LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 77 ts. 182-ts. 183 ser. 2
  • Mosadi Kwa Sedibeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mosadi Kwa Sedibeng
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Ruta Mosadi wa Mosamarea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O Ruta Mosadi wa Mosamaria
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O Bua le Mosadi Kwa Sedibeng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Metsi A a Ka Dirang Gore o Bone Botshelo
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 77 ts. 182-ts. 183 ser. 2
Jesu a bua le mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng sa ga Jakobe

THUTO 77

Mosadi Kwa Sedibeng

Nako nngwe morago ga Tlolaganyo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tsaya loeto ba kgabaganya Samarea ba boela kwa Galalea. Jesu o ne a ema gaufi le motse wa Sikara fa lefelong le le neng le bidiwa sediba sa ga Jakobe. Fa a ntse a ikhuditse, barutwa ba gagwe ba ne ba ya go reka dijo mo motseng.

Mosadi mongwe o ne a tla kwa sedibeng go tla go ga metsi. Jesu o ne a mo raya a re: ‘Ke kopa metsi.’ Mosadi yoo o ne a re: ‘Goreng o bua le nna? Ke mosadi wa Mosamarea. Bajuda ga ba bue le Basamarea.’ Jesu o ne a mo raya a re: ‘Fa o ne o itse gore ke nna mang, o ne o tla nkopa metsi mme ke ne ke tla go naya metsi a botshelo.’ Mosadi o ne a re: ‘O raya jang? Ga o na le kgamelo ya go ga metsi?’ Jesu o ne a re: ‘Motho yo o nwang metsi a ke mo nayang one ga a kitla a tsamaya a tshwara ke lenyora gape.’ Mosadi o ne a re: ‘Rra, nnaya metsi ao.’

Go tswa foo, Jesu o ne a mo raya a re: ‘Ke kopa o ye go bitsa monna wa gago.’ O ne a re: ‘Ga ke na monna.’ Jesu o ne a re: ‘O bua nnete. O nyetswe makgetlo a le matlhano mme monna yo o dulang le ene gone jaanong ga se wa gago.’ Mosadi o ne a re: ‘Ke a lemoga gore o moporofeti. Basamarea ba dumela gore re kgona go obamela Modimo mo thabeng eno mme Bajuda bone ba re re tshwanetse go obamela Modimo kwa Jerusalema fela. Ke dumela gore fa Mesia a tla, o tla re ruta gore re obamela Modimo jang.’ Jesu o ne a mmolelela sengwe se a iseng a se bolelele ope, o ne a re: ‘Ke nna Mesia.’

Jesu a bua le Mosamarea

Mosadi yoo o ne a itlhaganelela kwa motseng mme a raya Basamarea ba bangwe a re: ‘Ke akanya gore ke bone Mesia. O itse sengwe le sengwe ka nna. Tla lo mmoneng!’ Ba ne ba tla kwa sedibeng mme ba reetsa fa Jesu a ba ruta.

Basamarea ba ne ba kopa Jesu gore a se ka a tswa ka bonako mo motseng wa bone. Jesu o ne a fetsa malatsi a le mabedi a ba ruta mme ba le bantsi ba ne ba dumela mo go ene. Ba ne ba raya mosadi yono wa Mosamarea ba re: ‘Se monna yono a se buang se bontsha sentle gore ke ene a tlileng go boloka lefatshe.’

“‘Tla!’ mme a ope fela yo o nyorilweng a tle; a ope fela yo o batlang a tseye metsi a botshelo mahala.”​—Tshenolo 22:17

Dipotso: Goreng mosadi wa Mosamarea a ne a gakgametse fa Jesu a bua le ene? Jesu o ne a mo raya a reng?

Johane 4:1-42

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela