a letsatsi a tlhatlosetsa metsi kwa atemosefereng ka go a mowafatsa. 2. Mouwane ono wa metsi a a phepa o fetoga maru. 3. Maru one, a dira gore go nne le pula, sefako kgotsa kapoko, e e welang mo mmung mme seno se wetsa modikologo ono wa metsi. Ke metsi a a kana kang a a boang a dirisiwa ngwaga le ngwaga? Go ya ka diphopholetso, ke metsi a a lekaneng go khurumetsa polanete yotlhe go fitlha mo botennyeng jwa disentimetara tse di fetang 100.
2
← ◯
↓ 3 ↑
↓ 1 ↑
↓ ↑
→ →
→
Medikologo ya khabone le okosejene e akaretsa dithulaganyo tse pedi tsa konokono—fotosentesese le go hema.a Fotosentesese e dirisa lesedi la letsatsi, khabonetaeokosaete le metsi gore go nne le dikhabohaetereite le okosejene. Go hema ga diphologolo le ga batho, go kopanya dikhabohaetereite le okosejene go dira gore go nne le maatla, khabonetaeokosaete le metsi. Ka jalo, se se tswang mo modikologong o mongwe se dirisiwa ke o mongwe mme seno sotlhe se direga ka tsela e e phepa, e e botswerere le ka tuulalo.
Okosejene
←
← ←
↓ ↑
↓ ↑
↓ ↑
→ →
→
Khabonetaeokosaete
Modikologo wa naeterojene o botlhokwa gore go nne le di-amino acid, diporoteine le dimolekhule tse dingwe tsa dilo tse di tshelang. A. Modikologo ono o simolola fa legadima le dibakateria di fetola naeterojene e e mo atemosefereng go nna metswako e dimela di ka kgonang go e dirisa. B. Dimela tsone di tsenya metswako eno mo dimolekhuleng tsa dilo tse di tshelang. Ka jalo, diphologolo tse di jang dimela le tsone di bona naeterojene ka tsela eno. C. Fa dimela le diphologolo di swa, go na le setlhopha se sengwe sa dibakateria tse di dirang gore metswako ya naetorojene e kgone go ka dirisiwa gape, ka go busetsa naeterojene gape mo mmung le mo atemosefereng.
← ← ← ← ← ← ← ← ← ←
↓ ↑
↓ Go na le diperesente di le 78 tsa ↑
naeterojene mo ↑
↓ mo atemosefereng ya lefatshe ↑
↓ ↑
↓ ↓ Dimolekhule tsa ↑
↓ A ↓ dilo tse di tshelang ↑
↓ Dibakateria ↓ B ↑ ↓ C ↑
→ Di-compound tsa naeterojene Dibakateria →
→ → →
Thulaganyo e e Tshwanelang ya go Dirisa Dilo Gape!
Akanya ka seno: Ngwaga le ngwaga, batho ka botegeniki jotlhe jwa bone, ba dira gore go nne le ditone di le dintsi tsa leswe le le botlhole le le sa kgoneng go dirisiwa gape. Le fa go ntse jalo, lefatshe le dirisa gape leswe la lone lotlhe ka tsela e e botlhale. Mokwadi mongwe wa bodumedi le wa saense e bong M. A. Corey a re: “Ga go na le ka motlha dilo tse di itiragalelang fela ka botsone di neng di ka dira se se tshwanang” le kutlwano e e leng teng mo tikologong.
Fa Baebele e isa tlotlo kwa go yo e mo tshwanelang ya re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale.” (Pesalema 104:24) Botlhale joo bo bonala ka tsela e e kgethegileng fa bo bontshiwa batho.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Medikologo ya dielemente tsa dikhemikale tse di farologaneng e ka kopana kgotsa ya fetafetana. Ka sekai, okosejene e teng mo khabonetaeokosaeteng, mo dikhabohaetereiteng le mo metsing. Ka jalo, okosejene e dirisiwa mo modikologong wa khabone le wa metsi.