Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼ “Go sule batho ba le dimilione di le 100 ka ntlha ya motsoko mo lekgolong la bo20 la dingwaga.”—WORLD HEALTH ORGANIZATION, SWITZERLAND.
◼ “Mo balwetseng ba ba ka nnang 9 000 ba ba ileng ba dirwa karo ya pelo kwa [United Kingdom] mo dingwageng tse di magareng ga 1996 le 2003, go tshelwa madi a a nang le disele tse dikhibidu go ne go amanngwa le kotsi e e menaganeng gararo ya go swa mo ngwageng o o latelang le kotsi e e menaganeng ka makgetlho a le marataro ya go swa mo malatsing a le 30 morago ga karo fa go bapisiwa le ba ba sa tshelwang madi a a nang le disele tse dikhibidu.”—NEW SCIENTIST, BRITAIN.
A ke Nako ya Kagiso?
Makasine mongwe wa batsadi wa kwa Sweden o bolela jaana: “Keresemose ke nngwe ya meletlo ya rona e megolo,” mme gape ke “nako ya dikgotlhang.” Tota e bile, ka nako ya Keresemose, malapa “a omana le go lwa go gaisa nako le fa e le efe ya ngwaga.” Makasine ono o ile wa botsa batsadi ba ba fetang 1 100 ba ba nang le bana ba bannye ka maitemogelo a bone a paka eno ya malatsi a boikhutso. Diperesente di le 88 di ile tsa araba ka gore, malapa a omana ka gore “a tla keteka jang Keresemose le gore a tla e ketekela kae.” Ba le bantsi ba kgopisiwa ke go bo borremogolo le bommemogolo ba senya ditlogolwana tsa bone ka go ba naya dimonamone le dimpho tse di sa tlhokegeng.
Boitumelo jo Bogolo mo go Abeng
Setlhogo sengwe go tswa mo lokwalodikgannyeng lwa The Globe and Mail lwa kwa Canada se balega jaana: “Madi a dira gore o itumele—fa o a aba.” Le fa gone bontsi jwa batho ba ba neng ba bodiwa ba ne ba tlhalosa gore go dirisetsa madi a bone dikgatlhegelo tsa bone go ne go tla dira gore ba itumele le go feta, batho ba ba neng ba thusa ba bangwe ka madi a bone—go sa kgathalesege gore ba ne ba dirisitse a le kana kang—ba ile ba bolela fa ba na le boitumelo jo bogolo. Lokwalodikgang loo lwa re: “Dipatlisiso di le dintsi di bontshitse gore khumo ga e tlhomamisetse motho boitumelo. Fa batho ba setse ba na le madi a a lekaneng go a dirisetsa dilo tsa botlhokwa tse ba di tlhokang, go nna le madi a a oketsegileng ga go dire gore ba itumele le go feta.”
O ka Kgona go e Bona mo Internet!
Makasine wa New Scientist wa re Badiredibagolo ba Puso ya United States ba ile ba swetsa go batlisisa gore a go ka kgonega gore batho ba e ka nnang baba ba bone ba “kgone go reka didirisiwa tsa sesole tse go sa tshwanelang gore mongwe le mongwe fela a nne le tsone” ba dirisa Internet. “Ba ne ba gakgamadiwa ke go bona kafa go leng motlhofo go dira seo ka teng.” Ka go dirisa mafelo a a itsegeng thata a kgwebo mo Internet, ga ba a ka ba nna le bothata jwa go reka “dikarolo tsa diaparo tsa ntwa tsa sesole sa United States,” “sutu e e dirisitsweng e e kgonang go sireletsa motho mo dikhemikaleng tsa nuklea tsa megare e e bolayang,” dikarolo tsa difofane tsa ntwa le “dilwana tse dingwe tse di sa tshwanelang go bonwa ke mongwe le mongwe fela.” Makasine ono wa re, ga go itsiwe gore bareki ba dilwana tseno ba di fitlheletse jang mme “gone jaanong go dirwa dipatlisiso malebana le gore a bangwe ba bone ba ka tswa ba na le molato wa bobebekwa.”
Sekgomaretsi sa Bogologolo se se Ngaparelang Thata
Bogologolo, matlhare a kgare a a kgabisang a mmala wa selefera a ne a kgomarediwa mo helemeteng ya modiredi wa Moroma e a neng a e rwala ka nako ya fa go dirilwe mokoloko, go dirisiwa sekgomaretsi se se ngaparelang thata se gompieno se tshwanang le superglue. Frank Willer yo o okamelang tiro ya go baakanya dilo mo Musiamong wa Rhineland kwa Bonn kwa Jeremane, o ne a lemoga seno a sa solofela. A dirisa saga, o ne a ntsha metalenyana mo helemeteng ya tshipi ya lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E e e neng e robetse mo lotshitshing lwa Noka ya Rhine mo e ka nnang dingwaga di le 1 500. O tlhalosa jaana: “Mogote o o neng o tswa mo sageng eo o ne wa dira gore matlhare a kgare ya selefera a oboge, mme a dira gore go sale masaledi a sekgomaretsi a a tshwanang le tlhale.” Dipatlisiso di bontsha gore sekgomaretsi se se thata seo se ne se dirilwe ka bitumen, boka jwa lekwati le mafura a nama ya kgomo.