Fa go Le Thata go Bona Katlego
E ne e le seopedi se se tlhomologileng mo masimologong a dingwaga tsa gagwe tsa bo20, e bile o ne a humile thata. Ga se batho ba le bantsi ba ba tumang le go atlega jaana mo go tsa madi ba sa ntse ba le bannye jalo. Mme le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa simolola go senyega mo botshelong jwa gagwe. Morago ga manyalo a mabedi a a sa atlegang o ne a tshwanelwa ke go nna nako e telele a le kwa ditheong tse di neng di mo thusa go fola mo go tshwakgolweng ke bojalwa le diokobatsi. Botshelo jwa gagwe jotlhe bo ile jwa simolola go senyega.
KA MASWABI, kgang ya mosadi yo mosha yono e tlwaelegile; gantsi go na le dikgang tse di utlwisang botlhoko ka batho ba ba tumileng mo metsweding ya dikgang. Tota le mo bathong ba kgwebo ba go sa itsiweng mo gontsi ka bone, batho ba go bonalang ba atlegile gantsi ba na le mathata mo matshelong. Pego nngwe ya lokwalodikgang longwe e ne ya bolela jaana malebana le batho ba ba atlegileng thata mo go tsa kgwebo kwa New York: “[Go] gagamalela go nna le merokotso e megolo go senya ditiro tsa batho tsa botshelo jotlhe, go thuba malapa mme seno se dira gore batho ba ba dirang kgwebo ya diokobatsi ba nne ba tshwaregile . . . Le fa gone madi a a oketsegileng a a bonwang ke borabanka ba kwa Wall Street a dira gore ba ikutlwe ba nonofile, ba bangwe ba tshwenyega thata mo maikutlong ka ntlha ya kgatelelo ya go batla go dira bojotlhe mme ba bangwe bone ba palelwa gotlhelele go tswelela pele.”
A mathata a a ntseng jalo a nna teng ka go bo batho ba batla boitumelo le katlego ka ditsela tse di sa tshwanelang? Gone ke boammaaruri gore re tlhoka madi gore re tshele. A mme gone go atlega ga rona mo botshelong go ikaegile ka go kokoanya dikhumo? Dipatlisiso di bontsha gore ga go a nna jalo. Ka sekai, patlisiso nngwe ya kwa China e ne ya bontsha gore bosheng jaana fa palogare ya lotseno e oketsega ka diperesente di le 250, batho ba ne ba simolola go sa tlhole ba kgotsofalela botshelo.
Ka jalo he, se se bontshang gore motho o atlegile go le kana kang ga e a tshwanela go nna tiro ya boitshediso le gore ntlo, koloi kgotsa tshupanako ya motho e tura go le kana kang. A ga go utlwale gore katlego ya motho e ikaege ka se tota motho a leng sone, go akaretsa le melaometheo e a tshelang ka yone le gore maikaelelo a gagwe ke eng mo botshelong? Ka sekai, motho a ka tswa a le botlhale e bile a na le tlhotlheletso mo setšhabeng mme a bo a na le boitsholo jo bo repileng, a se na lorato e bile a se na ditsala tsa mmatota. Yo mongwe a ka tswa a tumile e bile a humile mme fa a leba botshelo jwa gagwe a bo a ipotsa gore, ‘Ke bereketse eng? Ke tshelela eng?’
Ka jalo, ga go na pelaelo gore batho ba ba atlegileng tota, ba tla thaya matshelo a bone mo go sengwe se se botlhokwa thata go akaretsa le melaometheo e e siameng e e ba kaelang. Ka jalo, ba tla nna le kagiso ya mogopolo, ba tla itlotla e bile ba tla tlotla batho ba bangwe. Mme gape ba tla bo ba na le boikaelelo mo botshelong, ba sa ikgatlhegele ba le bosi fela mme ba tshela botshelo jo bo nang le bokao e bile bo kgotsofatsa. Bangwe ba ka nna ba botsa gore ‘Ke melaometheo efe eo? Le boikaelelo jwa eng?’ A re ka bona dikarabo tsa dipotso tse di ntseng jalo ka borona fela kgotsa a re tshwanetse go di batla go sele? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseo.
[Lebokoso mo go tsebe 3]
BOIKUTLO JO BO SA SIAMANG KA KATLEGO
Go ya ka babatlisisi ba kalafi, baatleletiki ba ba oketsegileng ba ba sa ntseng ba le basha ba dirisa diokobatsi tse di kotsi tse di thusang motho go dira sentle mo metshamekong gore ba tle ba kgone go ntsha ga tshwene. Education Update e e mo Internet e ne ya bega jaana: “Fa baithuti ba kholetšhe mo patlisisong ya bosheng ba ne ba bodiwa jaana: ‘Fa o ne o itse gore o tla fenya kgotsa o tla amogelwa mo setlhopheng fa o ka dirisa diokobatsi tse di ileditsweng, mme mo dingwageng tse tlhano o bo o lwala, a o ne o sa ntse o ka di dirisa?’ mo e ka nnang botlhe ba ne ba araba ka gore ee. Fa potso eo e ne e fetolwa go nna gore ‘fa e le gore o ne o itse gore o tla swa mo dingwageng di le tlhano, a o ne o tla tswelela o di dirisa?’ diperesente di le 65 di ne tsa araba gape ka gore ee.”