Baebele ya Reng
A go Siame go Dirisa Direto Tsa Tlotlo?
FA BAKERESETE ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ntse ba tsweletse ka ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi le go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, ba ne ba kopana le badiredibagolo ba puso—ba maemo a a kwa tlase le ba maemo a a kwa godimo. Balatedi ba ga Jesu ba ne ba sa dirise direto go farologanya maemo a bone fa ba ne ba bitsana. Le fa go ntse jalo, go ne go tlwaelegile mo nakong ya bogologolo gore batho ba ba nang le maemo ba bidiwe ka direto tse di rileng. Mmusimogolo wa kwa Roma o ne a bidiwa “Aguseto yo Mogolo.”—Ditiro 25:21.
Ka jalo, fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla fa pele ga badiredibagolo ba ne ba leba jang go dirisa direto tsa tlotlo? Mme rona re tshwanetse go di leba jang?
Tlotlo, e Seng Kamogelo
Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola badumedi ka ene gore ba ‘neye botlhe ditshwanelo tsa bone, . . . yo o tshwanetsweng ke tlotlo, tlotlo e e ntseng jalo.’ (Baroma 13:7) Seno se ne se akaretsa go bitsa badiredibagolo ka direto tse di ba tshwanetseng. Gompieno direto tse di jaaka Motlotlegi di tlwaelegile fa mongwe a bitsa motho yo o nang le maemo mo pusong. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka botsa gore ‘Nka bitsa jang motho motlotlegi fa ke belaela gore boitsholo jwa gagwe ga bo tlotlege?’
Batho ba le bantsi ba ba nang le maemo mo pusong ba dira ditiro tsa bone ka manontlhotlho mme gone ga se botlhe ba ba ka ikanngwang. Le fa go ntse jalo, Baebele e re rotloetsa gore re ikobele dikgosi le babusi “ka ntlha ya Morena.” (1 Petere 2:13, 14) Ka gone, go lemoga gore Modimo o letlile motho yoo gore a nne mo boemong joo a leng mo go jone, go tla re tlhotlheletsa gore re bontshe motho yoo tlotlo e e mo tshwanelang.—Baroma 13:1.
Boitsholo jwa badiredibagolo ga bo amege mo kgannyeng eno. Seo ga se lone lebaka la go bo re tshwanetse go ba tlotla. Go bitsa modiredimogolo ka sereto sa tlotlo ga go reye gore o amogela tsela e a itshwarang ka yone. Seno se bonala mo tiragalong nngwe e e neng ya diragala mo botshelong jwa ga moaposetoloi Paulo.
Tsela e Paulo a Neng a Dirisa Direto ka Yone
Moaposetoloi Paulo o ne a tshwarwa kwa Jerusalema a bo a latofadiwa ka maaka mme a isiwa kwa pele ga Felise, mmusi wa kwa Judea. Felise e ne e se mmusi yo o tlhomang sekao se se molemo. Mokwalahisitori wa Moroma e bong Tacitus o ne a kwala gore Felise “o ne a akanya gore a ka dira bosula bongwe le bongwe a bo a sa otlhaiwe.” O ne a amegile thata ka go bona pipamolomo go na le go diragatsa tshiamiso. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di le pedi tse Paulo a neng a tshwerwe ka tsone, o ne a bontsha go tlotla mmusi yono mme banna ba babedi bano ba ne ba buisana ka makgetlho a le mmalwa—Felise a solofetse gore o ne a tla newa madi a pipamolomo, mme ga a ka a newa, mme Paulo o ne a dirisa tshono eno go rera.—Ditiro 24:26.
Fa Feseto a ne a tlhatlhama Felise, mmusi yo mosha o ne a reetsa kgetsi ya ga Paulo kwa Kaesarea. E le gore a bone kamogelo ya baeteledipele ba Bajuda, Feseto o ne a akantsha gore Paulo a sekisediwe kwa Jerusalema. Mme Paulo o ne a itse gore ga a ne a atlholwa ka tshiamiso koo, ka jalo o ne a dirisa ditshwanelo tsa gagwe tsa go nna moagi wa kwa Roma a bolela jaana: “Ke ikuela kwa go Kaesara!”—Ditiro 25:11.
Feseto o ne a sa tlhomamisega gore a ka tlhalosetsa jang Kaesara ditatofatso tse di kgatlhanong le Paulo, mme o ne a thusiwa ke Kgosi Ageripa II fa a ne a mo etela mme a bo a bontsha gore o kgatlhegela go nna le seabe mo kgetsing eo. Mo letsatsing le le latelang, Kgosi e ne ya tsena mo ntlong ya theeletso e patilwe ke balaodi ba masole le banna ba ba tlotlometseng mo motseng.—Ditiro 25:13-23.
Fa Paulo a ne a kopiwa gore a bue, o ne a dirisa sereto sa “Kgosi” mo mafokong a gagwe a a simololang mme o ne a bontsha gore o lemoga gore Ageripa e ne e le setswerere mo mekgweng le mo dikganetsanong tsa Bajuda. (Ditiro 26:2, 3) Ka nako eo, go ne go itsiwe gongwe le gongwe gore Ageripa o ne a na le kamano ya matlhabisaditlhong le morwadiarraagwe. Ga go na pelaelo gore Paulo o ne a itse gore Ageripa o ne a itsege ka boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a mo naya tlotlo e e neng e mo tshwanetse jaaka kgosi.
Fa Paulo a ntse a iphemela, Feseto o ne a goa a re: “O a tsenwa Paulo!” Go na le gore Paulo a galefe o ne a mo araba a ritibetse a bitsa mmusi yono “Motlotlegi.” (Ditiro 26:24, 25) Paulo o ne a mmontsha tlotlo e e neng e tshwanela boemo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, dikai tseno di tsosa potso e e reng, A go na le selekanyo malebana le tlotlo e re tshwanetseng go e bontsha badiredi ba bagolo?
Tlotlo e e Lekanyeditsweng
Taolo ya dipuso e lekanyeditswe fela jaaka go tlhalositswe mo go Baroma 13:1 e e reng: “Balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone.” Ka jalo, tlotlo e e neelwang baemedi ba dipuso le yone e lekanyeditswe. Jesu o ne a tlhomamisa selekanyo sa tlotlo e e neng e tshwanetswe go newa ba bangwe fa a ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, wa selegodimo. Le gone lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.”—Mathaio 23:8-10.
Go na le pharologano fa go tla mo go tlotleng motho o dirisa direto tsa bodumedi le direto tse di tlwaelegileng. Fa badiredi ba bagolo ba dirisa direto tsa bodumedi, kgakololo ya ga Paulo ya go ba naya tlotlo ka go ba bitsa ka direto tse di ba tshwanetseng, e ka se dire. Motho yo o latelang kgakololo ya Dikwalo o tla bontsha badiredi bano tlotlo. Le fa go ntse jalo, segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele se tla mo rotloetsa gore a ithibe mo go diriseng direto tsa bodumedi, e re ka a tshwanetse go “duela Modimo dilo tsa Modimo.”—Mathaio 22:21.
A O KILE WA IPOTSA GORE. . .
◼ Balatedi ba ga Jesu ba ne ba leba jang balaodi ba bagolo?—Baroma 13:7.
◼ A moaposetoloi Paulo o ne a dirisa direto tsa tlotlo fa a ne a bua le balaodi?—Ditiro 25:11; 26:2, 25.
◼ Ke direto dife tse Jesu a neng a re re se ka ra di dirisa?—Mathaio 23:8-10.
[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]
Paulo o ne a bitsa Ageripa a re ke mang?