Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng
Gerisima—‘Mo Thabeng Eno, Ke Gone Moo Re Neng Re Obamela Gone’
MOSADI wa Mosamaria kwa sedibeng. A polelo eno ga e go gopotse tiragalo e e amang pelo eo mo go yone Jesu a neng a neela mosadi mongwe bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo a le fa “[sedibeng] sa ga Yakobe” kwa Sikara, eleng toropo ya kwa Samaria? A o ka rata go oketsa kanaanelo ya gago mo tiragalong eno eo e nang le bokao jo bogolo?—Yohane 4:5-14.
Tlhokomela dithaba tse pedi tse di fa godimo tseno, tseo di ka nnang dikilometara di le 50 go ya kwa bokone jwa Jerusalema.a Kafa molemeng (kwa borwa) ke Gerisima eo e dikaganyeditsweng ke ditlhare; metswedi e mentsi ya metsi e dira gore naga eno e nne e e nonneng le go nna ntle. Kafa letsogong la moja (kwa bokone) ke Ebala, eo eleng tulo eo e leng dithaba go se go kae lefa go le jalo e tletse matlapa ebile e le seloko fela.
Metse eno e ralalwa fa gare ke mokgatsha o o nonneng wa Shekema. Gakologelwa gore ka nako ya fa tsala ya Modimo Aberame (yo moragonyana a ileng a bidiwa Aberahame) a ne a feta go ralala Lefatshe la Tsholofetso, o ile a feta a ikhutsa mo Shekema. O ne a fitlha a agela Jehofa aletare fano, yo o neng a sa tswa go itlhagisa mo go ene mme a mo solofetsa gore o ne a a tla abela losika lwa gagwe naga eno. (Genesise 12:5-7) Abo e ne e le lefelo le le tshwanetseng jang ne leo a neng a ka dira tsholofetso eno mo go lone, e le mo garegare ga naga eno! Go tswa kwa setlhoeng sa Gerisima kana sa Ebala, tlhogo eno ya lotso e ne e ka kgona go bona karolo e kgolo ya Lefatshe la Tsholofetso. Motse wa Shekema (eo gompieno eleng Nablus) e ne e le lefelo le le botlhokwatlhokwa, le ikgarile kwa bokonebophirima jwa tsela e e fetang ka thaba e e eleng gaufi le botlhababophirima jwa tsela e e fetang fa gare ga lobopo le Mokgatsha wa Joredane.
Aletara eno ya ga Aberahame e ne e le yone fela tiragalo ya bodumedi eo e neng ya diragala fano. Moragonyana, Jakobe o ne a reka sebata sa naga mo karolong eno mme a tsweledisa kobamelo ya boammaaruri pele mo go sone. O ne gape a epa kana a duela madi gore go epiwe sediba se se boteng gaufi le moo Gerisima e neng e simolola gone. Makgolokgolo a dingwaga moragonyana mosadi wa Mosamaria o ne a bolelela Jesu jaana: “Rra echō Yakobe, eo o re neileñ sediba se, le èna [o ne] a nwa mo go shōna.” Se ka nna sa tswa se ne se bona metsi go tswa mo motsweding, gongwe e leng lone lebaka leo le dirileng gore moaposetoloi Johane a se bitse “motswedi wa ga Jakobe.”—NW.
Fa go buiwa ka kobamelo ya boammaaruri malebana le Gerisima le Ebala gongwe seno gape se ka go gakolola gore Joshue o ne a lere Baiseraele fano, jaaka fa Moshe a ne a mo laetse. Joshue o ne a feta a aga aletara mo Ebala. A o ko o akanye fela bontlhanngwe jwa batho ba eme fa pele ga Gerisima mme ba bangwe botlhe ba eme fa pele ga Ebala jaaka fa Joshue a ne a bala “molaō, tshegohacō le phucō.” (Yoshue 8:30-35; Duteronome 11:29) Dingwaga moragonyana, Joshue o ne a boa gape a bolela jaana go ba tlhagisa la bofelo: “Me kaga me, le ba ntlo ea me, rona, re tla dihèla Yehofa hèla.” Batho ba ne ba dira kgolagano ya go dira se se tshwanang. (Yoshue 24:1, 15-18, 25) Lefa go le jalo a eleruri ba ne ba tla go dira?
Karabo ya potso eno e tla go thusa gore o tle o kgone go tlhaloganya kgang ya ga Jesu le mosadi wa Mosamaria. Ntlha ke gore, kobamelo ya boammaaruri eo e ileng ya latelwa ke Aberahame, Jakobe, le Joshue e ne ya seka ya tswelela pele mo Samaria mono.
Morago ga gore ditso tse some di kgaogane le ditso tse dingwe, di ne tsa fetogela kwa kobamelong ya namane. Ka gone Jehofa o ile a letlelela Baasiria go gapa karolo eno ka 740 B.C.E. Ba ne ba thopa baagi ba le bantsi ba mono, mme mo boemong jwa bone ba lere batho bangwe go tswa kwa Mmusomogolong wa Asiria, bao e neng e le baobamedi ba medimo e sele. Bangwe ba baheitane bao ba ka tswa ba ile ba nyalana mmogo le Baiseraele mme ba simolola go ithuta dithuto dingwe tsa kobamelo ya boammaaruri, tse di jaaka go rupisiwa. Lefa go le jalo go nna gone ga kobamelo ya Sesamaria eleruri go ne ga seka ga itumedisa Jehofa mo go feletseng.—2 Dikgosi 17:7-33.
Mo kobamelong ya bone e e tswakaneng, Basamaria ba ne ba dumela fela mo dibukeng tse tlhano tsa ga Moshe, tseo di bidiwang Pentateuch, ba re ke tsone Lokwalo. Mo e ka nnang mo lekgolong la bone la dingwaga B.C.E., ba ile ba ikagela tempele mo Thabeng ya Gerisima, ka maiteko a gore ba dire sengwe se se tshwanang le tempele ya Modimo ya kwa Jerusalema. E ne ya re fa nako e ntse e feta tempele ya kwa Gerisima e ile ya dirisediwa go obamela Zeus (kana Jupitere) mme kgabagare e ne ya senngwa. Go ntse go le jalo, Gerisime e ile ya tswelela pele e ntse e le lefelo la konokono la kobamelo ya Sesamaria.
Go fitlhelela le gompieno, Basamaria ba ketekela moletlo wa Tlolagano mo Gerisima. Go tlhabiwa dikwanyana di le mmalwa. Ditoto tsa tsone di karapiwa boboa ka go tsenngwa mo sejaneng se se nang le metsi a a belang, mme morago nama ya tsone e apeelwa mo pitseng ka lobaka lwa diura di le dintsi. Bosigogare makgolokgolo a Basamaria bao bontsi jwa bone ba tswang kwa Jerusalema, ba tla go ja sejo sa Tlolagano fano. Kafa molemeng o bona moperesiti yo mogolo mogolo wa Samaria, a rwele mo tlhogong, a tsamaisa moletlo wa Tlolagano mo Thabeng ya Gerisima.
Gakologelwa gore mosadi wa Mosamaria o ne a raya Jesu a re: “Borra echo ba ne ba ōbama mo thabeñ e.” Jesu o ile a mo tlhamalatsa, mmogo le rona, a re: “Lobaka loè tla, lo lo se ketlañ lo ōbamèla Rara ka lōna mo thabeñ e, . . . Me lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:2-24.
[Ntlha e e kwa tlase]
a O ka sekaseka setshwantsho se se godisitsweng sa mmapa ono go 1993 Calendar of Jehovah’s Witnesses.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Garo Nalbandian
Garo Nalbandian