LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/09 ts. 5-7
  • Bothata Jwa Metsi—Go Dirwa Eng ka Jone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bothata Jwa Metsi—Go Dirwa Eng ka Jone?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tharabololo ya Mmatota
  • A Lefatshe le Felelwa ke Metsi?
    Tsogang!—2001
  • Kwa Bothata bo Leng Bogolo Teng
    Tsogang!—1997
  • Go Batla Metsi a Botshelo
    Tsogang!—2001
  • Metsi Otlhe a Ile Kae?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 1/09 ts. 5-7

Bothata Jwa Metsi—Go Dirwa Eng ka Jone?

Bothata jwa metsi bo aname mo lefatsheng lotlhe. Bo tsenya botsogo jwa dibilione tsa baagi ba lefatshe mo kotsing. Ke eng se se dirilweng go dira gore batho ba boe ba nne le metsi a a lekaneng?

AFRIKA BORWA: Setlhogo sengwe se segolo sa makasine wa Science se ne sa itsise jaana: “Bahumanegi ba kwa Durban ba Bona Metsi A ba Sa Bolong go a Timiwa.” Setlhogo seo se ne sa bega gore batho ba ba humanegileng ba ba nnang koo ba ne ba ntse ba se na metsi a a lekaneng ka dingwaga di le dintsi ka ntlha ya tsamaiso ya bopolotiki ya tlhaolele ya mebuso ya nako e e fetileng. Setlhogo seo sa re, ka 1994, “malapa a le kwatara ya milione a kwa kgaolong ya Durban a ne a se na metsi a a phepa kgotsa thulaganyo ya go tlosa leswe la ntlwana boithomelo.”

Go baakanya bothata jono, ka 1996, moenjiniri mongwe o ne a simolola thulaganyo e e neng e ka kgona go thusa lelapa lengwe le lengwe ka dilitara di le 200 tsa metsi letsatsi le letsatsi. Matswela e nnile eng? Makasine wa Science o bega jaana: “Ke batho ba le 120 000 fela mo baaging ba le dimilione di le 3,5 ba kwa Durban ba ba sa kgoneng go bona metsi a a phepa.” Gone jaanong, motho o kgona go tsamaya bobotlana sekgala se sekhutshwane go bona metsi mme seno ke botswelelopele jo bogolo jo bo dirilweng fa seemo se bapisiwa le nako e e fetileng fa batho ba ne ba tlhoka go rwala metsi sekgala sa kilometara e le nngwe.

Makasine wa Science o tlhalosa gore go rarabolola bothata jono, “matlwana a bogologolo a boithomelo a dikhuti a kwa ntle” a tseelwa sebaka ke mofuta wa “matlwana a boithomelo a a nang le mesima e mebedi a go tweng ke urine-diversion (UD), a a kgaoganyang motlhapo le mantle go dira gore mantle a kgone go oma le go bola ka bonako.” Mo masimologong a 2008, go ne go setse go tsentswe matlwana a boithomelo a UD a a ka nnang 60 000, le fa gone ka nako eo go ne go rulagantswe gore go tla tsaya dingwaga tse dingwe tse pedi pele ga matlo otlhe a ka kgona go nna le matlwana a a siameng a boithomelo.

Brazil: Kwa toropong ya Salvador, bana ba le makgolokgolo ba ne ba na le malwetse a letshololo ka ntlha ya go tlhokega ga matlwana a boithomelo le thulaganyo ya diphaepe tse di ntshang leswe la matlwana ao.a Go baakanya bothata jono, toropo eno e ne ya tsenya diphaepe tse di tsamaisang leswe tse di boleele jwa dikilometara di le 2 000 mo matlong a a fetang 300 000. Matswela e nnile afe? Selekanyo sa bolwetse jwa letshololo se ile sa fokotsega ka diperesente di le 22 go ralala toropo yotlhe le ka diperesente di le 43 mo mafelong a pele bolwetse jono bo neng bo le bontsi mo go one.

India: Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, ka dipaka tse di rileng tsa ngwaga, go na le metsi a mantsi a a phepa; mme ga se ka metlha a bolokiwang gore a tle a dirisiwe sentle. Le fa go ntse jalo, ka 1985 setlhopha sengwe sa basadi ba Baindia kwa kgaolong ya Dholera kwa bokonebophirima jwa naga ya Gujarat, ba ne ba simolola mokgwa o o botlhale wa go boloka metsi. Ba ne ba rulaganya setlhopha se se neng se tla aga mogobe o o tla tshwarang metsi, o fa o neng o feditswe go agiwa, o tla lekanang le lebala la kgwele ya dinao. Morago ga foo ba ne ba tsenya polasitiki e e thata mo teng ga mogobe oo gore o se ka wa dutla. Kgato e ba e tsereng e ne ya atlega. Tota e bile, dikgwedi di le mmalwa fa paka e pula e nang thata ka yone e sena go fela, ba ne ba sa ntse ba na le metsi—le fa gone ba ne ba “dumeletse baagelani ba bone gore le bone ba a nwe.”

Chile: Naga eno ya Amerika Borwa e boleele jwa dikilometara di le 4 265, go bapa le lotshitshi lwa Pacific kwa bophirima le Dithaba tsa Andes kwa botlhaba. Puso eno e laola ditshwanelo tsotlhe tsa go nna le metsi le go agiwa ga matamo le mesele. Matswela e nnile eng? Gone jaanong diperesente di le 99 tsa baagi ba toropo eno le diperesente di le 94 tsa batho ba ba nnang mo nageng eo ba amogela metsi a a lekaneng.

Tharabololo ya Mmatota

Go bonala naga nngwe le nngwe e na le tsela e e rarabololang bothata jwa metsi ka yone. Mo dinageng dingwe tse go nang le diphefo tse di fokang sentle ka metlha, mafetlho a phefo a dira gore metsi a tlhatlogele kwa godimo mme e bile a thusa le go fetlha motlakase. Mo dinageng tse di humileng, go ntsha letswai mo metsing a lewatle le gone go tsewa e le tharabololo e e molemo. Mo mafelong a le mantsi matamo a magolo a boloka metsi a dinoka le a pula e leng tsela e e itshupileng e thusa, tota le fa mabolokelo a metsi mo mafelong a a omileng a ka tswa a latlhegelwa ke diperesente di le lesome tsa metsi a one ka go mowafala.

Basupi ba ga Jehofa, ba e leng bagatisi ba makasine ono, ba dumela gore Modimo ke ene a nang le tharabololo ya mmatota ya bothata jwa metsi e seng batho. Baebele ya re: “Lefatshe ke la ga Jehofa [Modimo] le se se le tladitseng, naga e e ungwang le ba ba nnang mo go yone. Gonne o le tlhomile ka thata mo godimo ga mawatle, mme o nna a le tlhomamisitse thata mo dinokeng.”—Pesalema 24:1, 2.

Gone ke boammaaruri gore Modimo o file batho boikarabelo jwa go tlhokomela polanete eno. (Genesise 1:28) Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo batho ba sa dirise matlotlo a lefatshe sentle le ditlamorago tse di sa itumediseng tse di nnileng teng di neela bosupi jo bo oketsegileng jwa gore “ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

Jehofa o tla dira eng go dira gore lefatshe le boele gape mo seemong sa lone se se itekanetseng? Baebele e re tlhomamisetsa gore o ikaeletse go “dira dilo tsotlhe disha.” (Tshenolo 21:5) Akanya ka lefatshe le mo go lone go se nang lehuma, komelelo le tlhaelo ya metsi. Akanya ka lefatshe le le se nang merwalela e e bakiwang ke dipaka tsa fa pula e na thata, e gompieno e gogolang matshelo a le diketekete ngwaga le ngwaga. Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tse dintsi fa Bogosi jwa gagwe bo busa! Jehofa ka boene o ne a bolela jaana: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo jwa go baakanya lefatshe la rona, jaaka go tlhalositswe mo Lefokong la gagwe e leng Baebele? Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore o ka dira seo jang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ngwaga le ngwaga go ralala lefatshe, bana ba ba ka nnang dimilione di le 1, 6 ba swa ka ntlha ya malwetse a letshololo. Palo eo e feta palo ya batho ba ba swang ka ntlha ya malwetse a AIDS, thiibi le malaria a kopane.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Fa go se na metsi, ga go na botshelo . . . Botshelo jwa rona bo ikaegile ka metsi.” —Michael Parfit, mokwadi yo o kwalelang National Geographic

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Go ntsha tone e le nngwe ya dijo tsa ditlhaka go tlhokega ditone di le 1 000 tsa metsi

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Diperesente di le 70 tsa metsi a a dirisiwang a lefatshe a dirisediwa go nosetsa.”—Plan B 2.0, ka Lester R. Brown

[Dikerafa/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go na le metsi a a kana kang a a se nang letswai?

Metsi Otlhe

97,5% Metsi a a letswai

2,5% Metsi a a se nang letswai

Metsi a a se nang letswai

99% A khurumeditswe ke dikgapetlakedi le dithabakgapetla tsa aese kgotsa a kafa tlase ga lefatshe

1% E dirisiwa ke batho ba ba ka nnang dibilione di le supa le ditshedi tse dingwe di le dibilionebilione

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go tsenngwa ga diphaepe gore go bonwe metsi a a phepa kwa Durban, mo Afrika Borwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy eThekwini Water and Sanitation Programme

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basadi ba ba berekang mo porojekeng ya go boloka metsi a pula kwa Rajasthan kwa India, 2007

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Robert Wallis/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Batho ba ba nnang mo motseng o o gaufi le Copán kwa Honduras ba bereka mo thulaganyong e ntšha ya metsi e e tla thusang motse wa bone

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Sean Sprague/SpraguePhoto.com

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela