LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/09 ts. 10-11
  • A o Tshwanetse go Tshwenyega ka go Nna Thata mo Letsatsing?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tshwanetse go Tshwenyega ka go Nna Thata mo Letsatsing?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senyega ga Matlho
  • Go Senyega ga Letlalo
  • Go Senyega ga Thulaganyo ya Mmele ya go Lwantsha Malwetse
  • Sireletsa Letlalo la Gago!
    Tsogang!—2005
  • Morati wa Letsatsi—Sireletsa Letlalo la Gago!
    Tsogang!—1999
  • Itumelele Mmala wa Letlalo la Gago
    Tsogang!—2010
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 6/09 ts. 10-11

A o Tshwanetse go Tshwenyega ka go Nna Thata mo Letsatsing?

“E re ka leyara ya “ozone” e nna e ntse e fela mme batho go ralala lefatshe ba ntse ba batla go ijesa monate ka go nna mo letsatsing, kotsi ya go nna le mathata a boitekanelo ka ntlha ya go tsenwa ke marang a UV  [“ultraviolet”] e nna selo se segolo se go tshwenyegilweng ka sone.”—DR. LEE JONG-WOOK, YO PELE E NENG E LE MOKAEDI WA MOKGATLHO WA LEFATSHE LOTLHE WA BOITEKANELO.

MARTIN, monna mongwe wa kwa Yuropa Bokone yo o nang le letlalo le lesweu, o ne a thulamela mo moriting wa sekhukhu se segolo kwa lobopong lwa kwa Italy. Fa a tsoga, o ne a fitlhela moriti o sutile mme maoto a gagwe a sa tlhole a le masweu mme a le mahibidu e bile a le botlhoko. Martin o tlhalosa jaana: “Ke ne ka tshwanelwa ke go ya kwa phaposing ya kalafi ya potlako kwa kokelong. Maoto a me a ne a gagametse e bile a rurugile e kete ke diboroso tse pedi. Mo malatsing a le mabedi kgotsa  a le mararo morago ga foo, ke ne ke le mo ditlhabing tse di botlhoko thata. Ke ne ke sa kgone go ema le go oba maoto. Letlalo la me le ne le gagametse thata jaana mo ke neng ke boifa gore le tla phanyega.”

Batho ba le bantsi ba dumela gore ke batho ba ba nang le letlalo le lesweu fela, ba ba tshwanang le Martin ba ba tlhokang go tshaba go nna mo letsatsing. Le fa go ntse jalo, le fa batho ba ba nang le letlalo le lentsho ba sireletsegile go sekaenyana mo go fisiweng ke letsatsi, ba sa ntse ba ka nna le kankere ya letlalo. Mme gantsi kankere ya bone ga e bonwe go fitlha e nna mo seemong se se kotsi. Dikotsi tse dingwe tse di amanang le go nna thata mo letsatsing di akaretsa go senyega ga matlho le thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse, e leng mathata a a ka nnang a se ka a tlhaga go fitlha morago ga dingwaga di le dintsi tshenyo e setse e diregile.

Gone ke boammaaruri gore gantsi selekanyo sa marang a UV se nna kwa godimo thata fa motho a atamela ekhweitha. Ka jalo, batho ba ba nnang kwa mafelong a Boboatsatsi le a a gaufi le boboatsatsi le ba ba yang kwa mafelong a a ntseng jalo, ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata. Lebaka la go bo ba tshwanetse go dira jalo ke ka go bo go begiwa fa leyara ya ozone e e sireletsang atemosefere e nna tshesane le go feta mo dingwageng tsa bosheng jaana. Mma re sekaseke dikotsi dingwe tse di ka nnang teng ka ntlha ya go nna thata mo letsatsing.

Go Senyega ga Matlho

Batho ba ba ka nnang dimilione di le 15 go ralala lefatshe ba foufetse ka ntlha ya bolwetse jwa go fifala ga thaka ya leitlho (cataracts), bolwetse jo e leng jone thatathata bo bakang bofofu. Bolwetse jwa go fifala ga thaka ya leitlho bo nna teng fa diporoteine tse di mo thakeng ya leitlho di thathamologa, di tlhakatlhakanya mme di bo di kgobokanya mebala e e sirang thaka ya leitlho. Bolwetse jono ke mangwe a malwetse a a ka nnang teng ka ntlha ya go tsenwa ke marang a UV morago ga go nna mo go one ka dingwaga di le dintsi. Tota e bile, go fopholediwa gore diperesente di le 20 tsa bolwetse jwa go fifala ga thaka ya leitlho bo bakiwa kgotsa bo nna maswe le go feta ka ntlha ya go nna thata mo letsatsing.

Ka maswabi, mafelo a a gaufi le ekhweitha a batho ba tshwarwang thata ke bolwetse jwa go fifala ga thaka ya leitlho a akaretsa dinaga tse mo go tsone bontsi jwa batho bo humanengileng. Ka jalo, dimilione tsa batho ba ba humanegileng kwa Afrika, Asia, Amerika Bogare le Amerika Borwa ba foufetse ka gonne ga ba kgone go duelela karo e e tla tlosang sesiro se se mo thakeng ya leitlho.

Go Senyega ga Letlalo

Nngwetharong ya dikankere tsotlhe tse di lemogiwang lefatshe ka bophara ke dikankere tsa letlalo. Ngwaga le ngwaga go begiwa batho ba bangwe ba ba ka nnang 130 000 ba ba nnang le melanoma, mofuta o o kotsi thata wa kankere ya letlalo. Mme go na le batho ba bangwe gape ba ba fa gare ga dimilione di le pedi le di le tharo ba ba nang le kankere ya letlalo, e e jaaka kankere e e tlhaselang disele tse di kwa garegare tsa letlalo la sefatlhego (basal cell carcinomas) le kankere e e tlhaselang disele tse di sireletsang dirwe tsa mmele (squamous cell carcinomas). Go fopholediwa gore batho ba ba ka nnang 66 000 ba swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya kankere ya letlalo.a

Marang a letsatsi a senya jang letlalo la gago? Mofuta wa go fisiwa ke letsatsi o o itsegeng thata le o o maswe thata ke erythema. Ditlamorago tsa gone di ka tswelela ka malatsi a le mantsi mme di ka nna tsa akaretsa go tswa marophi le go oboga letlalo.

Fa o fisiwa ke letsatsi, marang a UV a bolaya bontsi jwa disele tsa leyara e e kafa ntle ya letlalo mme a bo a senya disele tsa leyara e e kwa garegare ya letlalo. Go fetoga gofe fela ga mmala wa letlalo la motho yo o neng a le mo letsatsing thata ke letshwao la gore letlalo le senyegile. Motho a ka nna le kankere fa go senyega DNA ya dijini e e laolang go gola le go kgaogana ga disele tsa letlalo. Letsatsi le fetola kafa letlalo le ntseng ka teng e bile le koafatsa go taologa ga lone. Seno se dira gore le tsutsubane ka bonako le lepelele, mmogo le go nna le matsadi motlhofo.

Go Senyega ga Thulaganyo ya Mmele ya go Lwantsha Malwetse

Dipatlisiso di bontsha gore fa letlalo la motho le tsenwa thata ke marang a UV, dikarolo tse di rileng mo thulaganyong ya mmele wa motho ya go lwantsha malwetse di amiwa ka tsela e e sa siamang. Seno se ka fokotsa bokgoni jwa mmele jwa go lwantsha malwetse  mangwe. Tota le go nna mo letsatsing go se kae fela go ka oketsa kotsi ya go tsenwa ke megare ya dibakateria, ya mothuthuntshwane, ya diparasaete kgotsa ya dibaerase. Batho ba bantsi ba etse tlhoko gore fa ba nna mo letsatsing ba nna ba tswa diso tsa mofikela kgotsa ba nna le baerase ya herpes simplex. Pego nngwe ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo e tlhalosa gore mofuta mongwe wa lesedi la ultraviolet, le le itsegeng e le UVB, (ultraviolet B) “le bonala le fokotsa tsela e thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e thusang ka teng—mo kgannyeng ya diso tsa mofikela, ga e kgone go laola baerase ya Herpes simplex e e dirang gore megare e nne e ntse e le teng.”

Ka jalo, fa go tla mo kgannyeng ya dikankere, marang a letsatsi a ka baka tshenyo ka ditsela tse pedi. Sa ntlha, marang a senya DNA ka tlhamalalo mme go tswa foo a bo a fokotsa tsela e thulaganyo ya mmele ya go lwa le bolwetse e ka kgonang go lwantsha tshenyo eo ka teng.

Ka jalo, go tla bo go le botlhale go nna kelotlhoko gore re se ka ra nna thata mo letsatsing. Boitekanelo jwa rona, tota le botshelo jwa rona bo ka nna mo kotsing.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona motlotlo o o malebana le kankere ya letlalo, bona Tsogang! ya June 8, 2005, tsebe 3-10.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

KAFA O KA ITSHIRELETSANG KA TENG

◼ Fokotsa nako e o nnang mo letsatsing ka yone mo diureng tsa motshegare tse di fa gare ga 10:00 a.m. le 4:00 p.m., fa marang a UV a le bogale thata.

◼ Leka go nna mo moriting.

◼ Bipa matsogo le maoto a gago ka diaparo tse di sa go tshwareng tse di logilweng ka tsela e e kitlaneng.

◼ Rwala hutshe e e nang le moribego o mogolo go sireletsa matlho, ditsebe, sefatlhego le karolo e e kwa morago ya thamo ya gago.

◼ Fa o rwala diborele tsa letsatsi tsa boleng jo bo kwa godimo tse di tswalegileng kafa thoko—tse di go sireletsang ka mo go feletseng gore o se ka wa amiwa ke marang a UVA le a UVB (mefuta ya lesedi la ultraviolet) go tla fokotsa thata kotsi ya gore matlho a senyege.

◼ Dirisa setlolo se sentsi se se go sireletsang mo letsatsing mme o nne o ntse o se tshasa gape ka diura dingwe le dingwe tse pedi, mme o tshwanetse go dirisa setlolo se se kgonang go go sireletsa mo letsatsing ka selekanyo sa tshireletso sa SPF15.

◼ E re ka malao le dipone tse di dirang gore matlalo a nne mantshonyana le mafelo a batho ba yang go fisa matlalo kwa go one, di dirisa marang a UV, a a ka senyang letlalo, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o akantsha gore di se ka tsa dirisiwa.

◼ Nna kelotlhoko go sireletsa masea le bana ba bannye, ba matlalo a bone a fisiwang ka bonako ke letsatsi.

◼ Le ka motlha o se ka wa thulamela mo letsatsing.

◼ Fa o tswa patso kgotsa lerontho mo letlalong tse di go tshwenyang, bona ngaka ya gago.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela