LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/09 ts. 3-4
  • A re Felelwa ke Metsi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A re Felelwa ke Metsi?
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Lefatshe le Felelwa ke Metsi?
    Tsogang!—2001
  • Kwa Bothata bo Leng Bogolo Teng
    Tsogang!—1997
  • Metsi Otlhe a Ile Kae?
    Tsogang!—2001
  • Go Batla Metsi a Botshelo
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 1/09 ts. 3-4

A re Felelwa ke Metsi?

Go ya ka seane sengwe sa Se-Uzbek, “fa o felelwa ke metsi, o felelwa ke botshelo.” Bomankge bangwe ba ka re mafoko ao a bonala e le polelelopele go na le gore e nne seane. Ngwaga mongwe le mongwe go swa batho ba ba ka nnang dimilione di le pedi ka ntlha ya go sa tlosiwe sentle ga leswe la matlwana a boithomelo le ka ntlha ya metsi a a kgotletsweng mme diperesente tse 90 tsa batho ba ba swang ka ntlha ya seno ke bana.

WENA o bona jang metsi? A o bula pompo fela mme a bo a tswa? Kgotsa jaaka go tlwaelegile mo dinageng dingwe, a o tlhoka go tsamaya sekgala se seleele, o lete mo moleng mme go tswa foo o bo o boela gae o rwele kgamelo e e boima ya seedi se se botlhokwa seno? A go go tsaya diura di le mmalwa letsatsi le letsatsi e le fela gore o bone metsi a a lekaneng a go tlhatswa le a go apaya? Mo dinageng di le dintsi, metsi a tlhaela thata ka tsela eo, e bile go boima tota go a bona! Mo bukeng ya gagwe ya Water Wars—Drought, Flood, Folly, and the Politics of Thirst, Diane Raines Ward o bolela gore, diperesente di le 40 tsa baagi ba lefatshe “ba bona metsi a bone go tswa mo didibeng, mo dinokeng, mo megobeng kgotsa mo meseleng e e ka kwa ntle ga matlo a bone.” Mo dinageng dingwe, basadi ba ka dirisa mo e ka nnang diura di le thataro go ya go gela ba malapa a bone metsi, ba goga dilo tse di rwalang metsi tse e reng fa di tletse, di ka nnang tsa nna boima jwa dikilogerama di le 20.

Boammaruri ke gore, baagi ba lefatshe ba ba fetang nngwetharong ba na le mathata a a masisi a metsi le a go tlosiwa ga leswe la matlwana a boithomelo. Bothata jono bo masisi thata mo Afrika, mo batho ba le barataro mo go ba le lesome ba se nang le e leng ntlwana e e siameng ya boithomelo—sengwe se go ya ka pego nngwe ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo se oketsang “go anamisiwa ga dibakateria, dibaerase le diparasaete tse di fitlhelwang mo mantleng a batho . . . a a kgotlelang mafelo a metsi a tswang mo go one, mmu le dijo.” Pego eo e bolela gore, kgotlelo e e ntseng jalo, “ke yone e bakang thata letshololo le e leng lebaka la bobedi le legolo la go bo bana ba mo dinageng tse di tlhabologang ba swa mme e baka malwetse a magolo a a jaaka kholera, schistosomiasis le trachoma.”

Metsi a ntse a bidiwa seedi sa gauta, lookwane la lekgolo la bo21 la dingwaga. Le fa go ntse jalo, ditšhaba di senya seedi seno se se botlhokwa mo e leng gore dinoka tsa tsone tse dikgolo di salelwa ke go le gonnye thata go di ka go tshelang mo lewatleng. Fa go nosediwa ga naga le go mowafala go ntse go ya magoletsa, dinoka tse dikgolo di a kgala, go akaretsa Noka ya Colorado kwa bophirima jwa United States, ya Yangtze kwa China, ya Indus kwa Pakistan, ya Ganges kwa India, le ya Nile kwa Egepeto. Go dirilwe eng go fokotsa mathata ano? Tharabololo ya mmatota ke eng?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 3]

METSI A BATHO BA TLAMELWANG KA ONE A A FELA

◼ “Aral Sea kwa Bogare jwa Asia e ne e le letsha la bonè ka bogolo mo lefatsheng ka 1960. Ka 2007 le ne le kgadile ka diperesente di le lesome go na le kafa le neng le le ka teng pele.”—Scientific American.

◼ Matsha a Magolo a matlhano a kwa United States le Canada—Letsha la Erie, la Huron, la Michigan, la Ontario le la Superior—a fokotsega ka “lobelo lo lo boifisang.” —The Globe and Mail.

◼ Ka nako nngwe tshilo ya raese ya kwa Deniliquin kwa Australia e ne e tlamela batho ba le dimilione di le 20 ka raese. Le fa go ntse jalo, gone jaanong sejalo seno sa raese se fokotsegile ka diperesente di le 98, e bile tshilo eno e ile ya tswalwa ka December 2007. Ke eng se se bakileng seno? “Dingwaga tse thataro tse di telele tsa leuba.”—The New York Times.

[Setshwantsho]

Mokoro o o tlogetsweng fela kwa Aral Sea

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Marcus Rose/Insight/Panos Pictures

[Lebokoso/Dimmapa mo go tsebe 4]

“GO KGADISIWA GA DINOKA LE MELATSWANA”

“Letsha la Chad la mo Afrika, le e kileng ya bo e le selo se basutlhalefaufau ba neng ba kgona go se bona motlhofo fa ba dikologa lefatshe, gone jaanong go thata go le bona. Letsha leno le le dikologilweng ke [Cameroon,] Chad, Niger le Nigeria . . . , le fokotsegile ka diperesente di le 95 fa e sa le ka bo1960. Tlhokego e kgolo ya metsi a go nosetsa mo lefelong leno e kgadisitse melatswana le dinoka tse di tlamelang letsha leno gore le tswelele le le gone. Ka ntlha ya seno, go ise go ye kae Letsha la Chad le ka nna la nyelela gotlhelele, mme dikokomana tse di latelang di tla bo di sa itse gore le ne le le fa kae.”—Plan B 2.0—Rescuing a Planet Under Stress and a Civilization in Trouble, by Lester R. Brown.

[Dimmapa]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

■ Metsi

☒ Dimela

□ Lefatshe

1963

NIGER

CHAD

Letsha la Chad

NIGERIA

CAMEROON

2007

NIGER

CHAD

Letsha la Chad

NIGERIA

CAMEROON

[Motswedi wa Setshwantsho]

NASA/U.S. Geological Survey

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela