LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • sh kgao. 4 ts. 69-94
  • Go Batla Masaitsiweng ka Maselamose le Tirisabadimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Batla Masaitsiweng ka Maselamose le Tirisabadimo
  • Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dingwaokobamelo le Tumelabotlhodi Gompieno
  • Go Batla Masaitsiweng
  • Meya e e Boitshepo le Ditshedi Tse Di Fetang Motho ka Maatla
  • Go Simologa ga Maselamose
  • Go Binela Pula le Boloi
  • Isagwe e e Bonwang ka Ditshupo le ka Botlhodi
  • Go Tswa Thutadinaleding go ya Tepodinaleding
  • Taolelogale E E Kwadilweng mo Sefatlhegong le mo Legofing
  • A Ke go Itlosa Bodutu Fela mo go Senang Molato?
  • A Tepodinaledi e ka Bolelela Pele Isagwe ya Gago?
    Tsogang!—2005
  • A Dinaledi di Laola Botshelo Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A Dilo Tsa Tlholego Di ka Re Thusa go Itse Bokamoso Jwa Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Dinaledi Di go Tsholetse Eng?
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
sh kgao. 4 ts. 69-94

Kgaolo 4

Go Batla Masaitsiweng ka Maselamose le Tirisabadimo

1. Paulo o ne a raya Baathena kwa Areopago a reng? Ka ntlhayang?

“LONA banna ba Athena, kea lemoga ha ekete lo na le tshisimogo e kgolo thata mo medimong go gaisa ba bangwe.” (Ditihō 17:22, NW) Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a raya batho ba ba neng ba kgobokanetse kwa Areopago, kana Mars’ Hill, a rialo, kwa motseng wa bogologolo wa Athena, mo Gerika. Paulo o ne a bua jalo ka gonne pelenyana a ne a bone gore ‘motse oo o ne o tletse medimo ya disetwa.’ (Ditihō 17:16) O ne a bone eng?

2. Ke eng seo se bontshang gore Baathena ba ne ba boifa medimo?

2 Kwantle ga pelaelo, Paulo o ne a bone medimo e e farologaneng ya Segerika le ya Seroma mo motseng o o tlhanaselang oo, mme go ne go phepafetse gore selo se segolo mo botshelong jwa batho bao e ne e le go obamela medimo ya bone. Ka go boifa gore ka tsela nngwe ba ne ba ka nna ba seka ba obamela modimo mongwe wa botlhokwa kana o o maatla oo ka baka leo o neng o ka nna wa galefa, Baathena ba ne ba bo ba obamela gape le “MODIMO MOÑWE O O SA ITSIWEÑ.” (Ditihō 17:23) Seo ka phepafalo se ne sa bontsha gore ba ne ba boifa medimo.

3. A ke Baathena fela bao ba boifang medimo?

3 Legale, ga se Baathena ba lekgolo la ntlha la dingwaga fela bao ba neng ba boifa medimo, segolobogolo eo e sa itsiweng. Mo e ka nnang batho botlhe ba ile ba nna le poifo eno, mo diketeketeng tsa dingwaga. Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa batho e amana ka tlhamalalo kana eseng ka tlhamalalo le modimo wa mofuta mongwe kana meya. Jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, ditlhamane tsa Baegepeto ba bogologolo, Bagerika, Baroma, Ba-China, le ba bangwe di ne tsa simologa mo dikgopolong tsa medimo le meya, tseo di neng di na le seabe se segolo mo mererong ya batho le ya merafe. Mo Dingwageng tsa Bogare, dipolelo kaga bafodisi, dingaka tsa setswana, le baloi di ne di tletse gongwe le gongwe mo go Labodumedi. Mme seemo se tshwana fela le gompieno.

Dingwaokobamelo le Tumelabotlhodi Gompieno

4. Dingwao dingwe tse di tlwaelegileng tseo go lebegang di golaganye le medimo kana meya ke dife?

4 Ekane batho ba lemoga kana ba sa lemoge, bontsi jwa dilo tseo ba di dirang di golagane le ditiro tsa tumelabotlhodi kana ditumelo, tse dingwe di amana le medimo kana meya. Ka sekai, a o ne o itse gore go ketekiwa ga letsatsi la matsalo go tlholega mo tepodinaleding, eo e tsayang letsatsi le motho a tsetsweng ka lone e le la botlhokwa fela thata? Go tweng ka kuku ya letsatsi la matsalo? Go lebega e tsamaisana le modimo wa sesadi wa Gerika ebong Artemis, yoo letsatsi la gagwe la matsalo le neng la ketekiwa go jewa dikuku tseo di bopegileng jaaka ngwedi di dirilwe ka tswina ya dinotshe di tlhomilwe dikerese fa godimo. Kana a o ne o itse gore go apara bontsho kwa diphitlhong go simologile e le maano a go tila go bonwa ke meya e e bosula eo go bolelwang e a bo e iphitlhile golo gongwe mo dipakeng tsa go nna jalo? Baaferika bangwe ba bantsho ba itshasa bosweu, mme batho bao ba lelang mo mafatsheng a mangwe ba apara diaparo tsa mebala e e sa tlwaelesegang e le gore meya e seka ya ba lemoga.

5. Dingwe tsa ditumelabotlhodi tseo di tlwaelegileng tseo o di itseng ke dife?

5 Kwantle ga dingwao tseno tse di tlwaelesegileng, batho gongwe le gongwe ba na le ditumelabotlhodi tsa bone le dipoifo. Mo mafatsheng a Bophirima, go thuba seipone, go bona katse e ntsho, go tsamaya kafa tlase ga lere, malatsi a Labobedi kana Labotlhano ao e leng a di 13, go ikaegile gore o mo lefelong lefe, di tsewa jaaka botlhodi jo bo bolelang sengwe se se bosula. Kwa Botlhaba, Bajapane ba apara diaparo tsa bone tse di bidiwang kimono ba pegile letlhakore la molema la tsone mo godimo ga la moja, ka gonne tsela e nngwe ke e go apesiwang ditopo ka yone. Ba aga matlo a bone a sena difensetere kana ditswalo tsa one di lebile kwa bokonebotlhaba e le gore badimona, bao go bolelwang ba tswa ntlheng eo, ba tle ba seka ba kgona go tsena. Mo Philippines, batho ba rola baswi ditlhako tsa bone ba bo ba di bapisa le maoto a bone pele ga phitlho e le gore “Moitshepi” Petere a tle a ba amogele. Batho ba bogologolo ba bolelela ba banana gore ba itshware sentle ba supa gore setshwantsho se se mo ngweding ke “Moitshepi” Mikaele, yo o ba etseng tlhoko a bile a ntse a kwala ditiro tsa bone.

6. Batho ba tseneletse mo tirisabadimong go le kana kang gompieno?

6 Lefa go ntse jalo, go dumela mo meyeng le mo medimong, ga go bonale fela mo dingwaong tse eketeng ga di na molato ope le ditumelabotlhodi. Mo bathong ba bogologolo ba ba sa tlhabologang mmogo le ba motlha wa segompieno, batho ba dirile ditiro tse di farologaneng e le gore ba leke go laola kana go kokobetsa meya e e boifisang le go ratwa ke e e siameng. Ka tlholego fela, lantlha re ka nna ra akanya gore ke batho ba ba nnang kwa dikgweng tse di kgakala le mo dithabeng ba ba yang go bona badirisabadimo, dingaka tsa setswana, le maselamose (baperesiti ba maselamose) fa ba lwala kana ka tsela epe fela ba le mo pitlaganong e kgolo. Mme batho ba ba nnang mo metseng e megolo le e mebotlana le bone ba ya go bona balepadinaledi, babonamasaitseweng, batho ba ba bolelelang pele seo se tla diragalelang ba bangwe mo nakong e e tlang, le baitseanape ba batla go itse seo se tla diragalang mo isagweng kana go bona thuso ya go dira diphetso dingwe tsa botlhokwa. Bangwe, lemororo ba ka tswa e le ba bodumedi bongwe kana jo bongwe, ba dira ditiro tseno ka matlhagatlhaga. Batho ba le bantsi ba bangwe ba dirile tirisabadimo, boloi, le masaitsiweng bodumedi jwa bone.

7. Ke dipotso dife tseo re tlhokang go di akanyetsa?

7 Motswedi wa ditiro tseno tsotlhe ke eng ebile di simologile kae? A ke ditsela tse di farologaneng fela tsa go atamela Modimo? Mme se ebileng e le sa botlhokwa, di direla eng batho bao ba di latelang? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno, re tshwanetse go leba kwa morago mo ditiragalong tsa motho mme re bone ka bokhutshwane ditsela tsa gagwe tsa ntlha tsa kobamelo.

Go Batla Masaitsiweng

8. Ke nonofo efe e e sa tshwaneng le epe eo e farologanyang batho le diphologolo tse dipotlana?

8 Phapaanong le seo bao ba dumelang mo thutotlhagelelong ba se bolelang, motho o na le bomoya jo bogolo jo bo mo farologanyang le dibopiwa tse dipotlana ebile bo mo dira gore a nne wa maemo a a kwa godimo mo go tsone. O tsholwa a na le tlhotlheletso ya go batla go itse masaitsiweng. Ka metlha o a ba a ntse a kgaratlhela go bona dikarabo tsa dipotso tse di tshwanang le: Bokao jwa botshelo ke eng? Go diragalang morago ga motho a sena go tlhokafala? Motho o amana jang le dilo tse di bonalang, ebile tota, le lobopo? Gape o tlhotlhelediwa ke keletso ya go batla go fitlhela sengwe se se kwa godimo kana se ebileng se le maatla go mo feta e le gore a tle a kgone go laola tikologo ya gagwe le botshelo jwa gagwe.—Pesalema 8:3, 4; Moreri 3:11; Ditihō 17:26-28.

9. Mokanoki mongwe o tlhalosa “bomoya” jang?

9 Ivar Lissner mo bukeng ya gagwe Man, God and Magic o e baya ka tsela eno: “Motho o ka gakgamadiwa fela thata ke kafa motho a ileng a nna a leka ka gone, go kgabaganya ditiragalo, go batla go itse dilo tseo a sa di itseng. Le ka motlha maatla ao a nang nao o ne a se ke a a dirisa fela mo ditlhokafalong tsa botshelo. Ka metlha o ne a ntse a tlhatlhobisa, a batlisisetsa pele mo tseleng ya gagwe, a batla go itse dilo tseo a sa kakeng a nna natso. Tlhotlheletso eno e motho o nang nayo e e gakgamatsang eo a e ruileng ke bomoya jwa gagwe.”

10. Ke eng seo se bontshang gore motho o na le tlhotlheletso ya tlholego fela ya go batlisisa ka Modimo?

10 Legale, bao ba sa dumeleng mo Modimong ga ba lebe dintlha tseno ka tsela eo gotlhelele. Ka kakaretso ba tsaya gore tshekamelo eno ya motho ke sengwe sa dilo tseo motho a di tlhokang, e ka tswa e le go ya ka tlhaloganyo ya gagwe kana ka tsela epe fela, jaaka re bone mo go Kgaolo 2. Lefa go ntse jalo, a ga se selo seo re se tlwaetseng gore fa motho a lebane le kotsi nngwe kana a le mo pitlaganong e kgolo, selo seo lantlha batho ba se dirang ke go ikuela go Modimo kana maatla mangwe a a kwa godimo ga gagwe go mo thusa? Seo se boammaaruri gompieno fela jaaka se ne se ntse mo nakong e e fetileng. Ka gone, Lissner o ne a tswelela ka go re: “Ga go na motho ope yo o ileng a dira dipatlisiso gareng ga batho ba bogologolo ba ba sa tlhabologang yo a sa kakeng a kgona go tlhaloganya gore botlhe ba dumela gore go na le Modimo, gore ba lemoga sentle gore go na le mogodimodimo.”

11. Boiteko jwa motho jwa go batlisisa ka masaitsiweng bo ne jwa felela ka eng? (Bapisa Baroma 1:19-23.)

11 Gore ba ne ba dira boiteko bofe go kgotsofatsa keletso eo ba e ruileng eo ya go batla go itse masaitsiweng ke kgang e sele tota. Batsomi ba bakgarakgatshegi le badisa ba ne ba tshosiwa thata ke maatla a diphologolo tsa naga. Balemi segolobogolo ba ne ba tlwaelane le diphetogo tsa maemo a bosa le dipaka. Batho ba ba nnang mo dikgweng ba ne ba itshwara ka tsela e e farologaneng le ya batho bao ba neng ba nna mo dikakeng kana mo dithabeng. Ka baka la dipoifo tseno tse di farologaneng le ditlhokafalo, batho ba ne ba simolola ditiro tse di gakgamatsang tse di farologaneng tsa bodumedi tseo ba neng ba solofela gore ba ne ba tla ikuela mo medimong e e molemo ka tsone mme ba kokobetse e e boifisang.

12. Ke dipopego dife tse di tshwanang tseo di fitlhelwang mo ditlwaelong tsa bodumedi tsa batho gongwe le gongwe?

12 Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege dipharologano tse dikgolo, go na le dilo dingwe tseo go lemotshegang fa di tshwana mo ditirong tseno tsa bodumedi. Gareng ga tsone go na le go sisimoga le go boifa meya e e boitshepo le ditshedi dingwe tseo di fetang motho ka maatla, tiriso ya maselamose, go dupa isagwe ka ditshupo le ka botlhodi, tepodinaledi, le mefuta e e farologaneng ya go bolelela batho seo se tla ba diragalelang mo isagweng. Jaaka re tlhatlhoba dintlha tseno, re tla bona gore di ile tsa nna le seabe se segolo mo go laoleng ditlhaloganyo tsa batho kaga bodumedi mo lefatsheng lotlhe le mo dingwageng tseno tsotlhe, le eleng go akaretsa le batho ba gompieno.

Meya e e Boitshepo le Ditshedi Tse Di Fetang Motho ka Maatla

13. Ke eng seo batho ba bogologolo ba ka nnang ba tswa ba ne ba akabadiwa ke sone?

13 Go bonala fa botshelo jwa batho mo metlheng ya pele bo ne bo tletse ka masaitsiweng a mantsi. Ba ne ba dikologilwe ke ditiragalo tseo ba neng ba sa di tlhaloganye le tseo di neng di akabatsa. Ka sekai, ba ne ba sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa motho yo o itekanetseng sentle a ne a ka lwala ka tshoganetso fela, kana gore ke ka ntlhayang fa pula e sa ne ka paka e e tshwanetseng go tswa kwa legodimong, kana gore ke ka ntlhayang fa setlhare se se senang sepe, seo se lebegang se sa tshele, se ka nna setala mme se be se lebega se tshela ka botlalo gape ka nako e e rileng ya ngwaga. Le eleng moriti wa motho, go itaya ga pelo ya gagwe, le mohemo wa gagwe e ne e le masaitsiweng.

14, 15. Ka baka la go tlhoka kutlwisiso le kaelo, go ka nna ga bo go ile ga diragala gore batho ba bolele gore dilo tse di sa kgoneng go tlhalosiwa di tswa kae? (Bapisa 1 Samuele 28:3-7.)

14 Ka baka la tshekamelo ya motho ya semoya eo a e ruileng, e ne e le selo sa tlholego fela gore a tseye gore dilo tseno le ditiragalo tseo di sa itsiweng di ne di dirwa ke setshedi sengwe seo se fetang motho ka maatla. Lefa go ntse jalo, ereka a ne a sena kaelo e e tshwanetseng le kutlwisiso, ka bokhutshwane mo botshelong jwa gagwe o ne a simolola go dumela mo meyeng, dipoko, le badimona. Ka sekai, Ba-India ba Algonquian ba North America ba bitsa moya (soul ka Seesemane) wa motho otahchuk, seo se rayang “moriti wa gagwe,” mme Ba-Malay ba Borwabotlhaba jwa Asia ba dumela gore fa motho a tlhokafala, moya wa gagwe o ka tswa ka matshoba a dinko tsa gagwe. Gompieno, go dumela mo meyeng le mo meyeng ya batho ba ba suleng—le boiteko jwa go buisana le yone ka tsela epe fela—ke selo se e batlileng e nna sa lefatshe lotlhe.

15 Ka mokgwa o o tshwanang, dilo tse dingwe tse di mo tikologong tse eleng tsa tlholego—jaaka letsatsi, ngwedi, dinaledi, mawatle a magolo, dinoka, le dithaba—di ne di lebega di tshela ebile di tlhotlheletsa ditiro tsa motho ka tlhamalalo. Ereka dilo tseno di ne di lebega di na le lefatshe le di nnang mo go lone, go ne ga dumelwa fa e le meya le medimo, e mengwe e le e e molemo le e e thusang, fa e mengwe yone e ne e le e e bosula le e e ka gobatsang. Go obamelwa ga dilo tse di bopilweng go ne ga simolola go nna selo se segolo mo e ka nnang mo ditumelong tsotlhe.

16. Go obamela meya, medimo, le dilo tse di boitshepo go ne ga bontshiwa jang?

16 Re kgona go bona ditumelo tsa mofuta ono mo e ka nnang mo bodumeding jotlhe jwa merafe ya bogologolo. Bababelona le Baegepeto ba ne ba obamela medimo ya bone ya letsatsi, ya ngwedi, le ya digopa tsa dinaledi. Diphologolo le dibatana tsa naga le tsone e ne e le dingwe tsa dilo tseo ba neng ba di obamela. Bahindu ba itsege ka go obamela ditlhopha tsa medimo, eo e leng dimilione ka palo. Ka metlha Ba-China ba ile ba nna le dithaba tse di itshepileng le medimo ya bone ya dinoka, mme ba bontsha go ineela ga bone mo batsading ba bone ka go obamela bagologolwane. Ba-Druid ba bogologolo ba British Isles ba ne ba tsaya fa setlhare sa moakere se le boitshepo, mme ba ne ba tlotla boletswa joo bo neng bo tlhoga mo setlhareng sa moakere ka tlotlo e kgolo. Moragonyana, Bagerika le Baroma le bone ba ne ba dira seabe sa bone; mme go dumela mo meyeng, mo medimong, mo meyeng ya batho, mo badimoneng, le mo dilong tse di boitshepo tsa mefuta yotlhe go ne ga tlhomama fela thata.

17. Go obamela dilo tse di bopilweng go santse go bonala jang gompieno?

17 Lemororo batho bangwe ba motlha wa gompieno ba ka tsaya gore ditumelo tsotlhe tsa go nna jalo ke tumelabotlhodi, dikgopolo tseno di santse di ka fitlhelwa mo ditirong tsa bodumedi tsa batho ba le bantsi go kgabaganya lefatshe. Batho bangwe ba santse ba dumela gore dithaba dingwe, dinoka, matlapa ao popego ya one e gakgamatsang, ditlhare tsa bogologolo, le dilo tse dingwe tse dintsintsi di boitshepo, mme ba di obamela jaaka dilo tseo ba ineetseng mo go tsone. Ba aga ditshupelo, dikago tsa kobamelo, le ditempele mo mafelong ano. Ka sekai, Noka ya Ganges ke e e boitshepo mo Bahindung, bao keletso ya bone e kgolo e leng go tlhapa mo go yone fa ba santse ba tshela le go latlhela melora ya bone mo go yone morago ga ba sena go tlhokafala. Babuda ba tsaya e le selo se se kgethegileng go obamela kwa kagong ya kobamelo e e kwa Buddh Gaya, India, koo go bolelwang fa Buddha a ne a bona lesedi gone a le kafa tlase ga setlhare sa bodhi. Bakatoliki ba gopa ka mangole ba ya kwa Kerekeng ya Moshate ya Mohumagatsana wa Rona ya Guadalupe kwa Mexico kana ba tlhape mo metsing “a a boitshepo” kwa kagong ya kobamelo mo Lourdes, France, ba batla go fodisiwa ka kgakgamatso. Go obamelwa ga dilo tse di bopilweng go na le Mmopi go santse go bonala ka selekanyo se segolo le gompieno.—Baroma 1:25.

Go Simologa ga Maselamose

18. Go obamela meya le medimo go ne ga gogela kae?

18 Morago ga go sena go tlhomamisiwa gore koo baswi ba leng gone go tletse meya, e e molemo le e e bosula, seno se ne sa gogela motlhofo fela kwa kgatong e e latelang—e leng boiteko jwa go buisana le e e molemo go kopa kaelo le masego le go agisanya le e e bosula. Go ne ga felela ka gore batho ba dirise maselamose, ao a neng a dirisiwa thata mo e ka nnang mo morafeng mongwe le mongwe mo nakong e e fetileng le gompieno.—Genesise 41:8; Ekesodo 7:11, 12; Duteronome 18:9-11, 14; Isaia 47:12-15; Ditihō 8:5, 9-13; 13:6-11; 19:18, 19.

19. (a) Maselamose ke eng? (b) Ke ka ntlhayang fa maselamose a lebega e le selo sa boammaaruri mo bathong ba le bantsi?

19 Go ya ka tlhaloso ya one ya motheo, maselamose ke boiteko jwa go laola kana go pateletsa ditshedi tsa tlholego kana tse di fetang motho ka maatla go dira kafa motho a kopang ka gone. Ka go bo batho ba pele ba ne ba sa itse se se bakang dilo tse dintsi tseo di diragalang letsatsi le letsatsi, ba ne ba dumela gore fa ba ne ba ka boeletsa mafoko mangwe a maselamose kana pinanyana, kana go dira ngwaokobamelo ya mofuta mongwe, seo se ne se ka dira gore go nne le diphelelo dingwe tseo ba neng ba di batla. Seo se ne se dira gore batho ba dumele mo mofuteng ono wa maselamose e ne e le ka gonne dingwe tsa dingwaokobamelo tseno di ne di bereka eleruri. Ka sekai, baphekodi bangwe—segolobogolo boramaselamose kana baloi—ba Ditlhaketlhake tsa Mentawai tse di kafa bophirima jwa Sumatra ba ne ba bolelwa fa ka mo go gakgamatsang ba ne ba kgona go alafa batho bao ba neng ba bolawa ke bolwetsi jwa letshololo. Kalafi ya bone ya maselamose e ne e le gore ba dire gore balwetsi ba bone ba patlame ka mpa ba inamisitse ditlhogo ba le gaufi le moripo wa lekgotlho mme ba bo ba nna ba latswa mmu wa lone. Ke eng seo se neng se dira gore ba alafesege? Mmu wa lekgotlho leo o ne o na le kalaka, e leng mmopa o mosweu oo ka tlwaelo o dirisiwang mo melemong mengwe ya segompieno ya letshololo.

20. Go tlile jang gore maselamose a laole matshelo a batho?

20 Go atlega ga mofuta ono makgetlo a le mmalwa ka bofefo fela go ne ga bipa dithetelelo tsotlhe mme ga dira gore bafodisi bano ba tlotlege. Ba ne ba tloga ba nna batho bao ba neng ba sisimogiwa ba bile ba tlotlwa fela thata—baperesiti, dikgosi, maselamose, baphekodi, dingaka tsa setswana, badirisabadimo. Batho ba ne ba ya kwa go bone go batla go thusiwa mo mathateng a bone, a a tshwanang le go batla go fodisiwa le go thibela bolwetsi, go bona dilo tse di latlhegileng, go kgona go bona magodu, go thibela ditlhotlheletso tse di bosula, le go busolosediwa. Kgabagare go ne ga nna le ditlwaelo tse dintsi tsa tumelabotlhodi le dingwaokobamelo tseo di neng di dirisana le dikgang tseno mmogo le ditiragalo tse dingwe mo botshelong, tse di tshwanang le go tsholwa ga ngwana, go tsena mo bogoding, peelelo, lenyalo, loso, le phitlho. Maatla mmogo le masaitsiweng a maselamose di ne tsa tloga tsa laola karolo nngwe le nngwe ya matshelo a batho.

Go Binela Pula le Boloi

21, 22. Ke eng seo se tlhalosiwang ke “maselamose a go etsisa”? Tshwantsha.

21 Go sa kgathalesege dipharologanyo tse dikgolo tsa ditiro tsa maselamose tsa batho ba ba farologaneng, dikgopolo tsa tsone tsa motheo di tshwana ka mo go gakgamatsang. Santlha, go na le kgopolo ya gore seo motho a se batlang se a diragala, gore o ka kgona go bona phelelo e e rileng ka go e etsisa. Seno fa gongwe se bidiwa maselamose a go etsisa. Ka sekai, fa ka baka la go tlhoka pula dijalo tsa bone di ne di le mo kotsing, Ba-India ba Omaha ba North America ba ne ba bina go dikologa sejana sa metsi. Go tswa foo mongwe wa bone o ne a nwa metsi a bo a a kgwela mo phefong a etsisa marothodi a pula kana a metsi. Kana monna o ne a bidikama mo mmung jaaka bera e e tlhabilweng go tlhomamisa gore o ne a tla atlega mo letsomong la gagwe la dibera.

22 Dingwaokobamelo tsa batho ba bangwe di ne di raraane fela thata, di akaretsa dipina le ditshupelo. Ba-China ba ne ba dira setshwantsho sa kgogela ka pampiri e kgolo kana logong, e leng modimo wa bone wa pula, mme ba dikologe ba tlhomagane ba e tshotse, kana ba ne ba tle ba tseye setshwantsho sa modimo wa bone kwa tempeleng mme ba se beye mo letsatsing e le gore se tle se utlwe mogote mme gongwe se nese pula. Mo ngwaokobamelong ya batho ba Ngoni ba Afrika Botlhaba go ne go tshelwa bojalwa mo teng ga pitsa eo e neng e epetswe kafa tlase ga lefatshe mo tempeleng ya pula mme go tswa foo ba bo ba rapela ba re, “Mong wa rona Chauta, o re thatafaleditse pelo ya gago, ke eng seo o batlang re se dira? Ruri re tla nyelela. Naya bana ba gago pula, bojalwa ke joo jo re bo go sielang.” Go tswa foo ba ne ba nwa bojalwa jo bo setseng. Mme go latele pina le mmino ba ntse ba kgatikanya matlhare ao ba ileng ba a ina mo metsing.

23. Boloi le go loa di simologile jang? (Bapisa Lefitiko 19:31; 20:6, 27; Duteronome 18:10-13.)

23 Kgopolo e nngwe ya dilo tseno tsa maselamose ke gore dilo tseo e neng e le tsa motho di nna di mo tlhotlheletsa le eleng morago a sena go kgaoganngwa le tsone. Seno se ne sa gogela mo tlwaelong ya go loa motho ka go dirisa selo seo e kileng ya bo e le sa gagwe. Le eleng mo lekgolong la bo 16 le la bo 17 la dingwaga mo Yuropa le Ennyelane, batho ba ne ba santse ba dumela mo baloing ba banna le ba basadi bao ba neng ba ka kgona go gobatsa batho ka maatla a mofuta ono. Boitseanape jono bo ne bo akaretsa dilo tse di tshwanang le go dira setshwantsho sa motho ka borekhu mme go tswa foo se bo se tlhabiwa ka bonnale, go kwalwa leina la gagwe mo pampitshaneng mme go tswa foo e bo e fisiwa, go katela letsela la seaparo sa gagwe, kana go dira dilo tse dingwe ka moriri wa gagwe, dinala tseo a di kgaotseng, mofufutso wa gagwe, kana le eleng mantle. Gore ditiro tseno di ne di dirwa ka bogolo jo bo kana kang go ka bonwa mo lobakeng la go bo ka 1542, 1563 le 1604 go ne ga tlhongwa Melao ya Palamente mo Ennyelane e bolela fa boloi e le tlolomolao e motho a ka e bolaelwang. Mofuta ono wa maselamose o ile wa dirisiwa ke batho mo e ka nnang mo morafeng mongwe le mongwe go kgabaganya dingwaga, ka mekgwa e e farologaneng.

Isagwe e e Bonwang ka Ditshupo le ka Botlhodi

24. (a) Boitseanape jwa masaitsiweng ke eng? (b) Bababelona ba ne ba dira boitseanape jwa masaitsiweng jang?

24 Gantsi maselamose a dirisediwa go bona tshedimosetso e e fitlhegileng kana go bona seo isagwe e se tshotseng ka ditshupo le botlhodi. Seno se itsiwe jaaka boitseanape jwa masaitsiweng, mme Bababelona ba ne ba itsege thata ka sone. Go ya ka buka Magic, Supernaturalism, and Religion, “e ne e le bomankge mo ditirong tsa go lebelapele, go bolelelapele isagwe ka go leba dibete le mala a diphologolo tseo di neng di tlhabilwe, ka molelo le mosi, le ka go phatsima ga majana a a tlhokegang; ba ne ba bolelelapele ditiragalo ka go reetsa medumonyana ya dinokana le popego ya ditlhare. . . . Ditshupo tse di mo loaping, pula, maru, phefo, le logadima di ne di tlhalosiwa jaaka botlhodi; go ranyega ga fenitšhara le dilo tsa dikgong go ne go bolelelapele dilo tseo di neng di tla diragala mo isagweng. . . . Dintshi le ditshenekegi tse dingwe, mmogo le dintša, di ne di isa melaetsa ya masaitsiweng.”

25. Esekiele le Daniele ba ne ba lebisa jang go tlwaelo ya boitseanape jwa masaitsiweng mo Babelona wa bogologolo?

25 Buka ya Bibela ya Esekiele e bolela gore mo letsholong lengwe la masole, “kgosi ya Babelona e ne ea èma ha tsela e nnañ maphata gōna, ha tshimologoñ ea ditsela tse pedi, a botsa ka bola: a kgotlokgotsa mecwi, a botsa merèō, a lebaleba mo sebetiñ.” (Esekiele 21:21) Badiradikgakgamatso, baloi, le baperisiti ba maselamose ba ne ba fitlhelwa ka metlha mo motseng wa segosi wa Babelona.—Daniele 2:1-3, 27, 28.

26. Mofuta mongwe wa boitseanape jwa masaitsiweng o o neng o tlwaelegile thata gareng ga Bagerika e ne e le ofe?

26 Batho ba merafe e mengwe, ba Botlhaba mmogo le ba Bophirima, le bone ba ne ba tseneletse thata mo mefuteng e mentsi ya boitseanape jwa masaitsiweng. Bagerika ba ne ba ya kwa mafelong a batho ba ba buisanang le badimo go ya go botsa kaga ditiragalo tse dikgolo tsa bopolotiki mmogo le merero ya selefatshe ya botho e e tshwanang le lenyalo, mosepele, le bana. Lefelo le le neng le tumile la batho ba ba buisanang le badimo e ne e le la Delphi. Dikarabo, tse go neng go akanngwa gore di ne di tswa kwa go modimo Apollo, di ne di neelwa ka moperesiti wa sesadi, kana Pythia, e le medumo e e sa tlhaloganyesegang sentle mme medumo eo e tlhalosiwe ke moperesiti ka go bua mafoko a a ipoteditseng. Sekai se se sa lebalesegeng ke karabo eo e neng ya neelwa Croesus, ebong kgosi ya Lydia, eo e neng e re: “Fa Croesus a ne a ka kgabaganya Halys, o ne a tla kgona go nyeletsa mmuso o o maatla.” Go ne ga lemotshega fa mmuso o o maatla o o neng wa nyelediwa e ne e le wa gagwe. Croesus o ne a fenngwa ke Kurose wa Moperesia fa a ne a kgabaganya Halys go ya go tlhasela Cappadocia.

27. Baroma ba ne ba tsenelela mo boitseanapeng jwa masaitsiweng go ya bokgakaleng jo bo kana kang?

27 Mo Bophirima tiro ya boitseanape jwa masaitsiweng e ne ya ya magoletsa mo Baromeng, bao ba neng ba amanya botlhodi le diromo le sengwe le sengwe seo ba neng ba se dira. Batho ba maemo otlhe a botshelo ba ne ba dumela mo tepodinaleding, boloi, dipheko, go bolelelapele seo se neng se tla diragala mo isagweng, le mefuta e mengwe e mentsi ya boitseanape jwa masaitsiweng. Gape go ya ka mokwadi mongwe wa ditiragalo tsa Roma, ebong Edward Gibbon, “batho ba ne ba tsaya fa mefuta yotlhe e e farologaneng ya kobamelo, eo e neng e le teng mo lefatsheng la Roma, e ne e le boammaaruri ka tsela e e tshwanang.” Motlhalefedi wa puso yo o itsegeng thata ebile e le setswerere sa puo Cicero e ne e le mankge mo go boneng botlhodi ka tsela eo dinonyane di neng di fofa ka yone. Raditiragalo wa Roma ebong Petronius o ne a lemoga gore fa go lebiwa kafa ditumelo le dikobamelo di neng di le dintsi ka gone mo ditoropong dingwe tsa Roma, go tshwanetse ga bo go ne go na le badimo ba bantsi go feta batho mo go tsone.

28. Ba-China ba ne ba dira boitseanape jwa masaitsiweng jang mo metlheng ya bogologolo?

28 Mo China, go ne ga epololwa maratswana a go buisanngwang le badimo ka one le dikgapetla tsa dikgopa tse di fetang 100 000 tseo e leng tsa bogologolo jwa sekete sa bobedi sa dingwaga B.C.E. (tsa motlha wa puso ya boora Shang). Di ne di dirisiwa ke baperesiti ba boora Shang ba batla kaelo ya bomodimo mo go sengwe le sengwe go simolola ka maemo a loapi go ya go tsela eo masole a neng a tshwanetse go tsamaya ka yone. Baperesiti bao ba ne ba kwala dipotso ka mokwalo wa bogologolo mo maratswaneng ano. Go tswa foo ba ne ba gotetsa marapo ao mme ba tlhatlhobise maranyego a one ao a neng a bonala mme ba kwale dikarabo mo go one marapo ao. Bakanoki bangwe ba dumela gore mokwalo wa Ma-China o ne wa simologa mo go one mokwalo oo wa bogologolo.

29. Ke molaomotheo ofe wa boitseanape jwa masaitsiweng o o kwadilweng mo go I Ching?

29 Mokwalo o o itsegeng thata wa Se-China wa bogologolo o o tlhalosang boitseanape jwa bosaitsiweng ke wa I Ching (Molao wa Diphetogo; o o bidiwang jaaka Yee-Jing), o go bolelwang gore o ne wa kwalwa ke babusibagolo ba ntlha ba babedi ba Chou, ebong Wen Wang le Chou Kung, mo lekgolong la bo 12 la dingwaga B.C.E. E na le dintlha tseo di tlhalosang ka botlalo go thulana ga maatla a mabedi a a ganetsanang a yin le yang (lefifilesedi, sasiamangsiameng, tonanyananamagadi, ngwediletsatsi, lefatshelegodimo, jalo le jalo), tseo bontsi jwa Ba-China ba santseng ba dumela gore ke yone melaometheo e e laolang merero yotlhe ya lefatshe. E neela tlhaloso ya gore sengwe le sengwe se fetoga nako le nako le gore ga go na sepe se se nnetseng ruri. Gore motho a atlege mo tirong epe fela, o tshwanetse a lemoga le go dira tumalanong le diphetogo tsotlhe tsa nako eo. Ka gone, batho ba botsa dipotso le go tshela bola mme go tswa foo ba ye go I Ching go bona dikarabo. Go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga, I Ching e ile ya nna one motheo wa mefuta yotlhe ya go bolelelapele seo se tla diragalang mo isagweng, boitseanape jwa dipalo, le mefuta e mengwe ya boitseanape jwa masaitsiweng mo China.

Go Tswa Thutadinaleding go ya Tepodinaleding

30. Tlhalosa kafa thutadinaledi e simologileng ka gone.

30 Batho mo lefatsheng ga ba bolo go kgatlhiwa thata ke tsela eo letsatsi, ngwedi, dinaledi, le dipolanete di ntseng kafa thulaganyong e e molemo ka gone. Kwa Mesopotamia go ile ga bonwa dibuka tse go kwadilweng kaga dinaledi mo go tsone tsa bogologolo jwa 1800 B.C.E. Ba dirisa tshedimosetso eno, Bababelona ba ne ba kgona go bolelelapele ditiragalo tse dintsi tsa popo ya legodimo, tse di tshwanang le diphihalo tsa ngwedi, go tlhatloga le go phirima ga ditlhopha tsa dinaledi, le metsamao mengwe ya dipolanete. Baegepeto, Baasiria, Ba-China, Baindia, Bagerika, Baroma, le batho ba bangwe ba bogologolo ka go tshwana ba ne ba elatlhoko loapi mme ba kwale dipego tse di tlhalositsweng sentle tsa ditiragalo tseno tsa popo ya legodimo. Ba ne ba tlhama dikhalendara tsa bone ba di thaile mo dipegong tseno ba bo ba rulaganye ditiro tsa bone tsa ngwaga le ngwaga.

31. Thutadinaledi e ne ya tsala jang tepodinaledi?

31 Go ya kafa dithutong tsa dinaledi, go ne ga lemogiwa gore ditiragalo dingwe mo lefatsheng di ne di lebega di diragala ka nako e le nngwe fela le ditiragalo dingwe tsa selegodimo. Ka sekai, diphetogo tsa dipaka di ne di tsamaisana thata le motsamao wa letsatsi, metsi a lewatle a ne a kokobela a bo a elela go ya ka ponalo ya ngwedi, ka metlha go elela ga ngwaga le ngwaga ga noka ya Nile go ne go tsamaisana le go bonala ga Sirius, eleng naledi e e phatsimang thata. Phetso ya tlholego fela e ne ya nna gore popo ya selegodimo e ne e na le seabe se segolo mo go direng gore ditiragalo tseno le tse dingwe tsa lefatshe di diragale. Ebile tota, Baegepeto ba ne ba bitsa Sirius Motlisa Noka ya Nile. Tumelo ya gore ditiragalo tsa lefatshe di ne di tlhotlhelediwa ke dinaledi ka bofefo fela e ne ya gogela mo kgopolong ya gore go ne go ka lebiwa go popo ya legodimo go bolelelapele seo se tla diragalang mo isagweng. Ka gone thutadinaledi e ne ya tsala tepodinaledi. Mo nakong e khutshwane, dikgosi le babusibagolo ba ne ba simolola go nna le balepadinaledi ba semolao mo metseng ya bone ya segosi e le gore ba tle ba botse mo dinaleding mabapi le merero mengwe ya botlhokwa ya merafe ya bone. Mme batho ba ba tlwaelegileng le bone ba ne ba lepa dinaledi go bona masego a bone a botho.

32. Bababelona ba ne ba dirisa tepodinaledi ka ditsela dife?

32 Seno le sone se amana le Bababelona. Ba ne ba tsaya gore bonno jwa selegodimo jwa badimo e ne e le kwa dinaleding, fela jaaka ditempele e ne e le bonno jwa bone jwa selefatshe. Seno se ne sa simolola tumelo ya go kgobokanya dinaledi ka ditlhopha mmogo le tumelo ya gore dikgoberego tsa kwa legodimong, tse di tshwanang le diphihalo kana go bonala ga dinaledi dingwe tse dikgolo kana tse di nang le megatla, e ne e le botlhodi jwa gore go tla nna bohutsana le ntwa mo lefatsheng. Diketekete tsa dipego tseo balepadinaledi ba neng ba di bolelela dikgosi di ne tsa fitlhelwa gareng ga dilwana tse di dirilweng ka diatla tseo di neng tsa epololwa kwa Mesopotamia. Ka sekai, dingwe tsa tseno di ne di tlhalosa gore phihalo e e tlang ya ngwedi e ne e le sesupo sa gore mmaba mongwe o ne a tla fenngwa kana gore go bonala ga polanete nngwe mo setlhopheng sengwe sa dinaledi go ne go tlhola gore lefatshe le ne le tla tlelwa ke “bogale jo bogolo.”

33. Isaia o ne a reng kaga Bababelona bao e neng e le “balepi ba dinaledi”?

33 Gore Bababelona ba ne ba ikaegile thata jang ka mofuta ono wa boitseanape jwa masaitsiweng go ka bonwa gape mo mafokong a tshotlo ao moperofeti Isaia a neng a a bua kgatlhanong le bone fa a ne a bolelelapele tshenyego ya Babelona: “Èma yana ka merèō ea gago, le bontsi yoa ditōō tsa gago, e le dilō tse u saleñ u itapisa ka cōna le mo bokauñ yoa gago, . . . a balomologanyi ba magodimo, le balepi ba dinaledi, le baboledi ba ditihalō tsa dikgwedi ba èmè, a ba gu dibèlè mo diloñ tse di tla tlañ mo go wèna.”—Isaia 47:12, 13.

34. ‘Bo-Magi’ bao ba neng ba tla go bona losea Jesu e ne e le bomang?

34 Go tswa kwa Babelona, tepodinaledi e ne ya isiwa kwa Egepeto, Asiria, Persia, Gerika, Roma, le Arabia. Mo Botlhaba, Bahindu le Ba-China le bone ba ne ba na le ditsamaiso tse di raraaneng tsa tepodinaledi. ‘Bo-Magi’ bao moefangele Mathaio a bolelang gore ba ne ba tla go bona losea Jesu e ne e le ‘balepadinaledi ba ba neng ba tswa kwa botlhabatsatsi.’ (Mathaio 2:1, 2) Bakanoki bangwe ba dumela gore balepadinaledi bano ba ka bo ba ne ba tswa kwa dikolong tsa tepodinaledi tsa kwa Kaladia le Medo-Persia tsa kwa Parthia, eo pele e neng e le kgaolo ya Persia mme morago ya nna Mmusomogolo o o ikemetseng ka nosi wa Parthia.

35. Ke eng seo se neng sa simololwa ke tepodinaledi go tswa metlheng ya Bagerika?

35 Lefa go ntse jalo, Bagerika ke bone ba ba neng ba simolola tepodinaledi ya mofuta oo o dirisiwang gompieno. Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., Claudius Ptolemy, moithutadinaledi wa Mogerika mo Alexandria, Egepeto, o ne a kgobokanya tshedimosetso yotlhe e e neng e le gone kaga tepodinaledi a dira dibuka di le nnè, tseo a neng a di bitsa Tetrabiblos, tseo e ileng ya nna dibuka tse dikgolo tsa tepodinaledi go tla go fitlha motlheng ono. Go tswa go seno, go ne ga simologa seo ka tlwaelo se bidiwang tepodinaledi ya matsalo, ke go re, tsamaiso ya go bolelelapele seo se tla diragalelang motho mo isagweng ka go ithuta seo se neng sa diragala fa a tsholwa, kana horoscope—e leng tšhate eo e bontshang seemo sa letsatsi, ngwedi, le dipolanete tse di farologaneng gareng ga setlhopha sa dinaledi jaaka di ne di ntse kwa lefelong leo motho a tsholetsweng kwa go lone ka nako ya fa a ne a tsholwa.

36. Ke eng seo se supang gore tepodinaledi e ne e amogelesega?

36 Ka nako ya lekgolo la bo 14 le la bo 15 la dingwaga, batho ba le bantsi kwa Bophirima ba ne ba dumela mo tepodinaleding. Diunibesithi di ne di e ruta jaaka thuto ya sekolo, eo e neng e tlhoka gore motho a bo a itse dipuo tseo a ka e tlhaloganyang ka tsone le dipalo. Balepadinaledi ba ne ba tsewa jaaka barutegi ba bagolo. Mekwalo ya ga Shakespeare e umaka gantsi kafa tepodinaledi e neng e tlhotlheletsa merero ya batho ka gone. Motse mongwe le mongwe wa segosi le banna ba ba tlotlegang ba le bantsi ba ne ba na le balepadinaledi ba bone e le gore e tle e re fa ba ba batla ba bo ba le gone. Go ne go sena lefa e le tiro epe—lefa e ka bo e ne e le ntwa, go aga, kgwebo, kana mosepele—eo e neng e dirwa kwantle ga gore go bodiwe mo dinaleding pele. Tepodinaledi e ne e le selo seo se tlotlegang.

37. Go gatela pele ga boitseanape go amile tepodinaledi jang?

37 Lemororo dikitso tsa baithutadinaledi ba ba tshwanang le Copernicus le Galileo, mmogo le patlisiso ya maemo a a kwa godimo ya boitseanape, di ile tsa nyatsa tepodinaledi thata gore ga se boitseanape jwa mmannete, e santse e le teng le mo nakong ya gompieno. (Bona lebokoso, tsebe 85.) Mo matoneng a Puso mmogo le batho fela ba ba tlwaelegileng, ekane motho a tswa mo merafeng eo e tlhabologileng fela thata kana a tswa kwa metseng e e kwa kgakala mo dinageng tseo di sa tlhabologang, tiro eno ya masaitsiweng, eo e neng ya simololwa ke Bababelona, mme ya godisiwa ke Bagerika, mme morago ya ba ya atolosiwa ke Baarabia, e santse e le tlhotlheletso e kgolo le gompieno.

Taolelogale E E Kwadilweng mo Sefatlhegong le mo Legofing

38. Ke eng seo se neng sa gogela kwa goreng go nne le mefuta e mengwe ya boitseanape jwa masaitsiweng eo e amanang le seatla sa motho le sefatlhego?

38 Fa e le gore go lebega motho a sa kgone go bona se se mo isagweng ka go leba kwa magodimong go bona ditshupo le botlhodi, go na le ditsela tse dingwe tse di gaufi le tse di ka kgonegang motlhofo tseo bao ba tseneletseng thata mo tirong ya boitseanape jwa masaitsiweng ba ka di dirisang. Zohar, kana Sefer ha-zohar (Sehebera, Buka ya Botlhale), eleng buka ya lekgolo la bo 13 la dingwaga ya masaitsiweng a Bajuda, e bolela jaana: “Mo loaping lo lo dikologileng popo, re bona dipopego tse dintsi tseo di dirwang ke dinaledi le dipolanete. Di senola dilo tseo di fitlhegileng le masaitsiweng a magolo. Ka mo go tshwanang, mo letlalong la rona leo le apesitseng mmele wa motho go na le mefuta le mekgwa tseo e leng dinaledi tsa mebele ya rona.” Botlhajana jono bo ne jwa gogela kwa ditseleng tse dingwe tsa boitseanape jwa masaitsiweng, kana go bolelelapele seo se tla diragalang mo isagweng, ka go sekaseka sefatlhego le legofi la seatla go bona ditshupo tse di bolelelang sengwe pele. Mo Botlhaba mmogo le Bophirima, ditiro tsa go nna jalo di santse di aname fela thata. Mme go phepafetse gore di simologile mo tepodinaleding le mo maselamoseng.

39. Tlhatlhobosefatlhego ke eng, mme e ile ya dirisiwa jang?

39 Tlhatlhobosefatlhego ke go bolelelapele seo se tla diragalang mo isagweng ka go tlhatlhoba dipopego tsa sefatlhego, tse di tshwanang le popego ya matlho, nko, meno, le ditsebe. Mo Strasbourg ka 1531, motho mongwe yo o neng a bidiwa John wa Indagine o ne a kwala buka kaga kgang eo mo go yone a neng a tshwantsha ditshwantsho tse di bonalang sentle tsa difatlhego tsa dipopego tse di farologaneng tsa matlho, nko, ditsebe, jalo le jalo, mmogo le ditlhaloso tsa gagwe. Ka mo go kgatlhisang, o ne a tsopola mafoko a ga Jesu Keresete a a mo go Mathaio 6:22 a a reng, “Ke gōna ea re ha leitlhō ya gago le bōna sentlè, mmele otlhe oa gago o tlale lesedi,” a re seo ke sone se se dirang gore a bolele gore matlho a makima, a a phatsimang, le a a kgolokwe a tshwantshetsa bothokgami le botsogo jo bo siameng, fa matlho a a kwa teng one le a masesane e ne e le ditshupo tsa gore motho o lefufa, o peloetlhoi, ebile o belaela batho. Lefa go ntse jalo, mo bukeng e e tshwanang le eo, eleng Compendium of Physiognomy, e e gatisitsweng ka 1533, mokwadi ebong Bartolommeo Cocle o bolela gore matlho a makima le a a kgolokwe a tshwantshetsa motho yo o tlhanogang motlhofo fela le yo o setshwakga.

40. (a) Tlhatlhobolegofi ke eng? (b) Go ne ga dirisiwa Bibela jang go ema nokeng tlhatlhobolegofi?

40 Go ya ka boramasaitsiweng, seatla se supa maatla a a tswang kwa legodimong go gaisa karolo epe fela ya mmele, kwantle ga tlhogo. Ka gone, go bala ditselanyana tsa seatla go lemoga botho jwa motho le taolelogale ya gagwe ke mofuta o mongwe o o tlwaelesegileng wa boitseanape jwa masaitsiweng—ebong tlhatlhobolegofi eo ka tlwaelo e bidiwang fela go twe boitseanape jwa go bala ditselana tsa legofi. Batlhatlhobamagofi ba Dingwaga tsa Bogare ba ne ba hukutsa mo Bibeleng ba batla go tshegetsa tiro ya bone. Ba ne ba bona ditemana tse di tshwanang le “O konèla seatla sa motho moñwe le moñwe; gore batho botlhe ba o ba dihileñ ba go itse” le “Bolele yoa malatsi bo mo seatleñ sa gagwè se se siameñ; mo seatleñ sa gagwè sa molèma go dikhumō le tlotlō.” (Yobe 37:7; Diane 3:16) Makukunopu kana marurusa a seatla le tsone di ne di sekasekiwa ka gonne go ne go akanngwa gore di ne di emela dipolanete mme ka gone di senola sengwe kaga motho yoo le isagwe ya gagwe.

41. Batho ba Botlhaba ba dirisa boitseanape jwa masaitsiweng jang?

41 Go bolelelapele seo se tla diragalang mo isagweng ka go ithuta dipopego tsa sefatlhego le tsa seatla ke selo se se tlwaelesegileng fela thata kwa Botlhaba. Kwantle ga babadi ba ditselana tsa magofi bao ba tlhalefetseng tiro eo mmogo le bagakolodi bao ba ipapatsang, go na le bontsintsi jwa boreaitse le bao ba itirelang fela ka gonne dibuka le dikgatiso tsa gone tsa mefuta e e farologaneng di bonwa gongwe le gongwe. Batho gantsi ba tsenelela thata mo go baleng ditselana tsa magofi ka go kgatlhega fela, mme ba le bantsi ba tsaya dikgang tsa go nna jalo ka masisi. Lefa go ntse jalo, ka kakaretso batho ga se gantsi ba kgotsofalela go dirisa mofuta o le mongwe fela wa boitseanape jwa masaitsiweng. Fa ba thulana le mathata a a masisi kana ba tshwanetse go dira diphetso tsa botlhokwa, ba ya kwa tempeleng ya bone, e ka tswa e le ya Sebuda, ya Se-Tao, Se-Shinto, kana epe fela, go botsa medimo ya bone, go tswa foo ba ye kwa molepadinaleding go ya go botsa dinaledi, ba ye kwa mothong yo o bolelelang pele seo se tla diragalang mo isagweng go bala ditselana tsa magofi a bone le go leba difatlhego tsa bone, mme, morago ga ba sena go dira seo sotlhe, ba boele kwa gae go ya go botsa bagologolwane ba bone ba ba tlhokafetseng. Mo go nngwe ya dilo tseo ba solofela go bona tharabololo eo go lebegang e le yone ya mathata a bone.

A Ke go Itlosa Bodutu Fela mo go Senang Molato?

42. Keletso ya tlholego ya batho ya go batla go itse ka seo se tla diragalang mo isagweng e gogetse kwa go eng?

42 Ke selo sa tlholego fela gore motho mongwe le mongwe a batle go itse seo se tla diragalang mo isagweng. Keletso ya go iponela letlhogonolo mmogo le go thibosa seo se lebegang se ka gobatsa ke eo batho botlhe ba nang le yone mo lefatsheng lotlhe. Ke gone ka moo batho go kgabaganya dingwaga ba ileng ba batla kaelo mo meyeng le mo medimong ya bone. Ka go dira jalo, ba ile ba ikopanya le tirisabadimo, maselamose, tepodinaledi, le ditiro tse dingwe tsa tumelabotlhodi. Batho ba bogologolo ba ne ba rwala mereo le dipheko go itshireletsa, mme ba ne ba ya go batla kalafi mo baphekoding le maselamose. Gompieno batho ba santse ba tshola ditshwantsho tsa ga “Moitshepi” Christopher kana ba apara dipheko tsa “lesego,” mme ba santse ba tshwara dipokano tsa go buisana le badimo, ba na le dimati tsa Ouija, dikgolokwe tsa legweka, di-horoscope, le dikarata tse go bolelelwang pele se se tla diragalang mo isagweng ka tsone. Fa e le ka tirisabadimo le tumelabotlhodi, ga go lebege batho ba fetogile mo go kalo mo go yone.

43. (a) Batho ba le bantsi ba ikutlwa jang ka tirisabadimo, maselamose, le boitseanape jwa masaitsiweng? (b) Ke dipotso dife tseo di tlhokang go arabiwa kaga ditiro tsa tumelabotlhodi?

43 Legale, batho ba le bantsi ba lemoga gore dilo tseno ga se sepe fela fa e se tumelabotlhodi le gore ga di na motheo ope wa mmannete. Mme ba ka nna ba oketsa ka go re ba dira jalo go itlosa bodutu fela. Ba bangwe ba bile ba tatalala ka go re maselamose le boitseanape jwa masaitsiweng tota di na le mosola ka gore di dira gore batho ba ba ka tswang ka tsela nngwe ba na le poifo ka baka la dikgoreletsi dingwe tseo ba lebaneng natso mo botshelong ba tlhomamisege mo mogopolong. Mme a dilo tseno tsotlhe ke boitlosobodutu fela jo bo senang molato ope kana a go thusa gore motho a tlhomamisege mo mogopolong? Tota ditiro tsa tirisabadimo le maselamose tseo re buileng ka tsone mo kgaolong eno mmogo le tse dingwe tse dintsi tseo re sa di umakang di simologile kae?

44. Totatota, ke eng seo se ka buiwang kaga motheo wa ditiro tseno tsotlhe?

44 Fa re ntse re tlhatlhobisa dikarolo tse di farologaneng tsa tirisabadimo, maselamose, le boitseanape jwa masaitsiweng, re lemogile gore di amana thata le go dumela mo meyeng ya batho ba ba suleng le gore go na le meya mengwe e e molemo le e e bosula. Ka gone, totatota, go dumela mo meyeng, maselamose, le boitseanape jwa masaitsiweng go thailwe mo go dumeleng mo medimong e mentsi mo go thailweng ke thuto ya motheo ya gore moya wa motho ga o swe. A mme seno ke motheo o o tiileng o motho o ka agang bodumedi jwa gagwe mo go one? A o ka tsaya gore kobamelo eo e thailweng mo motheong o o ntseng jalo e a amogelesega?

45. Ke potso efe eo Bakeresete ba lekgolo lantlha la dingwaga ba neng ba thulana nayo kaga go isetsa medimo ya disetwa ditshupelo tsa dijo?

45 Bakeresete ba lekgolo lantlha la dingwaga ba ne ba thulana le dipotso tse di ntseng jalo. Ba ne ba dikologilwe ke Bagerika le Baroma, bao ba neng ba na le medimo e mentsi mmogo le dingwaokobamelo tsa bone tsa tumelabotlhodi. Ngwaokobamelo nngwe ya bone e ne e le tlwaelo ya go isetsa medimo ya disetwa dijo mme go tswa foo go bo go jewa dijo tseo mmogo. A motho ope fela yo o neng a rata Modimo wa boammaaruri a bile a batla go mo itumedisa o ne a ka tsaya karolo mo dingwaokobamelong tsa go nna jalo? Elatlhoko kafa moaposetoloi Paulo a arabang potso eo ka gone.

46. Paulo mmogo le Bakeresete ba ntlha ba ne ba dumela eng kaga Modimo?

46 “Me ke gōna, kaga go ya dilō tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō: rea itse ha modimo oa sesètwa e se sepènyane, me go sena Modimo opè, ha e se o moñwe hèla. Gonne leha go na le e e bidiwañ medimo, kwa legodimoñ le mo lehatshiñ; yaka go na le medimo e le mentsi, le barèna ba le bantsi; Leha go nntse yalo mo go rona, go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara, eo dilō cotlhe di cwañ mo go èna, le rona re nnetse èna.” (1 Bakorintha 8:4-6) Mo go Paulo le Bakeresete ba lekgolo lantlha la dingwaga, bodumedi jwa boammaaruri e ne e se go obamela medimo e mentsi, e se go dumela mo medimong e mentsi, mme e ne e le go ineela fela go “Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara,” yoo Bibela e senolang leina la gagwe fa e re: “Go re ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.”—Pesalema 83:18.

47. Paulo o ne a senola jang gore tota ‘medimo le barena ba ba kwa legodimong kana mo lefatsheng’ e ne e le bomang?

47 Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go elatlhoko gore lemororo moaposetoloi Paulo a ne a re ‘modimo wa sesetwa ga se sepe,’ o ne a seka a re “medimo” le “barèna” tseo batho ba neng ba ya go di bona mabapi le maselamose, boitseanape jwa masaitsiweng, le ditlhabelo di ne di seyo. Ntlha ya botlhokwa he ke efe? Paulo o ne a e phepafatsa moragonyana mo go lone lokwalo loo fa a ne a kwala ka go re: “Me ka re, dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, eseñ Modimo.” (1 Bakorintha 10:20) Ee, ka badimo ba bone le barena, merafe eo tota e ne e obamela badimona—eleng dibopiwa tsa baengele, kana tsa semoya bao ba neng ba tsuologela Modimo wa boammaaruri mme ba ikopanya go nna letsholo le moeteledipele wa bone, ebong Satane Diabolo.—2 Petere 2:4; Yude 6; Tshenolō 12:7-9.

48. Ke kotsi efe ya kobamelo ya masaitsiweng eo e santseng e le gone le gompieno, mme e ka tilwa jang?

48 Gantsi batho ba utlwela botlhoko batho bao go bolelwang gore ke bao ba neng ba sa tlhabologa bao ba neng ba rareeditswe ke dipoifo tsa tumelabotlhodi. Ba bolela gore ba ferosiwa sebete ke ditlhabelo tseo go neng ga tshololwa madi a mantsi mo go tsone le dingwaokobamelo tsa bosetlhogo. Mme eleruri go ntse jalo. Lefa go le jalo, le gompieno re santse re utlwalela kaga voodoo, kobamelo ya ga Satane, le eleng go ntshiwa ditlhabelo ga batho. Lemororo ditiro tseno e ka tswa e le tse di maswe thata, lefa go ntse jalo di bontsha gore batho ba santse ba kgatlhegela go itse ka masaitsiweng fela thata. Go ka nna ga simologa e le ‘go itlosa bodutu fela mo go senang molato ope’ le go batla go itse, mme gantsi go felela ka masetlapelo le loso. Abo go le botlhale jang ne go reetsa tlhagiso ya Bibela e e reng: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ.”—1 Petere 5:8; Isaia 8:19, 20.

49. Ke eng seo se tla tlhatlhobisiwang mo dikgaolong tse di latelang tsa buka eno?

49 Ereka jaana re sekasekile kafa bodumedi bo ileng jwa simologa ka gone, ka go farologana ga ditlhamane tsa bogologolo, le mefuta e e farologaneng ya tirisabadimo, maselamose, le tumelabotlhodi, jaanong re tla lebisa tlhokomelo ya rona mo ditumelong tse dikgolo tse di rulagantsweng tsa lefatshe leno—eleng Bohindu, Bobuda, Bo-Tao, Bo-Confucian, Bo-Shinto, Bojuda, dikereke tsa Labodumedi, le Bomoselema. Di ne tsa simologa jang? Di ruta eng? Di tlhotlheletsa batho ba ba dumelang mo go tsone jang? Dipotso tseno le tse dingwe di tla arabiwa mo dikgaolong tse di latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 76]

Go lebega maselamose mangwe a bereak

[Lebokoso mo go tsebe 85]

A Tepodinaledi e Tshegediwa ke Saense?

Tepodinaledi e bolela gore letsatsi, ngwedi, dinaledi, le dipolanete tse dingwe di ka kgona go tlhotlheletsa merero ya mo lefatsheng mmogo le gore tsela eo popo eno ya legodimo e rulaganeng ka gone fa motho a tsalwa e na le seabe mo botshelong jwa motho. Lefa go ntse jalo, diphitlhelelo tsa saense di tsosa dikgwetlho tse dikgolo fela thata:

▪ Dikitso tsa baithutadinaledi ba ba tshwanang le Copernicus, Galileo, le Kepler di ile tsa bontsha sentle gore lefatshe ga se lone bogare jwa popo. Gape jaanong go itsiwe gore gantsi dinaledi tseo di lebegang e le setlhopha tota ga di a kgobokana helo go le gongwe fela. Dingwe tsa tsone di ka tswa di le kwa teng fela thata mo loaping, fa tse dingwe di ka tswa di le gautshwane. Ka gone, dilo tse di amanang le zodiac tsa ditlhopha tse di farologaneng tseno tsa dinaledi eleruri ke selo se se akanyediwang fela.

▪ Dipolanete tse di tshwanang le Uranus, Neptune, le Pluto di ne di sa itsiwe ke balepadinaledi ba pele ka gonne di ne tsa seka tsa bonwa go fitlhela go sena go tlhamiwa thelesekoupo. He go ne go ka bolelwa gore di ne di na le “ditlhotlheletso” jang go ya ka ditšhate tsa balepadinaledi tse di neng di tshwantshitswe makgolokgolo a dingwaga pele ga foo? Mo godimo ga moo, ke ka tsela efe “tlhotlheletso” ya polanete e le nngwe fela e ka nnang “molemo” mme e nngwe ya nna “bosula,” ereka jaanong saense e bontshitse gore tota tsotlhe ke ditshidikwe tsa matlapa fela a a senang botshelo kana digase, tseo di dikologang mo loaping?

▪ Saense ya popego ya motho e re bolelela gore motheo wa botho jwa rona o thaega, eseng fa re tsholwa, mme eleng fa re imiwa, fa nngwe ya disele tsa lee le le tswang kwa go rre tse di dimilione e kopana le sele e le nngwe fela ya lee le le tswang kwa go mmè. Lefa go le jalo, balepadinaledi bone ba tsaya horoscope ya motho ka nako ya fa a tsholwa. Pharologano eno ya dikgwedi tse di ka nnang robongwe e tshwanetse go fetola botho jwa motho gotlhelele go ya ka tepodinaledi.

▪ Nako eo letsatsi le e tsayang fa le ntse le tsamaya fa gare ga ditlhopha tseno tsa dinaledi jaaka le bonwa ke moelatlhoko yo o mo lefatsheng gompieno e ngotlegile mo e ka nnang ka kgwedi e le nngwe fela go na le dingwaga tse 2 000 tse di fetileng fa go ne go tshwantshiwa ditšhate tsa tepodinaledi le lenaneo. Ka gone, go ya ka tepodinaledi motho yo o tshotsweng gareng ga bofelo jwa June kana tshimologo ya July e tla nna wa Cancer (e leng motho yo o amegang motlhofo yo o tenegang motlhofo, yo o sa buiseng ba bangwe). Lefa go ntse jalo, tota letsatsi ka nako eno le a bo le le mo setlhopheng sa dinaledi seo se bidiwang Gemini, seo se tshwanetseng sa dira gore motho e nne yo o buisanang le ba bangwe, yo o botlhale, yo o balabalang.

Ka phepafalo, tepodinaledi ga e na mabaka ape a a utlwalang kana a a tshegediwang ke saense.

[Ditshwantsho mo go tsebe 71]

Diiponi tse di thubegileng, dikatse tse dintsho, le dipalo ke dilo dingwe tse batho ba dumelang gore ke tumelabotlhodi. Tlhaka ya “bonè” ka Se-China e utlwala jaaka “loso” mo bathong ba China le ba Japane

[Ditshwantsho mo go tsebe 74]

Kafa molemeng, ke Kereke ya Moshate ya Mohumagatsana wa Rona ya Guadalupe, kwa Mexico, koo Bakatoliki ba rapelelang go fodisiwa ka dikgakgamatso gone.

Kafa mojeng, Stonehenge, kwa Ennyelane, koo go bolelwang fa Ba-Druid ba bogologolo ba ne ba obamela letsatsi gone

[Setshwantsho mo go tsebe 80]

Batho bangwe ba ya go kopa thuso kwa bafodising ba maselamose le dingaka tsa setswana

[Ditshwantsho mo go tsebe 81]

Ba bangwe ba santse ba tshwara dipokano tseo go buisanngwang le badimo mo go tsone, ba na le dimati tsa Ouija, dikgolokwe tsa legweka, dikarata tsa go bolelela isagwe pele, le batho ba ba bolelelang pele seo se tla diragalang mo isagweng

[Ditshwantsho mo go tsebe 82]

Tiriso ya boitseanape jwa masaitsiweng kwa Botlhaba, mekwalo mo dikgapetleng tsa khudu le setshwantsho sa yin-yang, ke dilo tsa bogologolo fela thata

[Ditshwantsho mo go tsebe 87]

Batho ba le bantsi ba dirisa di-horoscope, ba dumela gore ke kafa letsatsi, ngwedi, dipolanete, le dinaledi di neng di ntse ka gone fa motho a tsholwa go ama matshelo a bone

[Setshwantsho mo go tsebe 90]

Ka go kgatikanya thobane ya lesego e e tsentsweng mo selwaneng, moineedi o bona molaetsa mongwe le tlhaloso ya one

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela