LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 19 ts. 48-ts. 51 ser. 4
  • O Ruta Mosadi wa Mosamarea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ruta Mosadi wa Mosamarea
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BASAMAREA BA LE BANTSI BA A DUMELA
  • O Ruta Mosadi wa Mosamaria
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Mosadi Kwa Sedibeng
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O Bua le Mosadi Kwa Sedibeng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Gerisima—‘Mo Thabeng Eno, Ke Gone Moo Re Neng Re Obamela Gone’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 19 ts. 48-ts. 51 ser. 4
Jesu o bua le mosadi wa Mosamarea fa sedibeng

KGAOLO 19

O Ruta Mosadi Wa Mosamarea

JOHANE 4:3-43

  • JESU O RUTA MOSADI WA MOSAMAREA LE BATHO BA BANGWE

  • KOBAMELO E MODIMO A E AMOGELANG

Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba le mo tseleng ba tswa Judea ba ya Galalea, ba feta mo kgaolong ya Samarea ba ya kwa bokone. Ba lapile. Mo e ka nnang motshegare, ba ema gaufi le motse wa Sikara gore ba ikhutse fa sedibeng. Go bonala Jakobe a ile a epa sediba seno kgotsa a hira batho gore ba se epe dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Le gompieno, sediba seno se sa ntse se le teng gaufi le toropo ya Nablus.

Fa Jesu a ikhutsa fa sedibeng seo, barutwa ba gagwe ba ya kwa motseng o o gaufi go ya go reka dijo. Fa ba sa ntse ba seyo, mosadi wa Mosamarea o tla go ga metsi. Jesu o mo raya a re: “Ntshiele metsi.”—Johane 4:7.

Jesu o ikhutsa fa sedibeng, barutwa ba gagwe ba a tsamaya, mme mosadi wa Mosamarea o tla go ga metsi

Ka tlwaelo fela, Bajuda le Basamarea ga ba dirisane ka ntlha ya go tlhaolana mo go sa leng go nnile teng bogologolo. Ka jalo, mosadi yono o a gakgamala a bo a mo raya a re: “Go tla jang gore wena o le Mojuda o bo o nkopa gore ke go siele metsi, mme nna ke le mosadi wa Mosamarea?” Jesu o mo raya a re: “Fa o ne o itsile mpho ya mahala ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re, ‘Ntshiele metsi,’ o ka bo o kopile ene gore a go siele, mme a ka bo a go neile metsi a botshelo.” Mosadi yono o mo raya a re: “Rra, ga o na le kgamelo ya go gelela metsi, e bile sediba se kwa teng. Jaanong metsi ao a botshelo o a tsaya kae? Ga o mogolo go feta rraaronamogolo Jakobe, yo o neng a re fa sediba seno le yo ene le bomorwawe le dikgomo tsa gagwe ba neng ba nwa mo go sone, gakere?”—Johane 4:9-12.

Jesu o mo raya a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metsi ano o tla nyorwa gape. Ope fela yo o nwang metsi a ke tla mo a nayang ga a kitla a nyorwa gotlhelele, mme metsi a ke tla mo a nayang a tla nna jaaka metsi a motswedi mo go ene a a mo nayang botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 4:13, 14) Le fa gone Jesu a lapile, o ikemiseditse go bolelela mosadi wa Mosamarea boammaaruri jo bo nayang botshelo.

Foo mosadi yono o mo raya a re: “Rra, ntshiele metsi ao, gore ke se ka ka tlhola ke nyorwa le gore ke se ka ka nna ke tla fano go tla go ga metsi.” Jaanong go bonala Jesu a fetola motlotlo wa gagwe a bo a mo raya re: “Tsamaya o ye go bitsa monna wa gago mme lo tle kwano.” Mosadi yono o mo raya a re: “Ga ke na monna.” Mme gone o tshwanetse a bo a gakgamadiwa ke se Jesu a se itseng fa a mo raya a re: “O bua boammaaruri fa o re, ‘Ga ke na monna.’ Gonne o nnile le banna ba le batlhano, mme monna yo gone jaanong o nang le ene ga se monna wa gago.”—Johane 4:15-18.

Mosadi yono o kgona go lemoga sentle bokao jwa se Jesu a sa tswang go se bua, mme o bua jaana a gakgametse: “Rra, ke a bona gore o moporofeti.” Go tswa foo o bontsha gore o kgatlhegela dithuto tsa boammaaruri. O bontsha seo jang? Ka go bua a re: “Borraaronamogolo [Basamarea] ba ne ba obamela Modimo mo thabeng [Thaba ya Gerisime, e e gaufi le foo] eno, mme lona [Bajuda] lwa re Jerusalema ke lone lefelo le batho ba tshwanetseng go mo obamela kwa go lone.”—Johane 4:19, 20.

Le fa go ntse jalo, Jesu o tlhalosa gore lefelo le batho ba obamelang mo go lone ga le botlhokwa. O mo raya a re: “Nako e etla e lo se kitlang lo obamela Rara mo thabeng eno kgotsa kwa Jerusalema.” Go tswa foo o tswelela a re: “Nako e etla, le jaanong e fitlhile, e mo go yone baobamedi ba boammaaruri ba tla obamelang Rara ka moya le ka boammaaruri, ka gonne eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo gore ba mo obamele.”—Johane 4:21, 23, 24.

Rara ga a lebelele lefelo le batho ba mo obamelang mo go lone, go na le moo, o lebelela tsela e ba mo obamelang ka yone. Mosadi yono o itumelela go utlwa seno a bo a re: “Ke a itse gore Mesia o etla, ene yo o bidiwang Keresete. Fa yoo a goroga, o tla re tlhalosetsa dilo tsotlhe.”—Johane 4:25.

Go tswa foo Jesu o mo senolela boammaaruri jono jwa botlhokwa: “Nna yo ke buang le wena, ke nna ene.” (Johane 4:26) A ko o akanye fela! Mosadi ke yono o tla go ga metsi motshegare. Mme Jesu o mo amogela ka tsela e ntle. O mmolelela ka tlhamalalo sengwe se gongwe a iseng a se bolelele batho ba bangwe phatlalatsa. O mmolelela gore ke ene Mesia.

BASAMAREA BA LE BANTSI BA A DUMELA

Fa barutwa ba ga Jesu ba tla ka dijo, ba mo fitlhela fa ba mo tlogetseng teng, mme jaanong o bua le mosadi wa Mosamarea. Fa ba goroga, mosadi yono o tlogela nkgo ya gagwe ya metsi a bo a ya kwa motseng.

Barutwa ba ga Jesu ba boela fa sedibeng mme mosadi wa Mosamarea o a tsamaya

Fa a fitlha kwa motseng, o bolelela batho dilo tse Jesu a mmoleletseng tsone. O ba bolelela a le matlhagatlhaga a re: “Tlang, a re yeng lo ye go bona monna yo o mpoleletseng sengwe le sengwe se ke se dirileng.” Go tswa foo, o dira gore ba kgatlhegele go bona Jesu ka go ba raya a re: “A gongwe e ka tswa e le ene Keresete?” (Johane 4:29) Potso eno e amana le kgang ya botlhokwa thata; kgang e batho ba sa bolong go e kgatlhegela fa e sa le go tloga mo motlheng wa ga Moshe. (Duteronome 18:18) Potso eno e dira gore batho ba tswe mo motseng mme ba tle go bona Jesu.

Mosadi wa Mosamarea o mo motseng wa Sikara, mme o bolelela batho dilo tse Jesu a mmoleletseng tsone

Mo nakong eno, barutwa ba pateletsa Jesu gore a je. Mme o ba raya a re: “Ke setse ke na le dijo, mme ga lo itse gore dijo tseo ke eng.” Barutwa ba a gakgamala ba bo ba raana ba re: “Ga go na ope yo o mo tliseditseng dijo gore a je, gakere?” Jesu o ba araba ka bonolo ka mafoko ano a a leng botlhokwa mo balateding botlhe ba gagwe: “Dijo tsa me ke go dira thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.”—Johane 4:32-34.

Tiro e Jesu a buang ka yone ga se ya go roba dijo tsa ditlhaka, e e tla tlogang e simologa dikgwedi di ka nna nnê tse di tlang. Go na le moo, Jesu o bua ka thobo ya tshwantshetso, e leng go dira barutwa, mme o tlhalosa seo a re: “Tsholetsang matlho a lona mme lo bone gore masimo a masweu go ka robiwa. Morobi o setse a amogela dituelo tsa gagwe e bile o kgetla maungo a botshelo jo bo sa khutleng, gore mojadi le morobi ba tle ba itumele mmogo.”—Johane 4: 35, 36.

Jesu a ka tswa a setse a bona diphelelo tsa go bo a ile a kopana le mosadi wa Mosamarea. Batho ba le bantsi ba ba tswang kwa Sikara ba dumela mo go Jesu ka ntlha ya dilo tse mosadi yono a ba boleletseng tsone, ka gonne o ba reile a re: “O mpoleletse dilo tsotlhe tse ke di dirileng.” (Johane 4:39) Ka jalo, ba kopa Jesu gore a nne le bone mme a ba rute mo go oketsegileng. Jesu o amogela kopo ya bone a bo a nna mo Samarea malatsi a le mabedi.

Fa Basamarea ba ntse ba reeditse Jesu, bontsi jwa bone ba dumela mo go ene. Ba raya mosadi yono ba re: “Ga re tlhole re dumela ka ntlha ya se o neng wa se bua; ka gonne re mo ikutlwetse ka borona mme re a itse gore ruri monna yono ke mmoloki wa lefatshe.” (Johane 4:42) Ruri mosadi wa Mosamarea o re tlhometse sekao se se molemo sa gore re ka rerela batho jang ka Keresete, re dira seo ka tsela e e tla dirang gore bareetsi ba rona ba kgatlhegele go itse mo go oketsegileng.

Gopola gore go setse dikgwedi di le nnê fela pele ga thobo e simologa, e go bonalang e le thobo ya barele. Mme mo kgaolong eno thobo eo e dirwa ka paka ya dikgakologo. Ka jalo, gone jaanong e ka tswa e le kgwedi ya November kgotsa ya December. Seno se raya gore morago ga Tlolaganyo ya ngwaga wa 30 C.E., Jesu le barutwa ba gagwe ba ile ba fetsa dikgwedi di ka nna robedi mo Judea, ba ruta batho e bile ba ba kolobetsa. Jaanong ba ya kwa gaabo kwa kgaolong ya Galalea. Ba ya go dira eng fa ba fitlha koo?

BASAMAREA E NE E LE BOMANG?

Fa o le mo kgaolong e e bidiwang Samarea, Judea e kwa borwa mme Galalea e kwa bokone. Fa Kgosi Solomone a sena go swa, ditso tse di lesome tsa Iseraele di ne tsa kgaogana le ditso tsa Juda le Benjamine.

Batho ba ditso tseo tse di lesome ba ne ba simolola go obamela namane. Ka jalo, ka ngwaga wa 740 B.C.E., Jehofa o ne a letla Baasiria gore ba tlhasele Samarea. Baasiria ba ne ba tsaya bontsi jwa baagi ba naga eno ba bo ba tlisa batho ba ba tswang kwa dikgaolong tse dingwe tsa Mmusomogolo wa Asira gore ba tle go nna mo go yone. Batho bao ba ba obamelang medimo e sele ba ne ba nyalana le Baiseraele ba ba neng ba setse mo Samarea. Fa nako e ntse e ya, batho ba naga eno ba ne ba simolola mofuta mongwe wa kobamelo e e neng e akaretsa ditumelo le mekgwa e e neng e le teng mo Molaong wa Modimo, e e jaaka go rupisiwa. Mme gone, kobamelo ya bone e ne e ka se tsewe e le ya boammaaruri.—2 Dikgosi 17:9-33; Isaia 9:9.

Mo motlheng wa ga Jesu, Basamarea ba ne ba dumela se dibuka tsa ga Moshe di se buang, mme gone ba ne ba sa obamele kwa tempeleng kwa Jerusalema. Ba feditse dingwaga ba dirisa tempele e e neng e agilwe kwa Thabeng ya Gerisime, e e gaufi le Sikara, mme ba ile ba tswelela ba obamela mo thabeng eo le fa tempele eo e sena go senngwa. Letlhoo le le neng le le teng magareng ga Basamarea le Bajuda le ne le sa ntse le bonala le ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu.—Johane 8:48.

  • Goreng mosadi wa Mosamarea a gakgamala fa Jesu a bua le ene?

  • Jesu o ruta mosadi yono eng ka metsi a botshelo le ka lefelo le Modimo a tshwanetseng go obamelwa kwa go lone?

  • Jesu o bontsha jang mosadi wa Mosamarea gore ke ene mang, mme o mo kgothaletsa gore a obamele Modimo ka tsela efe?

  • Mosadi wa Mosamarea o swetsa ka gore Jesu ke mang, mme o dira eng morago ga moo?

  • Jesu le barutwa ba gagwe ba ntse ba dira eng morago ga Tlolaganyo ya ngwaga wa 30 C.E.?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela