Isagwe ya Bone e Tlile go Nna Jang?
FA A ne a buisana le Tsogang!, kgosi ya kagiso ya Ba-Cheyenne, Lawrence Hart o ne a bolela gore bongwe jwa bothata jwa rona Baindia ke gore “re lebane le bothata jwa go latlhisiwa ngwao ya rona le go nyalanngwa le basele. Ka sekai, ga re tlhole re bua dipuo tsa rona. Ka nako nngwe e ne e le molao o o tlhomilweng ke puso. Go ne ga dirwa maiteko a magolo go re ‘tlhabolola’ ka thutego. Re ne re romelwa kwa dikolong tse re neng re nna fela kwa go tsone e bile re thibelwa go bua dipuo tsa merafe ya rona.” Sandra Kinlacheeny o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke ka bua Se-Navajo kwa sekolong se re neng re nna kwa go sone, morutisi o ne a tlhatswa legano la me ka sesepa!”
Kgosi Hart o tswelela jaana: “Selo se se kgothatsang thata morago jaana ke gore merafe e e farologaneng e a lemoga jaanong. E lemoga gore dipuo tsa yone di tlile go nyelela fa e sa dire maiteko.”
Go setse batho ba le lesome fela ba ba buang Se-Karuk, puo e e buiwang ke morafe mongwe wa kwa California. Ka January 1996, Red Thunder Cloud (Carlos Westez), Moindia wa bofelo yo a neng a bua Se-Catawba, o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 76. O ne a na le dingwaga tse dintsi a sena yo a ka buang puo eo le ene.
Kwa Diholong tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa kwa dikgaolong tsa Ba-Navajo le Ba-Hopi kwa Arizona, mo e ka nnang mongwe le mongwe o bua Se-Navajo kana Se-Hopi le Seesemane. Tota le Basupi ba e seng Baindia ba ithuta Se-Navajo. Basupi ba tshwanetse go itse Se-Navajo gore ba kgone go dira tiro ya go ruta Baebele, gonne Ba-Navajo ba bantsi ba itse yone puo eo ya bone fela. Se-Hopi le Se-Navajo ke dipuo tse di santseng di buiwa thata e bile basha ba kgothalediwa go di bua kwa dikolong.
Thutego ya Baamerika ba Tlholego
Go na le dikholetšhe di le 29 tsa Baindia tse di nang le baithuti ba le 16 000 kwa United States. Ya ntlha e ne ya bulwa ka 1968 kwa Arizona. “Eno ke nngwe ya diphetogo tse di kgatlhang thata mo Nageng ya Baindia, tshwanelo ya go ruta ka tsela e re e batlang,” go ne ga bolela jalo Dr. David Gipp wa American Indian Higher Education Committee. Kwa Sinte Gleska University, motho o tshwanetse go ithuta Se-Lakota mo dithutong tsa gagwe.
Go ya ka Ron McNeil (Hunkpapa Lakota), poresidente wa American Indian College Fund, dipalo tsa Baamerika ba Tlholego ba ba senang ditiro e tloga go diperesente di le 50 go ya go di le 85 e bile Baindia ba swa ka bonako e bile bontsi jwa bone bo tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri, thibii le go lemalela bojalwa thata go feta ditlhopha tsotlhe kwa United States. Go rutega ke sengwe sa dilo di sekae fela tse di ka nnang tsa thusa.
Naga e e Boitshepo
Bontsi jwa Baamerika ba Tlholego ba leba naga ya borraabonemogolo e le boitshepo. Go ntse fela jaaka White Thunder a ne a bolelela mosenate mongwe jaana: “Naga eno ya rona e botlhokwa go gaisa dilo tsotlhe mo lefatsheng.” Fa ba ne ba dira dikgolagano le ditumalano, Baindia gantsi ba ne ba tsaya gore e ne e le fela gore basweu ba dirise naga ya bone mme e seng go e tsaya le go e dira ya bone. Merafe ya Baindia ba Ba-Sioux e ne ya latlhegelwa ke naga e e humileng tota kwa Black Hills e e kwa Dakota ka bo1870, fa borameepo ba ne ba thologela koo ba batla gauta. Ka 1980, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e ne ya laela puso ya United States gore e phimole merafe e le robedi ya Ba-Sioux dikeledi ka go e duela didolara di le dimilione di le 105 (diranta di le dimilione di le 157,5). Go fitlha gompieno merafe eno e gana tuelo eno—e batla gore e busediwe naga ya yone e e boitshepo, Black Hills tsa South Dakota.
Baindia ba bantsi ba Ba-Sioux ga ba itumele fa ba bona difatlhego tse di betlilweng tsa boporesidente ba basweu tse di leng mo Thabeng ya Rushmore, kwa Black Hills. Mo thabeng nngwe e e fa gaufi, babetli ba betla setshwantsho se setona go gaisa. Ke sa ga Crazy Horse, moeteledipele wa ntwa wa morafe wa Ba-Oglala ba Ba-Sioux. Sefatlhego sa sone se tlile go wediwa ka June 1998.
Dikgwetlho Tsa Gompieno
Baamerika ba Tlholego ba ile ba tshwanela go fetoga tota gore ba kgone go tshela mo lefatsheng leno la segompieno. Bontsi jaanong bo rutegile e bile bo tswa kwa dikholetšheng mo ba kgonang go dirisa bokgoni jono go thusa merafe ya bone. Mongwe wa bone ke Burton McKerchie yo o buang ka boleta, Mo-Chippewa yo o tswang kwa Michigan. O ile a direla Public Broadcasting Service difilimi dingwe mme jaanong o dira kwa sekolong se segolo kwa Hopi Reservation kwa Arizona, o rulaganyetsa ditlelase dithuto tsa bidio mo nageng eo yotlhe. Yo mongwe gape ke Ray Halbritter, moeteledipele wa morafe wa setšhaba sa Ba-Oneida yo o tseneng kwa Harvard.
Arlene Young Hatfield, o ne a kwala mo Navajo Times, a bolela gore basha ba Ba-Navajo ga ba na maitemogelo e bile ga ba tshwanelwe ke gore ba intshe setlhabelo jaaka batsadi ba bone le borraabonemogolo ba ne ba dira fa ba ne ba gola. O ne a kwala jaana: “Ka ntlha ya didirisiwa [tsa segompieno] ga ba ise ba ko ba ye kgonnye kana ba reme dikgong, ba ge metsi kana gone go disa dinku jaaka borraabonemogolo. Ga ba thuse go tlamela lelapa jaaka rona re ne re dira bogologolo re santse re le bana.” O konela jaana: “Ga re ka ke ra falola mathata a loago a a tlileng go ama bana ba rona. Ga re ka ke ra tlhaola malapa a rona, kana kgaolo e re nnang mo go yone mo lefatsheng lotlhe, e bile re ka se ka ra boela ra tshela jaaka borraaronamogolo.”
Seo ke kgwetlho mo Baamerikeng ba Tlholego—go bona tsela ya go tswelela ka dingwao tsa merafe ya bone le dilo tse di botlhokwa mo go bone ba ntse ba fetofetoga le lefatshe le le fetogang ka bonako.
Go Lwa le Diokobatsi le Bojalwa
Le go fitlha gompieno, go lemalela bojalwa go santse go le gontsi thata mo Baamerikeng ba Tlholego. Dr. Lorraine Lorch, yo o nang le dingwaga di le 12 e le ngaka ya bana le ngaka ya malwetse otlhe ya Ba-Hopi le Ba-Navajo, o ne a bolela jaana fa Tsogang! e ne e mmotsolotsa: “Banna le basadi ba na le bothata jo bogolo jwa go tshwakgolwa ke bojalwa. Mebele e e nonofileng e tlhaselwa ke bolwetse jwa sebete, ba swa mo dikotsing, ba a ipolaya le go bolaana. Go utlwisa botlhoko tota go bona go lemalela bojalwa go dira gore motho a tlhokomologe bana, motho yo a nyalaneng nae le Modimo tota. Setshego se fetoga selelo, bonolo bo a fela go nna dintwa.” O ne a oketsa jaana: “Tota le mengwe ya meletlo, e Ba-Navajo le Ba-Hopi ba neng ba e tseela kwa godimo pele ka dinako tse dingwe e leswefadiwa ke go tagwa le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Bojalwa bo senya boitekanelo, botlhale, botswerere jwa go tlhama dilo le botho jwa batho ba bantle bano.”
Philmer Bluehouse, motsereganyi mo Lephateng la Tshiamiso mo setšhabeng sa Ba-Navajo kwa Window Rock, kwa Arizona, o ne a tlhalosa go sa dirisiwe sentle ga diokobatsi le bojalwa a kobisa a go bitsa “go ikalafa.” Tiriso e e botlhaswa eno e hupetsa bohutsana e bile e thusa motho gore a se ka a lebana le mathata a botshelo a go tlhoka tiro le go tshela a sena boikaelelo.
Lefa go ntse jalo, bontsi jwa Baamerika ba Tlholego ba ile ba kgona go fenya “ledimona” leno la bojalwa le le neng le leriwa ke basweu mme ba ile ba kgona go fenya go tshwakgolwa ke diokobatsi. Dikai tse pedi ke Clyde le Henrietta Abrahamson, ba kwa Spokane Indian Reservation kwa Washington State. Clyde o mokimanyana, moriri le matlho a gagwe a bofitshwanyana. O ne a tlhalosetsa Tsogang! jaana:
“Re goletse mo kgaolong eno mo e ka nnang botshelo jwa rona jotlhe, mme morago re ne ra fudugela kwa toropokgolong ya Spokane gore re tsene kholetšhe. Re ne re sa rate botshelo jwa rona jwa go nnela go nwa bojalwa le diokobatsi. E ne e le jone botshelo fela jo re neng re bo itse. Re ne ra gola re ila dilo tse pedi tseno ka ntlha ya mathata a re boneng di a baka mo malapeng.
“Moragonyana re ne ra kopana le Basupi ba ga Jehofa. Re ne re sa itse sepe ka bone pele re ya kwa toropokgolong. Re ne re sa gatele pele ka bofefo. Gongwe ke ka gonne re ne re sa ikanye batho ba re sa ba itseng, segolo thata basweu. Re ne ra ithuta Baebele re etla re tlogela ka dingwaga tse tharo. Mokgwa o o neng o le bokete thata go o tlogela e ne le wa go goga matekwane. Ke ne ke sale ke simolotse go goga ke santse ke na le dingwaga di le 14 mme ke ne ke setse ke na le di le 25 fa ke leka go tlogela. Ke ne ke nna fela ke tagilwe ke diokobatsi fa ke santse ke le mosha. Ka 1986, ke ne ka bala setlhogo se se reng “Mongwe le Mongwe o Goga Matekwane—Ke Eng fa Nna ke sa Tshwanela?” mo makasineng wa Tsogang! ya January 22 [ya Seesemane]. Se se ne sa dira gore ke kgone go lemoga gore go goga matekwane ke boeleele—segolo jang fa ke sena go bala Diane 1:22 e e reng: ‘Lona ba lo sa tlhalefang, lo tlaa rata botlhoka botlhale ka lobaka lo lo kaye, le basotli go ijesa monate mo go sotleng, le dieleele go ila kitso?’
“Ke ne ka latlha mokgwa ono, mme nna le Henrietta re ne ra nyalana mo dikgakologong tsa 1986. Re ne ra kolobediwa ka November 1986. Ke ne ka nna mogolwane wa phuthego ka 1993. Bomorwadia rona ba babedi ba ne ba kolobediwa go nna Basupi ka 1994.”
A Dikhasino le go Betšha ke Tharabololo?
Ka 1984 go ne go sena Baindia bape ba ba neng ba na le lefelo la go betšha kwa United States. Go ya ka The Washington Post, monongwaga, merafe e le 200 e na le mafelo a le 220 a go betšha mo dinageng tse 24. Ba-Navajo le Ba-Hopi ke dikao tse di tlhomologileng tsa ba ba neng ba se ka ba raelesega. Mme a gone dikhasino le diholo tsa binko di ka dira gore batho ba ba nnang mo dikgaolong tseo ba hume le go bona ditiro? Philmer Bluehouse o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Go betšha ke lerumo le le ntlhapedi. Potso ke gore, A go tlile go solegela batho ba bantsi molemo go feta ba go ba gobatsang?” Pego nngwe e bolela gore dikhasino tsa Baindia di hirile batho ba le 140 000 mo setšhabeng sotlhe mme ya bolela gore Baindia ba dira diperesente di le 15 fela tsa bone.
Kgosi Hart wa Ba-Cheyenne o ne a bolelela Tsogang! maikutlo a gagwe ka mokgwa o dikhasino le go betšha di amileng dikgaolo tseno ka teng. O ne a re: “Selo seno se ntlhakatlhakanya maikutlo. Selo se se molemo fela ke gore merafe e kgona go bona ditiro le madinyana a e duelwang ka one kwa tirong. Kafa letlhakoreng le lengwe, ke lemogile gore bontsi jwa batho ba ba yang kwa go tsone ke ba merafe ya rona. Batho bangwe ba ke ba itseng ba tshwakgotswe ke binko mme ba tloga kwa gae ka bonako le pele bana ba tswa kwa sekolong. Bana bano ba tshwara dilotlele tsa ntlo go fitlha batsadi ba bone ba boa kwa binkong.
“Bothata jo bogolo ke gore malapa ano a akanya gore a tlile go bona madi a mantsi mme a oketse a a bonwang kwa ditirong. Gantsi ga go diragale; ba a jewa. Ke ile ka ba bona ba dirisa madi a a beetsweng dijo kana diaparo tsa bana.”
Isagwe e Tlile go Nna Jang?
Tom Bahti o tlhalosa gore go na le ditlhaloso tse pedi tse di ratiwang thata fa go buiwa ka isagwe ya merafe e e kwa Borwabophirima. “Ya ntlha e bonela pele ka tlhamalalo fela gore setso sa baagi bano ba tlholego se tlile go nyelediwa ke mokgwa wa botshelo jwa bontsi jwa Baamerika. Ya bobedi yone ga e a nonofa . . . E bua ka go fetola setso ka bonya ka bonya, e akantsha go tlhakanya ‘dilo tse di molemo go gaisa tsa bogologolo le tse di molemo thata tsa bosheng’ ka kelotlhoko, go bo go felela ka setso se se kgatlhang thata se mo go sone Baindia ba tla itumelelang melogo ya bone ya bogologolo, ba apere mebala ya bodumedi jwa bone e bile ba dira dilo ka botlhale jwa bone—lefa go ntse jalo ba dirisana sentle le rona ([basweu] mo setsong sa rona se se gaisang sa bone) ba dumalana le dikgopolo tsa rona.”
Go tswa foo, Bahti o botsa potso. “Ga go na kafa ba ka tilang ka teng go fetoga, mme ke mang yo o tlileng go fetoga le gone ka ntlha yang? . . . Rona [basweu] re na le mokgwa o o kgoberang maikutlo wa go tsaya gore batho ba bangwe ke Baamerika ba ba sa tlhabologang. Re akanya gore ba tshwanetse ba bo ba sa itumelele tsela e ba tshelang ka yone mme ba batla go tshela le go akanya jaaka rona.”
O tswelela jaana: “Selo se se boammaaruri ke gore—kgang ya Baindia ba Baamerika ga e ise e fele, mme go santse go tla bonwa gore e tla fela jang kana gore a ruri e tla fela. Gongwe re santse re na le nako ya gore re ka simolola go akanya ka dilo tse di botlhokwa tsa setso sa Baindia ba ba setseng go na le go akanya fela ka mathata a a tshwenyang a loago.”
Botshelo mo Lefatsheng le Lesha la Kutlwano le Tshiamiso
Basupi ba ga Jehofa ba itse sentle go ya ka Baebele gore isagwe ya Baamerika ba Tlholego le batho ba ditšhaba, merafe le dipuo tsotlhe e tlile go nna jang. Jehofa Modimo o solofeditse gore o tlile go bopa “magodimo a maša, le lefatshe le leša.”—Isaia 65:17; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:1, 3, 4.
Tsholofetso eno ga e reye gore go tlile go bopiwa polanete e ntšha. Fela jaaka Baamerika ba Tlholego ba itse sentle, lefatshe leno le lentle thata fa le tlotliwa e bile le dirisiwa sentle. Go na le moo, boporofeti jwa Baebele bo supa gore dipuso tse di senyang tsa batho di tlile go tseelwa sebaka ke puso e ntšha ya selegodimo. Lefatshe leno le tlile go fetolwa paradaise e e tla nnang gape le dikgwa, dipoa, dinoka le diphologolo tsa naga. Batho botlhe ba tla tlhokomela naga ba se bogagapa. Go senya le bopelotshetlha di tla bo di seyo. Go tla nna le dijo tse dintsi tse di siameng le ditiro tse di itumedisang.
Mme fa baswi ba sena go tsosiwa, go sa direlwe tshiamo ga nako e e fetileng go tla bo go fetile. Ee, tota le Anasazi (Se-Navajo se se kayang “bagologolwane”), bagologolwane ba bontsi jwa Baindia ba Ba-Pueblo, bao ba nnang kwa Arizona le New Mexico, ba tla tsosiwa gape go tla go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le le tsosolositsweng. Baeteledipele ba ba itsegeng thata mo hisitoring ya Baindia—Geronimo, Sitting Bull, Crazy Horse, Tecumseh, Manuelito, Kgosi Joseph le Seattle—mmogo le ba bangwe ba bantsi ba le bone ba ka nnang ba boa ba tla go tshela gape fa ba tsosiwa mo baswing jaaka go solofeditswe. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) A bo bone mmogo le botlhe ba ba direlang Modimo gone jaanong ba solofetse dilo tse di molemo jang ne!
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Mofuta wa mokgoro wa Ba-Navajo, o o agilweng ka logong le seretse
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Sekai sa setshwantsho sa ga Crazy Horse se se betliwang mo thabeng se se bonalang kwa morago
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photo by Robb DeWall, courtesy Crazy Horse Memorial Foundation (nonprofit)
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Basupi ba Ba-Hopi le Ba-Navajo kwa Keams Canyon, kwa Arizona, ba kopana mo Holong eno ya Bogosi, e e kileng ya bo e le borekisetso
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Magae a Anasazi a a nang le dingwaga tse di fetang 1000 (Mesa Verde, kwa Colorado)
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Geronimo (1829-1909), kgosi e e itsegeng thata ya Ba-Apache
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy Mercaldo Archives/ Dictionary of American Portraits/Dover