LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 9/8 ts. 19-24
  • Kafa Naga ya Bone e Gapilweng ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Naga ya Bone e Gapilweng ka Teng
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kutlwano e e Feletseng ka Ntwa
  • “Phatlha e Kgolo Ya go Sa Tlhaloganyaneng”
  • Mmolai yo o Setlhogo Thata
  • Go ne ga Diragala Eng ka Ditumalano?
  • “Mosepele o Moleele” le Mosepele wa Dikeledi
  • Isagwe ya Bone e Tlile go Nna Jang?
    Tsogang!—1996
  • Baamerika ba Tlholego—Bokhutlo Jwa Motlha
    Tsogang!—1996
  • Baindia ba Kwa Brazil—A ba Tla Nyelediwa?
    Tsogang!—2007
  • Ba Tlholegile ba Tswa Kae?
    Tsogang!—1996
Tsogang!—1996
g96 9/8 ts. 19-24

Kafa Naga ya Bone e Gapilweng ka Teng

KA DINGWAGA tse dintsi, kgang ya United States e ne e sobokanngwa ka polelwana e e reng, “Kafa Bophirima bo Gapilweng ka Teng.” Difilimi tsa Hollywood di ne di supa kafa bathibeledi ba basweu ba neng ba ralala dipoa le dithaba tsa Amerika ka teng, ba na le masole a a tshwanang le John Wayne, makhaoboe le bathibeledi ba lwa le Baindia ba ba setlhogo, ba ba bolalome, ba ba lwang ka go kgatikanya dithamaoka. Fa basweu bone ba ne ba batla go gapa naga le gouta, baruti le bareri ba Labokeresete bone ba ne ba dira e kete ba tlile go falotsa meya.

Batho ba ntlhantlha, batho ba ba tlholegileng kwa Amerika ba leba hisitori eo ka tsela efe? Fa Bayuropa ba goroga, Baindia “ba ne ba bona go tsena dilalome tse di pelotshetlha tse ba iseng ba ko ba di bone mo tikologong ya bone: bathopi ba basweu ba Bayuropa,” go bolela jalo buka ya The Native Americans—An Illustrated History.

Kutlwano e e Feletseng ka Ntwa

Kwa tshimologong, bontsi jwa Bayuropa ba ntlha ba ba neng ba goroga kwa Bokonebotlhaba jwa Amerika ba ne ba amogelwa ka bopelonomi e bile baagi ba koo ba tlholego ba ne ba dirisana sentle le bone. Pego nngwe ya re: “Kwa ntle ga thuso ya Ba-Powhatan, Baboritane ba ba neng ba thibelela kwa Jamestown, kwa Virginia, eo e leng kolone ya ntlha e e neng ya nnela ruri ya Baesemane kwa New World, ba ka bo ba ile ba se ka ba falola mariga a ntlha a a maswemaswe a 1607-08. Ka tsela e tshwanang, kolone ya Pilgrim e e kwa Plymouth kwa Massachusetts, e ka bo e se kile ya nna teng fa e ne e se ka thuso ya Ba-Wampanoag.” Baagi bangwe ba koo ba tlholego ba ne ba supetsa baagedi bano tsela ya go tsenya mmu menontsha le go jala dijalo. E bile, a gone letsholo la ga Lewis le Clark la 1804-06—la go dira gore go nne le dipalangwa fa gare ga Louisiana Territory le se se neng se bidiwa Oregon Country—le ka bo le ile la atlega fa Sacagawea, mosadi wa Mo-Shoshone a ne a se ka a thusa le go tsereganya? O ne a thusa gore “go nne le kagiso” fa ba ne ba lebane le Baindia.

Lefa go ntse jalo, tsela e Bayuropa ba neng ba dirisa naga le dikuno tsa yone tse di neng di tlhaela ka yone le e batho ba bantsi ba neng ba thologela mo Amerika Bokone ka yone, di ne tsa dira gore go nne le dintwa fa gare ga batlhasedi le batho ba ba tlholegileng koo. Mokwalahisitori wa Mo-Canada, Ian K. Steele o tlhalosa gore mo lekgolong la bo17 la dingwaga go ne go na le Ba-Narragansett ba le 30 000 kwa Massachusetts. Kgosi ya bone Miantonomo, “fa a lemoga gore go tlile go nna le mathata . . . o ne a kopana le Ba-Mohawk go bopa setlhopha se segolo se se kgatlhanong sa Baindia ba Baamerika.” Go kwadilwe gore o ne a bolelela Ba-Montauk jaana ka 1642: “Re [tshwanetse] go nna seoposengwe fela jaaka [Baesemane], go sa nneng jalo re tlile go nyelela ka bonako, gonne lo a itse gore borraarona ba ne ba na le diphologolo tse dintsi tsa naga le matlalo, dipoa le dikgwa tsa rona di ne di tletse ka diphologolo, le ka [dikalakune], le mekgatšha ya rona e tletse ditlhapi le dinonyane tsa metsi. Mme jaanong fa Baesemane bano ba sena go tsaya naga ya rona, ba ne ba kgaola tlhaga ka disekele ba bo ba rema ditlhare ka dilepe; dikgomo le dipitse tsa bone di ja tlhaga, dikolobe tsa bone di kgobera matshitshi a rona, mo re tlileng go swa rotlhe ke tlala.”—Warpaths—Invasions of North America.

Miantonomo o ne a se ka a kgona go bopa letsholo le le utlwanang la Baamerika ba Tlholego. O ne a thopiwa ka 1643 mo ntweng ya semorafe ke Kgosi Uncas wa morafe wa Ba-Mohegan ba ba neng ba mo isa kwa Baesemaneng ba re o a tsuologa. Baesemane ba ne ba sa letliwe ke molao go sekisa Miantonomo le go mmolaya. Ba ne ba akanya tharabololo e e tla ba siamelang. Steele o tswelela jaana: “Ka go bo ba ne ba sa kgone go bolaya [Miantonomo], yo a neng a nna ka kwa ntle ga dikolone tsotlhe tsa bone, bokomisinara ba ne ba mo neela Uncas gore a mmolaye, mme go na le Baesemane ba ba neng ba tlile go tsaya bosupi jwa gore seo se dirilwe.”

Seno ga se supe fela dintwa tse di sa feleng tsa badiradikolone le batho ba ba tlholegileng ba nna koo mme gape le dikgotlhang le boferefere jo bo neng bo le teng mo merafeng eo, e le tse di neng di sa bolo go nna teng le pele basweu ba goroga kwa Amerika Bokone. Fa Baboritane le Bafora ba ne ba lwela Amerika Bokone ba batla go e dira kolone, ba ne ba na le merafe e e ba emeng nokeng, fa e mengwe e ne e eme Bafora nokeng. Merafe eno yotlhe e ne e latlhegelwa thata le fa go ne go ka fenya letlhakore lefe.

“Phatlha e Kgolo Ya go Sa Tlhaloganyaneng”

Kgopolo nngwe ya Bayuropa bano ba ba neng ba tlile go tlhasela ke eno: “Baeteledipele ba ditšhaba tsa Baindia ba ne ba se ka ba tlhaloganya ka bonako tsela e Bayuropa ba neng ba leba Baindia ka yone. Mo go bone e ne e se basweu e bile e se Bakeresete. E ne e le dilalome—ba sa tlhabologa e bile ba le setlhogo—ba le bantsi ba ne ba ba tsaya ba le kotsi thata e bile ba sule dipelo mo ba neng ba ka se ka ba rekisiwa jaaka makgoba.” Boikutlo jono jwa go tseela merafe eno kwa tlase bo ne jwa e gobatsa thata.

Baamerika ba Tlholego ba ne ba sa tlhaloganye kgopolo eno ya Bayuropa. Fa a ne a buisana le Tsogang! bosheng jaana, moitsemolao wa Mo-Navajo, Philmer Bluehouse o ne a go bitsa “phatlha e kgolo ya go sa tlhaloganyaneng.” Baagi ba ba tlholegileng koo ba ne ba sa lebe mokgwa wa bone wa botshelo o le o o nyatsegang, go na le moo ba ne ba o leba fela o farologane, o farologane ka dilo tse ba di lebang di le botlhokwa. Ka sekai, Baindia ba ne ba leba go rekisa naga e le selo se se sa tlwaelegang. A o ka nna le moya, phefo, metsi a gago wa bo wa di rekisa? Jaanong ke eng fa o dira jalo ka naga? E ne e le ya botlhe. Ka jalo, Baindia ba ne ba sa agelele naga ya bone.

Ka jalo, fa Baboritane, Ba-Spain le Bafora ba tla, go ne ga diragala se se ileng sa tlhalosiwa jaaka “kotsi ya masetlapelo ya go kopana ga dingwao tse pedi tse di sa tshwaneng.” Baagi bano ba ntlhantlha ba koo e ne le batho ba ba neng ba tshetse makgolokgolo a dingwaga mo nageng eo le dimela le diphologolo tsa yone e bile ba itse go tshela koo ba sa senye tikologo eo. Lefa go ntse jalo, basweu ba ne ba leba baagi bano ba koo ba tlholego ba sa tlhabologa, e le ditshedi fela tse di setlhogo—ba itebatsa bosetlhogo jo ba neng ba bo dira mo go bone gore ba ba ikobele! Ka 1831, mokwalahisitori wa Mofora, Alexis de Tocqueville, o ne a sobokanya tsela e basweu ba neng ba leba Baindia ka yone jaana: “Legodimo ga le a ba tlholela gore ba tlhabologe; ba tshwanetse go swa.”

Mmolai yo o Setlhogo Thata

Fa bathibeledi bano ba basha ba ntse ba thologela kwa bophirima ba raletse Amerika Bokone, dintwa di ne tsa nna dintsi thata. Ka jalo, lefa Baindia ba ne ba tlhasela pele kana go simolola Bayuropa, matlhakore oomabedi a ne a dira bosetlhogo. Baindia ba ne ba boifiwa ka go bo ba ne ba bua ditlhogo tsa batho, mokgwa o bangwe ba dumelang gore ba o tsere mo Bayuropeng, ba ba neng ba reka matlalo ano a tlhogo ka dilwana. Lefa go ntse jalo, Baindia ba ne ba ka se ka ba fenya—ba le bannye ka palo e bile ba sena dibetsa. Mo makgetlhong a mantsi merafe eno e ne e felela e tlogetse dinaga tsa borraabonemogolo kana e sule. Gantsi go ne go diragala dilo tseno tsoopedi—ba ne ba tlogela naga ya bone mme ba bolawa kana ba swa ka ntlha ya malwetse kana tlala.

Legale baagi bano ba tlholego ba ne ba sa swe thata mo dintweng. Ian K. Steele o kwala jaana: “Sebetsa se se neng se bolaya thata fa go ne go tlhaselwa Amerika Bokone e ne e se tlhobolo, pitse, Baebele kana ‘tlhabologo’ ya Bayuropa. E ne e le kgogodi.” Patrica Nelson Limerick, porofesa wa hisitori, o ne a kwala jaana ka mokgwa o malwetse a Old World a neng a tlhasela ka teng kwa Amerika: “Fa a ne a fitlha kwa New World, one malwetse ao [a Bayuropa ba neng ba sa bolo go kgona go emelana le one]—thutlwa, mmokwane, foluu, malaria, letshoroma le lesetlha, lenta, thibii, mme mo godimo ga one otlhe, sekgwaripana—a ne a ba tsena bonolo fela. Go ne go swa batho ba le bantsi mo metseng yotlhe ba ka nna diperesente di le 80 kana 90.”

Russell Freedman o tlhalosa kgogodi ya sekgwaripana e e neng ya tlhasela ka 1837. “E ne ya tlhasela Ba-Mandan pele, ka bonako fela ga latela Ba-Hidatsa, Ba-Assiniboin, Ba-Arikara, Ba-Sioux le Ba-Blackfoot.” Ba-Mandan ba ne ba batla ba swa botlhe. Mo baaging ba ba neng ba le 1600 ka 1834 go ne go setse ba le 130 ka 1837.

Go ne ga Diragala Eng ka Ditumalano?

Le go fitlha gompieno, bannabagolo ba merafe eno ba ka go bolelela matlha a ditumalano tse puso ya United States e di saenneng le borraabonemogolo mo lekgolong la bo19 la dingwaga. Tota ditumalano tseno di ne di ba neela eng? Gantsi di ne di sa itumedise, ba tseelwa naga e ntle ba fiwa e e sa itumediseng ba bo ba newa madinyana ke puso.

Sekai sa kafa merafe e e tlholegileng koo e neng e nyadiwa ka gone ke se se neng sa direlwa ditšhaba tsa Ba-Iroquois (go tloga kwa botlhaba go ya kwa bophirima Ba-Mohawk, Ba-Oneida, Ba-Onondaga, Ba-Cayuga le Ba-Seneca) fa Baboritane ba sena go fenngwa ke batlhomadikolone ba Baamerika ka ntwa e ba neng ba bona kgololesego mo go yone e e neng ya khutla ka 1783. Ba-Iroquois ba ne ba eme Baboritane nokeng, mme go ya ka Alvin Josephy, Jr., ba ne ba ba duela ka go ba latlha le go ba tlhapatsa. Baboritane “ba ne ba neetse United States naga ya [Ba-Iroquois], ba sa ba rerisa le eseng.” O oketsa ka go bolela gore tota le Ba-Iroquois ba ba neng ba rata batlhomadikolone go na le Baboritane “ba ne ba gatelelwa ke dikhampani tse di neng di batla naga le go e rekisa le ba bangwe ba ba neng ba batla go dira madi mmogo le puso ya Amerika ka boyone.”

Fa go ne go epiwa pitso ya go dira tumalano ka 1784, James Duane, yo e neng e kile ya bo e le moemedi wa Komiti ya Dikgang tsa Baindia ya Continental Congress, o ne a kgothaletsa baemedi ba puso gore “ba koafatse tsela epe fela e Ba-Iroquois ba neng ba santse ba itshepa ka yone ka go ba tseela kwa tlase.”

Dikakantsho tseno tsa gagwe tsa boikgodiso di ne tsa dirwa. Ba-Iroquois bangwe ba ne ba tshwarwa mme “dipuisano” di ne tsa tshwarwa ba supilwe ka ditlhobolo. Le mororo ba ne ba sa itebe ba fentswe mo dintweng, Ba-Iroquois ba ne ba tshwanela go ineela go tseelwa naga ya bone e e kwa bophirima jwa New York le Pennsylvania mme ba newa naganyana e nnye mo New York State.

Go ne ga dirisiwa maano a a tshwanang mo merafeng e mentsi e e tlholegileng koo. Josephy gape o bolela gore baemedi ba Baamerika ba ne ba dirisa “pipamolomo, matshosetsi, bojalwa le bonokwane mo baemeding ba ba neng ba sena thata epe go leka go tsaya naga ya Ba-Delaware, Ba-Wyandot, Ba-Ottawa, Ba-Chippewa [kana Ba-Ojibwa], Ba-Shawnee le ditšhaba dingwe tsa kwa Ohio.” Ga go gakgamatse go bo Baindia ba ne ba se ka ba tlhola ba tshepa basweu le ditsholofetso tsa bone tse ba neng ba sa di dire!

“Mosepele o Moleele” le Mosepele wa Dikeledi

Fa Ntwa ya Semorafe ya Amerika (1861-65) e ne e tlhagoga, e ne ya ntsha masole kwa nageng ya Ba-Navajo kwa Borwabophirima. Ba-Navajo ba ne ba dirisa paka eno go tlhasela metsana ya Baamerika le ya Ba-Mexico e e kwa Mokgatšheng wa Rio Grande mo nageng ya New Mexico. Puso e ne ya romela Kolonele Kit Carson le masole a gagwe a New Mexico Volunteers go ya go emisa Ba-Navajo le go ba fudusetsa kwa nageng e e lokgere e e bidiwang Bosque Redondo. Carson o ne a tsamaya a senya dijo le dilo tse Ba-Navajo ba tshelang ka tsone gore ba bolawe ke tlala mme ba tswe kwa Canyon de Chelly e e kgatlhang thata kwa bokonebotlhaba jwa Arizona. O ne a bo a senya le ditlhare tse di fetang 5000 tsa diperekisi.

Carson o ne a phutha batho ba ba ka tshwarang 8000 mme a ba pateletsa go tsaya “Mosepele o Moleele” wa dikilometara di le 500 go ya kwa kampeng ya batshwarwa ya Bosque Redondo e e kwa Fort Sumner, kwa New Mexico. Pego nngwe ya re: “Go ne go le tsididi tota, mme bontsi jwa batshwara ba ba sa aparang sentle e bile ba tshwerwe ke tlala ba ne ba swela mo tseleng.” Maemo kwa lefelong le ba neng ba isiwa kwa go lone a ne a le maswe thata. Ba-Navajo ba ne ba tshwanela go epa mesima fa fatshe gore ba inamole. Ka 1868, fa puso e sena go bona phoso ya bosetlhogo eo e e dirileng, e ne ya naya Ba-Navajo diheketara di le dimilione di le 1,4 tsa nagagae ya borraabonemogolo kwa Arizona kwa New Mexico. Ba ne ba boela gae mme a bo ba ne ba latlhegetswe jang ne!

Fa gare ga 1820 le 1845, diketekete tse di masomesome tsa Ba-Choctaw, Ba-Cherokee, Ba-Chickasaw, Ba-Creek le Ba-Seminole ba ne ba kobiwa mo nageng ya bone kwa Borwabotlhaba mme ba patelediwa go tsamaela kwa bophirima, go kgabaganya Noka ya Mississippi ba ya kwa go se jaanong e leng Oklahoma, bokgakala jwa dikilometara di le makgolokgolo. Bontsi bo ne jwa swa ka ntlha ya mariga a a maswe. Mosepele wa ba ba neng ba patelediwa go tsamaela kwa bophirima o ne wa itsiwe ka leina le le maswe la Mosepele wa Dikeledi.

Tshiamololo e e neng ya direlwa Baamerika ba Tlholego e nonotshiwa gape ke mafoko a mojenerale wa Moamerika, George Crook, yo a neng a tsoma Ba-Sioux le Ba-Cheyenne kwa bokone. O ne a bolela jaana: “Ga se gantsi o ka utlwang Baindia ba bolela letlhakore la bone la kgang eno. . . . Moragonyana fa [Baindia] ba lwa mongwe le mongwe o leba Baindia, go kgalwa fela ditiro tsa bone tse di bosula le bosetlhogo, fa batho ba ba neng ba ba direla tshiamololo ba sa bonwe ke ope molato . . . Baindia ke bone fela ba ba itseng seno sentle, ka gone ba ka itshwarelwa gonne ga ba bone tshiamo epe mo pusong e sa yone e leng go ba otlhaya fela, mme e letla basweu go ba tlhasela fela jaaka ba batla.”—Bury My Heart at Wounded Knee.

Botshelo jwa Baamerika ba Tlholego bo ntse jang gompieno morago ga go busiwa ke Bayuropa ka dingwaga di le lekgolo? A ba mo kotsing ya go nyamela ka ntlha ya go tlhakatlhakana le merafe e mengwe? Tsholofelo ya bone ka isagwe ke eng? Setlhogo se se latelang se tlile go araba dipotso tseno mmogo le tse dingwe.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Botshelo Jo Bo Bokete Jwa Basadi

Ka nako ya fa banna ba merafe e mentsi e ne e le batsomi le masole, basadi ba ne ba bereketse ruri, ba godisa bana, ba jala le go roba mabele, mmogo le go a setla ba dira boupe. Colin Taylor o tlhalosa jaana: “Tiro e kgolo ya basadi ba ba neng ba nna kwa Plains . . . e ne e le go tlhokomela legae, go tshola bana le go dira dijo. Mo merafeng e e neng e lema ba ne ba lema masimo, . . . fa ba merafe ya kwa bophirima e e neng e tsoma dinare e sa nne felo go le gongwe, ba ne ba thusa mo go tlhabeng diphologolo, ba lere nama mo dikampeng ba bo ba apaya nama eno le go suga matlalo ano go a dirisa mo isagweng.”—The Plains Indians.

Buka eno e bolela jaana ka Ba-Apache: “Tiro ya go lema le go rua e ne e le ya basadi mme e ne e se e e ba nyenyefatsang kana ya maemo a a kwa tlase. Banna ba ne ba thusa lefa go ntse jalo basadi ba ne ba tsaya go lema le go rua masisi go feta banna. . . . Basadi ba bantsi ba ne ba itse go dira ditiro tsa ngwao tsa temothuo. . . . Basadi ba bantsi ba ne ba rapela fa ba ntse ba nosetsa masimo.”—The Native Americans—An Illustrated History.

Basadi ba ne ba dira maobo a a neng a bidiwa di-tepee, a gantsi a neng a fetsa dingwaga tse pedi. Ba ne ba a aga ba bo ba a rutlolola fa morafe o ne o tshwanelwa ke go fuduga. Tota gone, basadi ba ne ba tshela bokete tota. Fela jalo le banna ba ba neng ba disa morafe. Basadi ba ne ba tlotliwa e bile ba na le ditshwanelo tse dintsi. Mo merafeng e mengwe e e jaaka Ba-Hopi, le go fitlha gompieno basadi e santse e le bone beng ba dithoto.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Phologolo E E Neng Ya Fetola Lefatshe La Bone

Bayuropa ba ne ba lere phologolo nngwe kwa Amerika Bokone e e neng ya fetola mokgwa wa botshelo wa merafe e mentsi—pitse. Mo lekgolong la bo17 la dingwaga, Ba-Spain e ne ya nna bone ba ntlha go lere dipitse mo kontinenteng eo. Baamerika ba Tlholego ba ne ba kgona go di palama fela ka matsetseleko di sena disale, seo se ileng sa lemogiwa ka bonako fela ke Bayuropa ba ba neng ba ba tlhasela. Batho bano ba ba tlholegileng koo bano ba ne ba kgona go tsoma bison motlhofo. Mme merafe e e neng e sa nne felo go le gongwe e ne e kgona go tlhasela merafe e e nnang mo metseng mme ka gone e ne e kgona go utswa basadi le makgoba.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 19]

(For fully formatted text, see publication)

Mafelo a merafe mengwe kwa Amerika Bokone mo lekgolong la bo17 la dingwaga

Kutenai

Spokan

Nez Perce

Shoshone

Klamath

Northern Paiute

Miwok

Yokuts

Serrano

Mohave

Papago

Blackfoot

Flathead

Crow

Ute

Hopi

Navajo

Jicarilla

Apache

Mescalero

Lipan

Plains Cree

Assiniboin

Hidatsa

Mandan

Arikara

Teton

Cheyenne

Sioux

Yankton

Pawnee

Arapaho

Oto

Kansa

Kiowa

Comanche

Wichita

Tonkawa

Atakapa

Yanktonai

Santee

Iowa

Missouri

Osage

Quapaw

Caddo

Choctaw

Ojibwa

Sauk

Fox

Kickapoo

Miami

Illinois

Chickasaw

Alabama

Ottawa

Potawatomi

Erie

Shawnee

Cherokee

Catawba

Creek

Timucua

Algonquian

Huron

Iroquois

Susquehanna

Delaware

Powhatan

Tuscarora

Micmac

Malecite

Abnaki

Sokoki

Massachuset

Wampanoag

Narragansett

Mohegan

Montauk

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Indian: Artwork based on photograph by Edward S. Curtis; North America: Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Melogo ya Ba-Navajo le mabenyane a bone

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Canyon de Chelley, koo “Mosepele o Moleele” o simologileng teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela