Baamerika ba Tlholego—Bokhutlo Jwa Motlha
KE MANG yo o iseng a ko a bone baesekopo ya makhaoboe a lwa le Baindia? Batho mo lefatsheng lotlhe ba kile ba utlwela ka Wyatt Earp, Buffalo Bill le Lone Ranger le Baindia ba ba bidiwang Geronimo, Sitting Bull, Crazy Horse le Kgosi Joseph, mmogo le ba bangwe ba bantsi. Mme gone dibaesekopo tsa Hollywood di boammaaruri go le kana kang? E bile a di ile tsa supa Baindia ka tsela e e siameng tota?
Kgang ya gore Bayuropa ba ne ba fenya Baamerika ba Tlholego ba kwa Bokone (Baindia) e a belaetsa.a A dibuka tsa hisitori di tlhalosa Baindia ka tsela e e tshwanetseng? A go na le sepe se se ka ithutiwang ka bogagapa, kgatelelo, bomorafe le bosetlhogo? Tota ke eng se se diragetseng fa gare ga makhaoboe le Baindia?
Boitshireletso Jwa Bofelo Jwa ga Custer le Kganyaolo ya Kwa Wounded Knee
Ka ngwaga wa 1876, seepamere, Sitting Bull wa kwa Lakota (lekgamu lengwe la a mararo la Ba-Sioux) o ne a eteletse pele ntwa e e itsegeng thata ya Noka ya Little Bighorn, kwa Montana. Lefotenentekolonele “Long Hair” Custer, o ne a akanya gore ka masole a gagwe a le 650 o tla kgona go fenya masole a le 1000 a Ba-Sioux le Ba-Cheyenne. Seno e ne e le phoso e tona tota. O ne a tlile go lwa le setlhopha se gongwe e neng e le sone se segolo go di feta tsotlhe se se kileng sa kokoanngwa sa Baamerika ba Tlholego—ba ka tshwara 3000.
Custer o ne a kgaoganya 7th Cavalry Regiment ya gagwe ka ditlhopha tse tharo. Ene le setlhotshwana sa gagwe ba ne ba tlhasela setlhopha se a neng a akanya gore se bokoa sa kampa nngwe ya Baindia, ba sa letele ditlhopha tse dingwe tse pedi gore di tle go ba thusa. Baindia ba ba neng ba eteletswe pele ke Crazy Horse, Gall le Sitting Bull, ba ne ba gaila Custer le setlhopha sa gagwe sa masole a a ka nnang 225. Baindia ba ne ba fentse le mororo e ne e le ka lone lobaka loo fela mme Bosole jwa United States bo ne bo utlwisitswe botlhoko thata ke go fenngwa gono. Lefa go ntse jalo, ba ne ba tlile go ipusolosetsa ka tsela e e setlhogo dingwaga tse 14 moragonyana.
Kgabagare, Sitting Bull o ne a ineela gonne a ne a solofeditswe gore o tla itshwarelwa. Go na le moo o ne a tshwarwa ka lobakanyana kwa Fort Randall, kwa Dakota Territory. Fa a setse a tsofetse, o ne a bonwa gape phatlalatsa mo ditshupong tse di neng di tsamaya le mafelo tsa Buffalo Bill’s Wild West. Moeteledipele yono yo a neng a kile a bo a tlotliwa thata jaanong o ne a supa fela kafa a kileng a bo a le setswerere thata ka teng jaaka seepamere.
Ka 1890, Sitting Bull (yo leina la gagwe ka Se-Lakota e leng Tatanka Iyotake) o ne a bolawa ka go hulwa ke mapodisi a Baindia a a neng a rometswe go ya go mo tshwara. O ne a bolawa ke Ba-Sioux ba ba bidiwang “Metal Breasts” (ba ba neng ba na le dibetšhe tsa sepodisi), Lefotenente Bull Head le Sajene Red Tomahawk.
Mo go one ngwaga oo, Baindia ba ne ba fenngwa mo go ganeng ga bone go busiwa ke basweu mo ntweng e ba neng ba ganyaolwa mo go yone ya Molapo wa Wounded Knee kwa Great Plains tsa Amerika. Ke koo banna, basadi le bana ba Ba-Sioux ba le 320 ba neng ba bolaelwa teng ke masole a feterale ka dikanono tsa bone tse di hulang ka bonako tsa Hotchkiss. Masole a ne a ipelafatsa a bolela gore a ne a busolosetsa ditsala tsa one, Custer le banna ba gagwe, ba ba neng ba bolaetswe kwa dithabeng tse di okameng Noka ya Little Bighorn. Dintwa le dikgotlhang tseno tse di neng di runya gangwe le gape tse di tsereng dingwaga tse di fetang 200 fa gare ga batlhasedi ba ba neng ba tlile go nna mo Amerika le merafe e e tlholegileng koo e ba neng ba e dikaganyeditse di ne tsa fela jalo.
Mme go ne go tlile jang gore Baamerika ba Tlholego ba nne kwa Amerika Bokone? Ba ne ba tshela ka tsela efe pele basweu ba ntlha ba goroga kwa Amerika Bokone?b Ke eng se se neng sa dira gore kgabagare ba fenngwe ba bo ba busiwe? Mme gone jaanong boemo jwa Baindia ke bofe mo nageng e jaanong e busiwang ke ditlogolwana tsa baagedi ba ntlha ba Bayuropa? Dipotso tseno, mmogo le tse dingwe di tla arabiwa mo ditlhogong tse di latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Le mororo bangwe ba batla go bidiwa “Baamerika ba Tlholego,” leina “Baindia” le santse le dirisiwa mo dibukeng tse dintsi. Re tlile go dirisa mareo ano otlhe. “Baindia” ke leina le Columbus a neng a le taya batho ba a neng a ba fitlhela bao gonne a ne a akanya gore o gorogile kwa India fa a ne a goroga kwa se jaanong se bidiwang West Indies.
b Mo ditlhogong tseno re bua fela ka Baindia ba Amerika Bokone. Go tlile go tlotliwa ka Baindia ba Baamerika ba Mexico, Amerika Bogare le Amerika Borwa—Ba-Aztec, Ba-Maya, Ba-Incas, Ba-Olmec le ba bangwe—mo ditokololong tse di tlang tsa makasine ono.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go fitlhiwa baswi kwa Wounded Knee
[Motswedi wa Setshwantsho]
Montana Historical Society