Disireletsi Tse di Maatla Tsa Lefatshe
LEFAUFAU ke lefelo le le kotsi le le tletseng ka marang a a kotsi le di-meteoroid. Le fa go ntse jalo, go bonala polanete ya rona e e botala jwa loapi e ralala losagaripa lono lo lo kotsi kwantle ga go tlhagelwa ke kotsi epe. Ka ntlha yang? Ka gonne lefatshe le sireleditswe ke disireletsi tse di gakgamatsang—maatla a makenete a a nonofileng le atemosefere e e dirilweng ka tsela e e kgethegileng.
Maatla a makenete a lefatshe a tswa kwa tengteng ga polanete mme a bo a fetela kgakala kwa lefaufaung, kwa a bopang sesireletsi se se sa bonaleng se se bidiwang magnetosphere (e e bontshitsweng kafa mojeng). Sesireletsi seno se re sireletsa mo maatleng a a feletseng a marang a lobopo le mo dikotsing tse di tswang kwa letsatsing. Dikotsi tse di tswang kwa letsatsing di akaretsa diphefo tsa letsatsi, tse e leng dikarolwana tse di tsamayang ka bonya tse di jaaka diporotone le dieleketorone; go thunya go go nnang teng mo letsatsing, go ka metsotso e se kae fela go ka ntshang maatla a magolo a a lekanang le dibomo tse di dibilione tsa haeterojene; le di-coronal mass ejection (di-CME), tse di thunyetsang ditone di le dibilione tsa dikarolwana tse di tswang go corona ya letsatsi kwa lefaufaung. Go thunya go go nnang teng mo letsatsing le di-CME di dira gore go nne le di-aurora (tse di bontshitsweng fa tlase kafa mojeng), tse di bontshang mebala e mentle ya lesedi le le leng mo karolong e e kwa godimo ya lefaufau gaufi le maatla a makenete.
Atemosefere ya lefatshe e re naya tshireletso e e oketsegileng. Leyara e e kwa ntle ya atemosefere, e leng stratosphere, e na le mofuta mongwe wa okosejene o o bidiwang ozone, e e monyang diperesente di le 99 tsa marang a a tsenang a ultraviolet (UV). Ka jalo, leyara ya ozone e thusa go sireletsa ditshedi di le dintsi, go akaretsa batho le ditshedinyana le dimela tse dinnye tsa lewatle kgatlhanong le marang a a kotsi. Se se kgatlhang ke gore, leyara ya ozone e e mo karolong ya stratosphere e nna e fetofetoga go ya ka gore marang a UV a maatla go le kana kang, mme seno se dira gore leyara ya ozone e nne sesireletsi se se maatla thata se se thusang thata.
Atemosefere gape e re sireletsa letsatsi le letsatsi gore re se ka ra welwa ke dimilione tsa di-meteoroid, tse di simologang ka dikarolwana tse dinnye go ya go mafika a magolo. Ka lesego, bontsi jwa di-meteoroid, di a sha mo atemosefereng di bo di nna masedi a a benyang a a bidiwang di-meteor.
Disireletsi tsa lefatshe ga di thibele marang a re a tlhokang mo botshelong, a a jaaka mogote le lesedi. Atemosefere e thusa le e leng go anamisa mogote mo lefatsheng, mme bosigo e nna jaaka kobo, e dira gore mogote o se ka wa tswa ka bonako.
Ruri atemosefere ya lefatshe le maatla a lone a makenete ke dilo tse di dirilweng ka tsela e e gakgamatsang tse di sa ntseng di sa tlhaloganngwe ka botlalo. Go ka bolelwa se se tshwanang ka karolo e nngwe ya lefatshe—metsi a mantsi a lefatshe e le seedi.