LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/09 ts. 3
  • Polanete e e Tshelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Polanete e e Tshelang
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Polanete e e Tshelang
    Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
  • A Batho ba Tla Senya Lefatshe Gotlhelele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Thulaganyo e e Raraaneng ya Botshelo
    Tsogang!—2001
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 2/09 ts. 3

Polanete e e Tshelang

POLANETE e e bidiwang lefatshe e na le ditshedi tse dintsintsi tse di farologaneng—gongwe e le mefuta e le dimilione tse dintsi. Bontsi jwa ditshedinyana tseno tse di tshelang mo mmung, mo moyeng le mo metsing, di dinnye thata mo di ka se bonweng ka matlho. Ka sekai, go fitlhetswe gore gerama e le nngwe fela ya mmu e na le mefuta e le 10 000 ya dibakateria, re sa bue sepe ka palo yotlhe ya megare! Go bonwe mefuta mengwe ya ditshedinyana mo botennyeng jwa dikilometara di le tharo kafa tlase ga mmu!

Atemosefere le yone e nyeuma ka ditshedi—e seng fela dinonyane, bommamathwane le ditshenekegi. Go ikaegile ka gore ke nako efe ya ngwaga, atemosefere e tletse gape ka mmudula le disele dingwe tsa dibakateria mmogo le dipeo le—mo mafelong a a rileng—mefuta e mentsintsi e e farologaneng ya megare. Makasine wa Scientific American wa re: “Seno se dira gore bontsi jwa megare e e farologaneng e e leng mo moyeng e lekane le megare e e farologaneng e e fitlhelwang mo mmung.”

Le fa go ntse jalo, ga go itsiwe sentle gore go diragala eng mo mawatleng ka gonne go dira dipatlisiso kwa tlasetlase ga mawatle gantsi go ile ga tlhoka gore baitsesaense ba dirise botegeniki jo bo jang madi a mantsi. Tota le maje a dikorale a a sa fitlhelelweng sentle mme a sekasekiwa ka botlalo, a ka tswa a na le mefuta e e dimilione ya ditshedinyana tse di iseng di itsiwe.

Le fa go ntse jalo, se re se itseng ke gore, Lefatshe le na le ditshedi tse dintsi jaana mo e leng gore, ditshedi tseno di fetola dikhemikale tsa polanete, segolobogolo biosphere—karolo ya lefatshe e mo go yone dilo di kgonang go tshela. Pego nngwe e e tswang go U.S. National Oceanic and Atmospheric Administration ya re mo mawatleng, calcium carbonate e e mo makapeng le mo dikoraleng e thusa gore selekanyo sa dikhemikale tse di mo metsing se nne se se tshwanelang “mme e dira fela jaaka dikhemikale tse di thusang go fokotsa asiti mo maleng.” Dimela le di-phytoplankton—mofuta wa bolele jo bo nang le sele e le nngwe jo bo fitlhelwang kwa tlase ga matsha le mawatle—di thusa go laola selekanyo sa khabonetaeokosaete le okosejene mo metsing le mo moyeng. Mme mo mmung, dibakateria le methuthuntshwane di bodisa dilo tse di mo mmung gore e nne dikotla tsa dimela. Ee, go a tshwanela go bo go twe lefatshe ke polanete e e tshelang.

Le fa go ntse jalo, botshelo mo lefatsheng bo ka bo bo sa kgonege fa go ka bo go se na thulaganyo e e tlhomameng e e leng teng mo mafelong a a farologaneng, a mangwe a one a neng a sa tlhaloganngwe ka botlalo go fitlha mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Thulaganyo eo e e tlhomameng e akaretsa dilo tse di latelang:

1. Lefelo le lefatshe le leng mo go lone mo losagaripeng la Molala wa Tladi le mo thulaganyong ya masedi a tlholego, mmogo le tsela e polanete e dikologang mo go yone, go sekama ga yone, lobelo lo e dikologang ka lone le ngwedi

2. Maatla a makenete le atemosefere e nna disireletsi tse pedi

3. Metsi a mantsi

4. Medikologo ya tlholego e e tlamelang le go phepafatsa karolo ya lefatshe e ditshedi di tshelang mo go yone

Fa o ntse o sekaseka dintlha tseno mo ditlhogong tse di latelang, ipotse jaana: ‘A dilo tse di leng mo lefatsheng di itlhagetse fela ka botsone kgotsa a di dirilwe ka botlhale? Fa e le gore di dirilwe, boikaelelo jwa Modimo e ne e le eng fa a ne a bopa lefatshe?’ Setlhogo sa bofelo sa motseletsele ono se tla tlotla ka potso eo.

[Lebokoso mo go tsebe 3]

“RE KA SE LETLELELE MODIMO GO TSENA MO DIKGANNYENG TSA SAENSE”

Le fa gone go na le bosupi jwa gore dilo tsa tlholego di bopilwe ka matsetseleko thata gore go ka twe di itlhagetse fela ka botsone, baitsesaense ba le bantsi ba gana go dumela mo Mmoping. Mmueledi wa kgopolo ya go iphetola ga ditshedi go nna tse dingwe e bong Richard C. Lewontin a re, ga se gore ka tsela nngwe saense e gatelela balatolamodimo go “amogela tlhaloso ya gore lobopo lo nnile teng kwantle ga go bopiwa ke Mmopi.” A re go na le moo, “ba ititeile sehuba gore ba tla dumela mo go nneng gone ga lobopo lo lo bonalang, mme ba tla batla bosupi jo bo dirang gore kgopolo eo e amogelesege.” Fa a buelela baitsesaense ka kakaretso o oketsa ka gore, “kgopolo eno ya go dumela mo lobopong lo lo bonalang ke yone fela tlhaloso e e ka amogelwang, ka gonne re ka se ka ra letlelela Modimo go tsena mo dikgannyeng tsa saense.”

A go botlhale go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go dumela o sa fetoge, segolobogolo fa go na le bosupi jo bontsi thata jwa gore go na le Mmopi? O akanya eng?—Baroma 1:20.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela