LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/09 ts. 12-16
  • Re Bone se re Neng re se Batla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Bone se re Neng re se Batla
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kopana le Batho ba Basweu
  • Ke Boetse Gae Kwa Batsading ba Me
  • Ke ne Ke Eletsa go Bona Dikarabo
  • Ke ne Ka Nna le Seabe mo Motshamekong wa Rodeo
  • Fa re Ne re Etetse Moruti
  • Thapelo E ne E le Seikokotlelo sa Rona
  • Kgabagare—Dipotso Tsa Me di A Arabiwa!
  • Ba Tlholegile ba Tswa Kae?
    Tsogang!—1996
  • Ke Kgatlhilwe ke Dikarabo Tse di Utlwalang Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 1/09 ts. 12-16

Re Bone se re Neng re se Batla

Jaaka go boletse Bert Tallman

Ke gopola ka boitumelo botshelo jwa me ke sa ntse ke le mosimanyana kwa Blood Reserve, e e leng kgaolo ya karolo ya morafe wa Ba-Blackfoot kwa Alberta, Canada. Re ne re sa nne kgakala le dithaba tsa Rocky le letsha le lentle la Louise.

KE TSHOLETSWE mo lelapeng la basimane ba le supa le basetsana ba le babedi. Gantsi nna le bonnake le bokgaitsadiake re ne re ya kwa ntlong ya ga nkoko. O ne a dira ka natla mme a re ruta tsela ya setso ya go tshela ya dikokomana di le dintsi tsa Ba-Blackfoot tse di neng di tshela pele ga rona. Re ne ra ithuta go kgetla meretlwa ya naga, go apaya dijo tsa setso le go jala tshingwana. Rremogolo le rre ba ne ba tle ba tsamaye le nna go ya go tsoma le go tshwara ditlhapi. Re ne re tsoma dikukama, dikgama le masika a tsone gore e nne dijo le go dirisa matlalo a tsone. Batsadi ba rona ba ne ba dira ka natla mme ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore re nne le legae le le molemo. Botshelo jwa me kwa Blood Reserve bo ne bo itumedisa tota.

Le fa go ntse jalo, sengwe le sengwe se ne sa fetoga fa nkoko a ne a tlhokafala ka 1963. E re ka ke ne ke le mosimanyana wa dingwaga di le tlhano, ke ne ke tlhakantswe tlhogo ke tiragalo eno. Ga go na sepe se ke neng ke se utlwa se se neng se nkgomotsa. Le fa ke ne ke le monnye jalo, ke ne ke ipotsa gore ‘Fa e le gore go na le Mmopi, o kae? Ke ka ntlha yang fa batho ba swa?’ Ka dinako dingwe ke ne ke a tle ke simolole go ngunanguna ka ntlha ya go tlalelwa. Mme fa batsadi ba me ba ne ba mpotsa gore matsapa di a tsaya kae, ke ne ke ba bolelela gore ke utlwa botlhoko golo gongwe.

Go Kopana le Batho ba Basweu

Pele ga nkoko a tlhokafala, re ne re sa kopane thata le batho ba basweu. Fa re ne re ba bona, ke ne ke utlwa dikakgelo tse di jaaka: “Ke mongwe fela wa basweu ba ba bosula, ba ba pelotshetlha le ba ba se nang maikutlo. Ga se batho ba ba siameng.” Ke ne ka tlhagisiwa gore ke basweu ba le mmalwa fela ba ba siameng mme basweu ga se batho ba ba ka ikanngwang. Le fa ke ne ke shwegashwega pelo ke batla go kopana le bone, ke ne ke nna ke le kelotlhoko ka gonne basweu ba lefelo la rona ba ne ba rata go re sotla mme ba bua mafoko a a re kgobang.

Ka bonako fela fa nkoko a sena go tlhokafala, batsadi ba me ba ne ba simolola go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng mme seno se ne sa dira gore dingwaga tseo e nne tse di botlhoko go gaisa mo botshelong jwa me. Fa ke ne ke le dingwaga di le robedi, Ba-Mormon ba babedi ba ne ba simolola go re etela kwa gae. Ba ne ba lebega e le batho ba ba siameng. Batsadi ba me ba ne ba dumalana le kakantsho ya bone ya gore ke nne mo thulaganyong ya gore ke tloge kwa gae nakwana ke ye go nna le lelapa le lengwe. Thulaganyo eno, e ne e diretswe gore e tlhabolole bana ba lefelo la rona ka go dira gore ba nne le basweu. Batsadi ba me ba ne ba bona go le botoka gore ke ye go nna le lelapa le lengwe mme go lebega ba ne ba dira jalo ka ntlha ya maemo a bone. Ke ne ke gakgametse e bile ke kgobegile marapo, ka ntlha ya gore ke ne ke utlwile batsadi ba me ba re basweu ga se batho ba ba ka ikanngwang. Ke ne ke sa batle go tsamaya mme ke ne ka leka go tshabela seo. Kgabagare, ke ne ka dumela fa batsadi ba me ba ne ba ntlhomamisetsa gore nkgonne o ne a tla tsamaya le nna.

Le fa go ntse jalo, fa re fitlha kwa Vancouver, British Columbia, ke ne ka kgaoganngwa le nkgonne mme ke ne ka isiwa kwa lefelong le le neng le le bokgakala jwa dikilometara di le 100 go tswa kwa nkgonne a neng a le teng! Ke ne ke aparetswe ke bohutsana jo bogolo. Le fa batho ba ke neng ke nna le bone e ne e le lelapa le le siameng, jono e ne e le boitemogelo jo bo utlwisang botlhoko thata mme ke ne ke tshogile. Ke ne ka boela gae morago ga dikgwedi di ka nna lesome.

Ke Boetse Gae Kwa Batsading ba Me

Tota le fa boemo kwa gae bo ne bo sa fetoga go le kalo, ke ne ke itumeletse go boela gae. Fa ke ne ke le dingwaga di le 12 batsadi ba me ba ne ba tlogela go nwa bojalwa. Seno se ne sa dira gore ke wele makgwafo, mme nna ka bo nna ke ne ke setse ke simolotse go tshela botshelo jo bo sa siamang, e re ka ke ne ke simolotse go dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa. Batsadi ba me ba ne ba nthotloetsa go dira dilo tse dingwe tse di akaretsang motshameko wa rodeo, o ke neng ke o rata tota. Motshameko wa rodeo o tlhoka bopelokgale. Ke ne ka ithuta go palama poo e e tlhaga e e ragakakang mme ke bo ke nna mo go yone mo e ka nnang metsotswana e le robedi ke sa we, ke itshwareletse fela ka seatla se le sengwe mo mogaleng o o neng o bofeletswe mo mpeng ya poo eo.

Fa ke ne ke le mosha wa dingwaga tsa bolesome, bagolo ba mo motseng ba ne ba ntsenya mo bodumeding jwa Seindia. Ke ne ka bontsha kgatlhego tota mo go jone e re ka ke ne ke sa rate madumedi a go tweng ke a basweu. Ke ne ke akanya gore dingwao tsa Ba-Blackfoot di ne di bonala di rotloetsa bopelonomi le tshiamiso tse di seyong mo madumeding a mantsi a “Bokeresete.” Ke ne ke itumela fa ke ne ke le mo gare ga batho ba setšhaba sa garona, ke itumelela metlae le kamano e e gaufiufi e e neng e le gone fa gare ga ba lelapa le ditsala.

Mo e ka nnang ka yone nako eno ke ne ka lemoga go tlhoka tshiamiso go batho ba garona ba go diretsweng ka makgolo a dingwaga. Ke ne ka bolelelwa gore basweu ba ne ba anamisitse malwetse mo gare ga rona mme ba bo ba fedisa sengwe sa konokono se re itshedisang ka sone, e leng dinare. Tota e bile, go begiwa fa Mokolonele R. I. Dodge, wa sesole sa United States a ne a re: “Bolayang nare nngwe le nngwe e lo ka kgonang go e bolaya. Go swa ga nare e le nngwe go raya go fuduga kgotsa go swa ga Moindia a le mongwe.” Ke ne ka utlwa gore seno se ne sa kgoba Ba-Blackfoot marapo mme sa dira gore ba ikutlwe go se na sepe se ba ka se dirang.

Mo godimo ga moo, baeteledipele ba dipuso dingwe mmogo le bathusi ba bone ba ne ba tsaya matsapa go tlhabolola batho ba gaetsho, ba ba neng ba ba tsaya e le batho ba ba sa tlhabologang. Ba ne ba dumela gore sengwe le sengwe ka batho ba gaetsho se tlhoka go fetolwa—go akaretsa setso, ditumelo, tsela e ba itshwarang ka yone le puo ya bone—e le gore ba dire dilo ka tsela ya basweu. Kwa Canada, bana ba morafe wa gaetsho ba ba neng ba nna kwa dikolong tsa bodumedi ba ne ba sotliwa. Ba bangwe ba ne ba feleletsa ba dirisa diokobatsi, ba rata ntwa ba bile ba ipolaya—e leng mathata a a sa ntseng a le teng mo gare ga batho bangwe ba gaetsho le go tla go fitlha gompieno.

E le go tila mathata ano, bangwe ba batho ba morafe wa gaetsho ba ne ba swetsa go tlogela setso sa Ba-Blackfoot. Ba ne ba itlhophela go bua Seesemane le bana ba bone go na le gore ba bue le bone ka puo ya Ba-Blackfoot, mme ba ne ba leka go dira dilo dingwe ka tsela ya basweu. Le fa go ntse jalo, go na le gore ba amogelwe ba ne ba sotliwa, e seng ke basweu fela mme gape le ke batho ba gabone ba ba bitsa makgoanyana.

Go ne go utlwisa botlhoko go bona batho ba morafe wa gaetsho ba boga ka ditsela tse dintsi jalo. Ke ne ke eletsa go bona maemo a batho ba gaetsho go ralala Canada le United States a tokafetse.

Ke ne Ke Eletsa go Bona Dikarabo

Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome ke ne ke akanya gore le ka motlha ga ke ne ke amogelwa. Maikutlo a ke neng ke na le one a go se nne motho wa sepe a ne a fetoga go nna a letlhoo. Ke ne ka bo ka simolola go tlhoa basweu. Le fa go ntse jalo, batsadi ba me le rakgadi ba ne ba ntlhagisa ka go nna le maikutlo a letlhoo le a go batla go ipusolosetsa; go na le moo, ba ne ba nkgothaletsa gore ke bontshe go itshwarela le lorato mme ke itlhokomolose batho ba ba nang le tlhaolele. Moragonyana ke ne ka lemoga gore kgakololo eno ya bone e ne e tsamaisana le melaometheo ya Baebele. Mo godimo ga moo, ke ne ke sa ntse ke batla go bona dikarabo tsa dipotso tse di neng di ntshwenya fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana. Ke ne gape ka simolola go ipotsa gore ke ka ntlha yang fa re le mo lefatsheng le gore ke ka ntlha yang fa go tlhoka tshiamiso go ntse go tswelela. Ke ne ke sa tlhaloganye kgang ya go bo re tshela nakwana fela re bo re swa. Ke ne ke tlhakane tlhogo.

Nako nngwe le nngwe fa Basupi ba ga Jehofa ba tla go re etela go ne go romelwa nna gore ke ye go ba bulela. Ke ne ke ba tlotla ka dinako tsotlhe ka gonne ba ne ba sa bonale ba na le tlhaolele. Le fa go ne go le thata go baya dipotso tsa me ka tsela e e utlwalang, ka metlha re ne re tlotla ka dilo tse di kgatlhang. Ke gakologelwa ketelo nngwe ya ga John Brewster le Harry Callihoo yo e neng e le Mosupi wa Mo-Blackfoot. Re ne ra tlotla ka nako e telele fa re ntse re tsamaya mo bojannyeng. Ba ne ba nnaya buka mme ka bala karolo ya yone pele e timela.

Ke ne Ka Nna le Seabe mo Motshamekong wa Rodeo

Ke ne ka kopa kgakololo mo bathong ba bagolo ba ba neng ba nna mo motsaneng wa rona. Le fa ke ne ke anaanela kgakololo ya bone e ba e akanyeditseng sentle, ga ke a ka ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse ke neng ke na le tsone ka botshelo. Fa ke ne ke le dingwaga tse di ka nnang 16, ke ne ka tloga kwa gae mme ke ne ka tsenelela thata mo dikgaisanong tsa motshameko wa rodeo. Gantsi kwa diphathing tse ke neng ke ya kwa go tsone morago ga motshameko go ne go nowa ka tsela e e feteletseng e bile go dirisiwa diokobatsi. Segakolodi sa me se ne se ntshwenya ka gonne ke ne ke itse gore boitsholo jo bo ntseng jalo bo phoso mme ke ne ke utlwa e kete Modimo ga a rate tsela e ke tshelang ka yone. Gantsi ke ne ke rapela Mmopi gore a nthuse gore ke dire se se siameng le gore ke bone dikarabo tsa dipotso tse di neng di ntshwenya.

Ka 1978, fa ke ne ke sa ntse ke le kwa Calgary, ke ne ka kopana le lekgarebe lengwe la morafe wa gaetsho le le bidiwang Rose. E ne e le wa morafe wa Ba-Blackfoot le wa Ba-Cree. Re ne re kgatlhegela dilo tse di tshwanang, mme ke ne ke kgona go bua le ene ke gololesegile. Re ne ra simolola go ratana mme ra nyalana ka 1979. Lelapa la rona le ne la gola fa re nna le ngwana wa mosetsana yo o bidiwang Carma le wa mosimane yo o bidiwang Jared. Rose e ne e le mosadi yo o ikanyegang le yo o ntshegetsang mme e le mmè yo o molemo. Ka letsatsi lengwe fa nna le lelapa la me re ne re etetse nkgonne, ke ne ka fitlhela buka e e nang le setlhogo se se reng O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.a Se ke neng ka se bala se ne sa nkgatlha tota mme se ne se lebega se utlwala. Mme fela fa ke ne ke simolola go utlwa e kete ke tlhaloganya molaetsa wa Baebele, ke ne ka fitlha mo karolong ya buka e ditsebe tsa yone di neng di gagotswe. Nna le Rose re ne ra tsaya matsapa a go batla ditsebe tse di neng di tlhaela, mme ra itaya se fololetse. Le fa go ntse go le jalo, ke ne ka tswelela go rapelela thuso.

Fa re Ne re Etetse Moruti

Ka dikgakologo tsa 1984, Rose o ne a tshola ngwana wa rona wa boraro, mosetsanyana wa rona yo montle yo re neng ra mmitsa Kayla. Le fa go ntse jalo, morago fela ga dikgwedi di le pedi, Kayla o ne a tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo a tshotsweng ka jone jwa pelo. Re ne re utlwile botlhoko thata, mme ke ne ke sa itse gore ke gomotse Rose jang. O ne a dira gore ke ye le ene kwa moruting wa Mokatoliki wa mo motsaneng wa rona gore a re kgothatse le go araba dipotso tse re neng re na le tsone.

Re ne ra mmotsa gore ke ka ntlha yang fa mosetsanyana wa rona a ne a tshwanetse go swa le gore o ile kae. O ne a re Modimo o tsere Kayla ka gonne o ne a tlhoka moengele yo mongwe. Ke ne ka ipotsa gore ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a tlhoka go tsaya mosetsanyana wa rona gore e nne moengele fa e le gore ke Mmopi Mothatayotlhe? Ngwana yo o sa kgoneng go itirela sepe o ne a tla thusa ka eng?’ Moruti yono ga a ise a ko a bule Baebele. Re ne ra boela gae re se na tsholofelo epe.

Thapelo E ne E le Seikokotlelo sa Rona

Moso mongwe wa Mantaga, kwa bofelong jwa November ka 1984, ke ne ka rapela ka nako e telele ke kopa Modimo gore a nthuse gore ke nne motho yo o botoka, gore ke kgone go tlhaloganya se se neng se diragala, le go tlhaloganya boikaelelo jwa botshelo. Mo mosong one oo, Diana Bellemy le Karen Scott, ba e leng bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kokota mo lebating. E ne e le batho ba ba peloephepa, ba le pelonomi mme ba ne ba iketleeleditse go re bolelela molaetsa wa bone. Ke ne ka reetsa mme ka amogela Baebele le buka e e neng e na le setlhogo se se reng Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha,b mme ka bo ke dumela gore Diana a boe le monna wa gagwe e bong Darryl moragonyana mo go yone beke eo.

Ke fela fa ba sena go tsamaya mo ke neng ka akanya gore e tshwanetse ya bo e le karabo ya thapelo ya me. Ke ne ke itumetse jaana mo ke neng ke tsamatsamaya mo ntlong ke letile Rose gore a boe kwa tirong gore ke mmolelele se se diragetseng. Se se neng sa nkgakgamatsa ke gore Rose o ne a mpolelela gore le ene o ne a rapela mo bosigong jo bo fetileng mme o ne a kopa Modimo gore a mo thuse gore a bone bodumedi jo bo siameng. Ka Labotlhano oo, re ne ra nna le thuto ya ntlha ya Baebele. Morago ga foo re ne ra utlwa gore mo letsatsing le Karen le Diana ba neng ba re etela ka lone, ba ne ba sa bone matlo a ba neng ba tshwanetse go ya go rera kwa go one. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba bona ntlo ya rona ba ne ba ikutlwa ba tlhotlheletsega go re etela.

Kgabagare—Dipotso Tsa Me di A Arabiwa!

Ba lelapa la rona le ditsala ba ne ba gakgametse mme kwa tshimologong ba ne ba re kgapela kwa thoko fa re ne re simolola go ithuta Baebele. Morago ba ne ba re gatelela ba re re senya ka matshelo a rona mme ga re dirise bokgoni jwa rona ka botlalo. Le fa go ntse jalo, re ne ra ikemisetsa gore ga re ne re tlhokomologa Tsala ya rona e ntšha, e leng Mmopi wa rona Jehofa. Aitsane, re ne re bone sengwe se se tlhwatlhwakgolo—boammaaruri jo bo gakgamatsang le diphiri tse di boitshepo tse di leng mo Lefokong la Modimo, Baebele. (Mathaio 13:52) Nna le Rose re ne ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa ka December 1985. Ba masika a rona jaanong ba tlotla Basupi ba ga Jehofa e re ka ba bone diphetogo tse di itumedisang tse re di dirileng mo matshelong a rona fa e sa le re kolobediwa.

Ee, ke bone se ke neng ke se batla! Baebele e araba dipotso tse di botlhokwa ka tsela e e motlhofo le e e tlhaloganyesegang. Ke ne ka kgotsofala fa ke ithuta ka boikaelelo jwa botshelo, gore ke ka ntlha yang fa re swa, le tsholofetso ya Modimo ya gore re tla boa re kopana gape le mosetsanyana wa rona Kayla mme re bo re mmona a gola mo maemong a a itekanetseng. (Johane 5:28, 29; Tshenolo 21:4) Fa nako e ntse e ya, ke ne ka ithuta le gore ga re a tshwanela go sotla mebele ya rona, re tshwanetse go tlotla botshelo mme ga re a tshwanela go nna le seabe mo dikgaisanong. (Bagalatia 5:26) E ne e le tshwetso e e thata mme ke ne ka swetsa go tlogela motshameko wa go palama dipoo le wa rodeo e le gore ke itumedise Modimo.

Kitso e e tlhomameng e e tswang mo Baebeleng e re golotse mo ditumelobotlhoding tse di sotlang batho ba morafe wa rona ba le bantsi, tse di jaaka tumelo ya gore fa o bona morubisi kgotsa o utlwa ntša e bokolela go ka felela ka gore mongwe mo lelapeng a tlhokafale. Ga re tlhole re boifa gore meya e e sa bonaleng mo dibopiweng tse di tshelang kgotsa tse di sa tsheleng e ka re gobatsa. (Pesalema 56:4; Johane 8:32) Gone jaanong re anaanela popo ya ga Jehofa e ntle thata. Ke na le ditsala tse dintsi tsa ditšhaba tse di farologaneng ba ke ba bitsang bakaulengwe le bokgaitsadi, mme ba re tsaya re lekana le bone e bile re le batlhanka mmogo ba Modimo. (Ditiro 10:34, 35) Ba le bantsi ba bone ba dira maiteko a magolo go ithuta dingwao le ditumelo tsa batho ba morafe wa rona le go bua puo ya Se-Blackfoot e le gore ba kgone go bolela molaetsa wa Baebele ka tsela e e kgatlhang.

Lelapa la rona le nna kwa Blood Reserve, e e leng kwa borwa jwa Alberta mme re na le polasi e nnye gone. Re sa ntse re itumelela setso sa rona—go akaretsa dijo tsa setso le mmino le tantshe. Ga re nne le seabe thata mo ditantsheng tsa setso tse ka dinako dingwe di bidiwang di-powwow, mme gone fa go tshwanela re rata go leba fa batho ba bangwe ba nna le seabe mo go tsone. Gape ke lekile go ruta bana ba rona ka setso sa bone le ka puo ya Se-Blackfoot. Batho ba bantsi ba gaetsho ba itsege ka dinonofo tse dintle tse di jaaka bopelonomi, boikobo le go amega ka lorato ka ba lelapa le ditsala. Gape ba itsege ka go amogela baeng le go tlotla batho ba bangwe go akaretsa le ba ba tswang mo maemong a a farologaneng. Dilo tseno di sa ntse di nkgatlha e bile ke sa ntse ke di anaanela.

Re bona boitumelo jo bogolo ka go dirisa nako ya rona le didirisiwa tsa rona go thusa ba bangwe go ithuta ka Jehofa le go mo rata. Morwaarona Jared ke moithaopi kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa gaufi le Toronto. Ke na le tshiamelo ya go nna mogolwane mo phuthegong ya lefelo la rona la Macleod, mme gape nna, Rose le Carma re babulatsela ba ka metlha kgotsa baboledi ba nako e e tletseng ba dikgang tse di molemo. Go a itumedisa go rera ka puo ya rona ya Se-Blackfoot. Go itumedisa tota go bona ba bangwe ba amogela boammaaruri ka Mmopi le ka maikaelelo a gagwe.

Baebele e bolela jaana ka Jehofa: “Fa o mmatla, o tla dira gore o mmone.” (1 Ditiragalo 28:9) Ke itumelela go bo a ile a diragatsa tsholofetso ya gagwe ka go thusa nna le lelapa la me gore re bone se re neng re se batla.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

b E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

‘Fa e le gore go na le Mmopi, o kae? Ke ka ntlha yang fa batho ba swa?’

[Mafoko a a mo go tsebe 16]

‘Batho ba le bantsi ba morafe wa gaetsho ba itsege ka dinonofo tse di jaaka bopelonomi le boikobo’

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Nkoko wa me o nthutile setso sa Ba-Blackfoot

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke ne ka tsenelela thata mo motshamekong wa rodeo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Pampitshana e e kgethegileng e e reng “O ka Ikanya Mmopi” e gone ka puo ya Se-Blackfoot le dipuo tse dingwe

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Gone jaanong ke itumelela go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Gompieno, ke na le lelapa la me

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela