Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼ Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, palo ya masetlapelo a tlholego e oketsegile go menagane ganè. Batho ba ba fetang dimilione di le 250 ba a amega ngwaga le ngwaga.—EL UNIVERSAL, MEXICO.
◼ “Diphefo tse di foketseng ruri, tse di fokang thata kwa Pacific, mo dingwageng tse di fetileng di kokoantse mokoa o mogolo wa matlakala.” Gone jaanong lefelo le le nang le matlakala ano le bogolo jo bo lekanang le Australia.—LA DÉPÊCHE DE TAHITI, TAHITI.
◼ Go ntsha dilitara di le 50 tsa setukisi se se dirilweng ka fosele se se tla dirisiwang mo koloing e e pegang batho go tlhokega dikilogerama di le 200 tsa mmidi—“mmidi o o lekaneng go ka fepa motho a le mongwe ngwaga otlhe!”—GAZETA WYBORCZA, POLAND.
Dibaebele Tse di Gatisitsweng Kwa China
Ye Xiaowen, yo e leng tlhogo ya State Administration for Religious Affairs a re: “China e setse e le nngwe ya dinaga tse di gatisang palo e kgolo ya Dibaebele mo lefatsheng.” Khampani nngwe e e gatisang ya kwa China e e kwa Nanjing, e e leng motsemogolo wa Porofense ya Jiangsu e ile ya nna le phitlhelelo e kgolo ya go gatisa Dibaebele tse di feletseng di le dimilione di le 50. Go ya ka People’s Daily Online, “Mo dingwageng tsa bosheng jaana [khampani] eno e gatisitse dikhopi tsa Dibaebele tse di ka nnang dimilione di le tharo ka ngwaga.” Go begiwa fa palo ya batho ba ba ipitsang Bakeresete kwa China e gola.
Go Utswiwa ga Ditshwantsho
Makasine wa Russky Newsweek o bega jaana: “Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng kwa Russia, dikereke tse di fetang 1 000 di ile tsa kgothosiwa.” Lephata la Merero ya Selegae la kwa Russia le begetswe gore go utswitswe ditshwantsho tse di ka nnang 40 000. Gone jaanong, go dirilwe tumalano fa gare ga Lephata leno le Kereke ya Russian Orthodox, gore ditshwantsho tsotlhe tsa kereke di tla tshwaiwa ka letshwao le le kgethegileng, le le tla bonalang fela fa le lebiwa ka lesedi la ultraviolet. Seno se tla thusa babatlisisi go itse gore beng ba ba tshwanelang ba ditshwantsho tse di bonweng ke bomang. Makasine wa Russky Newsweek wa re Ditlhogo tsa Kereke tsa Moscow di amogela kgato e e tsewang eno “ka gonne letshwao la ‘selefatshe’ le ka se ka la ama dinonofo tsa kgakgamatso tsa setshwantsho.”
Dintwa di Kgaritlha Matlotlo a Afrika
Lokwalodikgang lwa International Herald Tribune lwa re: “Mo dingwageng tse di fa gare ga 1990 le 2005, dinaga di le 23 tsa mo Afrika di ne di amegile mo dintweng mme ditshenyegelo tse di bakilweng ke dintwa tseno e nnile diranta tse di ka nnang dibilione di le 2,3.” Poresidente ya kwa Liberia e bong Ellen Johnson-Sirleaf a re: “Madi a Afrika e a dirisang a ka duelela ditshenyegelo tsa go rarabolola mathata a HIV le AIDS mo Afrika, kgotsa a thusa go duelela thuto le metsi, thibelo le kalafi ya thiibi le malaria. Tota go ka bo go ile ga agiwa dikokelo, dikolo le ditsela tse dintsintsi.” Lokwalodikgang loo lo konela ka gore, fa go ka bo go se na ntwa, Afrika “e ka bo e ne e le kontinente e e atlegileng go na le gore e bo e le kontinente e e humanegileng go gaisa mo lefatsheng.”
Go Robala go Sekaenyana Go ka Go Solegela Molemo
Patlisiso nngwe e e dirilweng mo banneng le mo basading ba ba fetang 23 000 ba Bagerika e ile ya swetsa gore go robala go sekaenyana motshegare bobotlana gararo ka beke go ka fokotsa kotsi ya go swa ka ntlha ya go ema pelo ka diperesente di le 37. Dimitrios Trichopoulos, mmatlisisi e bile e le ngaka ya malwetse a a anamang kwa Harvard School of Public Health, U.S.A. o tlhalosa jaana: “Go na le bosupi jo bontsi jwa gore go ngomoga pelo go go tseneletseng le go go sa foleng go amana thata le bolwetse jwa pelo.” A re: “Go robala go sekaenyana thapama go ka dira gore go ngomoga pelo go fele mme ga fokotsa dintsho tse di amanang le bolwetse jwa pelo.”