LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 9/8 ts. 16-19
  • Ba Tlholegile ba Tswa Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Tlholegile ba Tswa Kae?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baamerika ba Tlholego —Tlholego le Ditumelo tsa Bone
  • Go Tlhaloganya Difilosofi Tsa Baamerika ba Tlholego
  • Kafa Naga ya Bone e Gapilweng ka Teng
    Tsogang!—1996
  • Isagwe ya Bone e Tlile go Nna Jang?
    Tsogang!—1996
  • Re Bone se re Neng re se Batla
    Tsogang!—2009
  • Baamerika ba Tlholego—Bokhutlo Jwa Motlha
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 9/8 ts. 16-19

Ba Tlholegile ba Tswa Kae?

“RE NE re ipitsa bomang pele Columbus a tla? . . . Mo morafeng mongwe le mongwe, le e leng le gompieno, fa o ranola leina le bangwe le bangwe ba rona ba neng ba ipitsa ka lone ba bangwe ba sa le itse, o fitlhela ka metlha fa le ranolwa le kaya selo se se batlileng se tshwana. Mo puong ya rona [Se-Narragansett] re ipitsa Ninuog, kana batho [ka Se-Navajo, re ipitsa Diné], e bong batho. Ke kafa re neng re ipitsa ka teng. Ka jalo fa batswakwa ba [Bayuropa] ba goroga fano, re ne re setse re ikitse gore re bomang, mme ke bone ba re neng re sa ba itse. Ka jalo re ne ra ba bitsa Awaunageesuck, kana batswakwa, gonne e ne e le la ntlha re ba bona, re ne re sa ba itse, mme rona re ne re itsane. E bile re ne re le batho.”—Tall Oak, wa morafe wa Ba-Narragansett.

Go na le dilo tse dintsi tse di bolelwang mabapi le kwa Baamerika ba Tlholego jaaka bontsi bo batla go bidiwa, ba tlholegileng teng.a Joseph Smith, yo o simolotseng tumelo ya Bo-Mormon, e ne e le mongwe wa batho ba le mmalwa, go akaretsa le William Penn wa Mo-Quaker, yo o neng a dumela gore Baindia ke Bahebera, ditlogolwana tsa ditso tse di lesome tse di latlhegileng tsa Iseraele. Baitsethutomotho ba bantsi gompieno ba dumela tlhaloso ya gore merafe ya kwa Asia e ne ya fudugela kwa mafelong a gompieno a bidiwang Alaska, Canada le United States ba tla ka naga e e neng e tshwaragantse dinaga tseno kana ka mekoro. Tota le ditlhatlhobo tsa DNA di lebega di tshegetsa kgopolo eno.

Baamerika ba Tlholego —Tlholego le Ditumelo tsa Bone

Bakwadi ba dikgang ba Baamerika ba Tlholego e bong Tom Hill (Mo-Seneca) le Richard Hill, Sr., (Mo-Tuscarora) ba kwala jaana mo bukeng ya bone Creation’s Journey—Native American Identity and Belief: “Bontsi jwa batho ba koo ba tlholego ba dumela go ya ka ngwao gore ba bopilwe ka mmu ka boone, ba tswa mo metsing kana kwa dinaleding. Kafa letlhakoreng le lengwe, baithutamarope ba bua ka letsibogo le legolo la naga go kgabaganya Bering Strait leo Ba-Asia ba neng ba kgabaganyetsa ka lone kwa Amerika; polelo eno e supa gore Ba-Asia bano, e ne e le bagologolwane ba batho ba ba tlholegileng ba nna kwa Hemisefereng e e kwa Bophirima.” Baamerika bangwe ba Tlholego ga ba dumele polelo ya basweu ya Bering Strait. Ba bona go le botoka go dumela ditlhamane tsa bone. Ba itsaya e le baagi ba tlholego ba koo go na le go itsaya e le batsamai ba ba neng ba tswa kwa Asia.

Russell Freedman, o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe, An Indian Winter: “Go ya ka Ba-Mandan [morafe mongwe o o neng o nna gaufi le Noka ya Missouri] Motho wa Ntlha e ne e le moya o o maatla, e le modimo. O ne a tlhodilwe bogologolo ke Morena wa Botshelo, mmopi wa tsotlhe, gore e nne motsereganyi fa gare ga batho fela le medingwana e mentsintsi, kana meya e e nnang mo lobopong.” Tumelo ya Ba-Mandan e ne e akaretsa le tlhamane ya morwalela. “Bogologolo fa go ne go na le morwalela o mogolo mo lefatsheng, Motho wa Ntlha o ne a falotsa batho ka go ba ruta go aga tora e ba ka sielang mo go yone, kana ‘araka,’ e e neng e tla kokobala mo godimo ga metsi a morwalela. Mo motseng mongwe le mongwe wa Ba-Mandan o ne a tlotlomadiwa ka gore go agiwe setshwantshonyana sa tora eo ya ditlhamane—kota ya mosetara ya maoto a le matlhano [dimmetara di le 1,5], e ageletswe ka lorako lwa mapolanka.”

Ba-Mandan ba ne ba na le setshwantsho sengwe sa bodumedi, “pale e telele e e thatilweng ka diphofa le boboa e bile e na le tlhogo e e tshosang ya kota, e pentilwe bontsho.” Tota seno se ne se ka tswa se emela mang? “Setshwantsho seno sa motho se ne se emela Ochkih-Haddä, moya mongwe o o maswe o o neng o tlhotlheletsa batho fela thata mme o ne o sa nonofa jaaka Morena wa Botshelo kana Motho wa Ntlha.” Baindia ba kwa Plains “ba ne ba dirisana le badimona mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. . . . Go ne go ka se ka ga dirwa tshwetso epe ya botlhokwa, go sa dirwe tiro epe go sa kopiwa thuso kana tetla ya medingwana mengwe e e neng e laola ditiro tsa batho.”

John Bierhorst o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe, The Mythology of North America: “Go ne ga bolelwa gore, pele ga Ba-Osage ba nna ka dikgotla tsa bone, ba ne ba kgarakgatshega go tswa lefelong le lengwe go ya go le lengwe mme seo se ne se bidiwa ganítha (go tlhoka molao kana thulaganyo). Go ne go dumelwa gore mo metlheng eo ya bogologolo batho bangwe ba ba neng ba kgona go akanyetsa dilo ba ba neng ba bidiwa Little Old Men . . . ba ne ba tlhama polelo ya gore go na le maatla mangwe a a kgonang go bopa a a didimetseng a a tletseng mo lefaufaung le mo lefatsheng a a bolokang dinaledi, ngwedi le letsatsi di tsamaya sentle ka thulaganyo. Ba ne ba a bitsa Wakónda (maatla a masaitseweng) kana Eáwawonaka (yo o re bopileng).” Ba-Zuni, Ba-Sioux le Ba-Lakota ba kwa Bophirima le bone ba na le kgopolo e e tshwanang. Ba-Winnebago le bone ba ne ba na le ditlhamane tsa popo tse di buang ka “Modiralefatshe.” Pego eo ya re: “O ne a eletsa gore go nne lesedi mme lesedi la nna teng. . . . Morago o ne a akanya a bo a eletsa gore lefatshe le nne teng, ke fa lefatshe leno le nna teng.”

Mo moithuting wa Baebele, go kgatlha tota go bona dilo dingwe tse di dumelwang ke Baamerika ba Tlholego di tshwana le dithuto tsa Baebele segolobogolo tse di buang kaga Moya o Mogolo, “yo o re bopileng,” e leng se se tshwanang le se se kaiwang ke leina la bomodimo, Jehofa, “O Dira Gore go Nne.” Dilo tse dingwe tse di tshwanang di akaretsa Morwalela le moya o o bosula o Baebele e o bitsang Satane.—Genesise 1:1-5; 6:17; Tshenolo 12:9.

Go Tlhaloganya Difilosofi Tsa Baamerika ba Tlholego

Bakwadi ba Baamerika ba Tlholego e bong Tom Hill le Richard Hill ba tlhalosa dineo tse tlhano tse ba reng Baamerika ba Tlholego ba di filwe ke borraabonemogologolwane. “Neo ya ntlha . . . ke go rata naga thata.” Ke mang tota yo o ka ganelang fa go akanngwa ka hisitori ya bone pele Bayuropa ba tla le fa ba sena go tla? Naga ya bone, e gantsi Baamerika ba Tlholego ba neng ba e tsaya e le boitshepo e ne ya gapiwa ka maano a botlhajana, ka bonokwane kana ka go dira ditumalano tse di neng di sa diragadiwe.

“Neo ya bobedi ke maatla le moya o diphologolo mmogo le batho ba nang le one.” Tsela e Baamerika ba Tlholego ba tlotlang diphologolo ka yone e ile ya itshupa ka ditsela tse dintsi. Ba ne ba di tsomela fela go di ja, go dira diaparo le fa ba aga matlo. Tota batho ba ba tlholegileng koo ga se bone ba neng ba nyeletsa nare (bison) mme ke basweu ba ba neng ba nyoretswe madi e bile ba thibilwe matlho ke bogagapa.

“Ya boraro ke maatla a moya, ao e leng ba losika ba ba tshelang, ba ba buang le rona ka ditshwantsho tsa bone tse re di dirileng.” Seno ke selo se se tshwanang mo ditumelong tse di mo lefatsheng lotlhe—gore moya o tswelela o tshela fa motho a sena go swa.b

“Ya bonè, ke go tlhaloganya gore re bomang, goo go supiwang le go tshegediwa ke dingwao tsa merafe ya rona.” Gompieno seno se bonwa tota mo meletlong ya semorafe, koo batho ba kokoanang teng go tlotla ka dikgang tsa semorafe kana kwa meletlong ya tikologo ya bone, koo go binwang le go opelwa ka tsela ya semorafe. Kapari ya Seindia, moribo wa meropa, go bina, go kopana ga ba losika le dikgotla—tsotlhe tseno di supa ngwao ya semorafe.

“Neo ya bofelo ke go kgona go bopa dilo—re dira dilo tse re di dumelang ka go dirisa dilo tsa tlholego mo tumelong e bile re ipela ka tsone.” E ka tswa e le go dira diroto, go loga, go bopa le go penta dinkgwana, go dira mabenyane le dikgabisi kana tiro epe fela ya diatla e a bo e amana thata le ngwao le setso se se sa bolong go nna teng.

Go na le merafe e mentsi tota mo go neng go tla tlhokega gore go kwalwe dibuka tse dintsi go tlhalosa ditumelo le ditiro tsa dingwao tsa yone. Se re batlang go se itse jaanong ke go re, Go oologela ga dimilione tsa Bayuropa, ba bontsi jwa bone go tweng ke Bakeresete go ile ga ama jang Baamerika ba Tlholego?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefoko “Baamerika ba Tlholego” le akaretsa le merafe e e nnang kwa Canada. Bontsi bo dumela gore bafaladi ba ntlha ba ba neng ba tswa kwa Asia ba ne ba ralala bokonebophirima jwa Canada ba fologela kwa borwa kwa dithemperetšha di neng di le bothitonyana teng.

b Baebele ga e tshegetse ka gope tumelo ya gore moya ga o swe. (Bona Genesise 2:7; Esekiele 18:4, 20.) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno bona buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, ditsebe 52-7, 75, mmogo le intekese ya yone kafa tlase ga “Moya o o sa sweng, go dumela go.” Buka eno e gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela