LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/09 ts. 8-9
  • Metsi A a Ka Dirang Gore o Bone Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Metsi A a Ka Dirang Gore o Bone Botshelo
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Bua le Mosadi Kwa Sedibeng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Metsi a a Pomponyegang go Naya Botshelo Jo bo Sa Khutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • O Ruta Mosadi wa Mosamaria
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Mosadi Kwa Sedibeng
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 1/09 ts. 8-9

Metsi A a Ka Dirang Gore o Bone Botshelo

Jesu o ne a tsamaile go ralala Samarea, e e leng kwa bokone jwa Jerusalema. O ne a lapile e bile a nyorilwe. Fa a ntse a dutse mo sedibeng, o ne a kopa mosadi wa Mosamarea gore a mo gele metsi. Mosadi yono o ne a tshogile go utlwa Mojuda a mo kopa metsi, ka gonne mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le letlhoo magareng ga Bajuda le Basamarea.

Mosadi yono yo o akabetseng o ne a botsa Jesu jaana: “Go tla jang gore wena, le fa o le Mojuda, o bo o nkopa gore ke go nose, le mororo nna ke le mosadi wa Mosamarea?”

Jesu o ne a araba jaana: “Fa o ne o itsile mpho ya mahala ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re, ‘Ntshiele ke nwe,’ o ka bo o kopile ene, mme o ka bo a go neile metsi a a tshelang.”

Jesu o ne a tswelela go mo tlhalosetsa jaana: “Mongwe le mongwe yo o nwang metsi ano o tla nyorwa gape. Le fa e le mang yo o nwang metsi a ke tla a mo nayang ga a kitla a nyorwa ka gope, mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna mo go ene motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 4:1-15.

Jesu o ne a bua ka metsi afe?

BAEBELE e bitsa Mmopi e bong Jehofa Modimo, e re ke “motswedi wa metsi a a tshelang.” (Jeremia 2:13) Botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong, mme bo ikaegile ka gore re amogele metsi a a re nayang one ka tsela ya mmatota le ka tsela ya semoya.

Ga go ise go ke go tlhokege kaelo ya semoya thata jaaka gompieno. Ee, go ka twe polanete ya rona e tlhasetswe ke komelelo ya semoya. Batho ba batla dikarabo tsa dipotso tse di jaaka: Baswi ba kae? A go na le tsholofelo ya gore re tla boa gape re kopana le bone nako nngwe? Ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga? A mo isagweng ntwa, bokebekwa, leuba le bolwetse di tla fela? Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno di ka bonwa mo “metsing” a a lapolosang a Lefoko la Modimo e leng Baebele.

Fa Jesu a ne a bua le mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng, jaaka go tlhalositswe pelenyana, o ne a umaka metsi a a nayang botshelo a boammaaruri a re ka a fitlhelang a elela mo Lefokong la Modimo. Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa gore o latswe metsi a a phepa a boammaaruri. Taletso eno e tlhalosiwa jaana mo bukeng ya bofelo ya Baebele: “Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.”—Tshenolo 22:17.

Go oketsa kitso ya gago malebana le kafa Bogosi jwa Modimo bo tla solegelang batho molemo ka gone, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo Holong ya Bogosi e e gaufi le fa o nnang gone kgotsa kwalela kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono. O ka ya gape le mo atereseng ya Internet ya www.watchtower.org.

[Lebokoso mo go tsebe 8, 9]

A BODUMEDI BO TIMOTSE LENYORA LA BATHO?

Metsi a a lapolosang a boammaaruri a ka se ka a bonwa fela ka go ya kwa kerekeng kgotsa ka go bolela gore o modumedi. Boammaaruri ke gore madumedi a mantsi a magolo a segompieno a ile a oketsa mathata a batho go na le go a rarabolola. Akanya ka sekai se le sengwe: Ka dinako tsa ntwa, Bakatoliki ba ne ba bolaya Bakatoliki, Baporotesetanta ba bolaya Baporotesetanta—matlhakore oomabedi a ikuela mo Modimong gore a ba thuse gore ba fenye!

Mo godimo ga moo, go na le dipego tse dintsi tsa matlhabisa ditlhong a mantsi a mo go one baruti ba neng ba dirisa madi ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa ba sotla bana ka tlhakanelodikobo. Ee ruri, metsi a a anamisiwang ke madumedi a mantsi a kgotletswe. (Tshenolo 17:4-6; 18:1-5) Seemo seno se tlhalosiwa jaana mo Baebeleng mo go Tito 1:16: “Ba bolela phatlalatsa gore ba itse Modimo, mme ba mo itatola ka ditiro tsa bone.” Mo makgetlhong a le mantsi, bodumedi ga bo a dira sepe go timola lenyora la batho mo dinakong tseno tsa komelelo ya semoya.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Mo dikgaolong di le 19, buka ya ditsebe di le 224 ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e tlhalosa dikarabo tsa Baebele tsa dipotso tsa konokono tse di jaaka:

“Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe?”

“Baswi ba kae?”

“A re tshela ‘mo metlheng ya bofelo’?”

“Ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo?”

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

O ka kgona go bona ‘metsi a boammaaruri’ kwa Holong ya Bogosi e e mo lefelong la lona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela