Seedi sa Botshelo
METSI ke masaitsiweng. Ke seedi se se sa raraanang mme gape se raraane. Molekhule nngwe le nngwe ya one e na le diatomo di le tharo—di le pedi tsa haeterojene le e le nngwe ya okosejene. Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba sa ntse ba sa tlhaloganye gore dimolekhule tsa metsi di bereka jang. Mme le fa go ntse jalo, rotlhe re itse gore metsi a botlhokwa mo botshelong, a dira diperesente di le 80 tsa boima jwa ditshedi tsotlhe. Akanya fela ka dinonofo di le tlhano tsa sere se se gakgamatsang seno.
1. Metsi a kgona go boloka mogote o montsi mme themperetšha ya one e bo e sa tlhatloge thata mme ka tsela eo a kgona go laola tlelaemete.
2. Metsi a a kokomoga fa a gatsela mme ka ntlha ya seo a dira gore aese e kgone go kokobala le go dira leyara e e thuthafatsang. Fa e ne e le gore jaaka dire tse dingwe metsi a ne a kitlana fa a gatsela, matsha, dinoka le mawatle a ne a tla nna aese go tswa kwa tlase a bo a bolaya sengwe le sengwe!
3. Metsi a bonaletsa thata, a dira gore ditshedi tse di ikaegileng ka lesedi tse di seng kwa tlasetlase thata di kgone go tshela.
4. Dimolekhule tsa metsi di kgona go ikgobokanya fa godimo, mme di bo di nna le leyara e e taologang e e keteng letlalo. Seno se dira gore ditshenekegi di kgone go tlolaka mo mogobeng, se dira gore metsi a nne marothodi le go thusa gore metsi a kgone go tlhatlogela kwa godimo mo ditlhareng tse di telele thata.
5. Metsi ke setlhaolosi se se molemo go gaisa se se itsegeng. A kgona go tsamaisa okosejene, khabonetaeokosaete, matswai, diminerale le dire tse dingwe tse dintsi tse di botlhokwa di le mo seeding.
A Mosola Thata go Laola Tlelaemete ya Lefatshe
Mawatle a khurumeditse diperesente tse di ka nnang 70 tsa lefatshe mme seno se dira gore a nne le seabe se segolo mo go laoleng tlelaemete. Ee, mawatle le atemosefere di dira mmogo, di nna di ntse di refosana mogote, metsi, digase le motsamao o o nnang teng ka phefo le makhubu. Mme gape di dira mmogo go tsamaisa mogote wa masedi go tswa kwa mafelong a Boboatsatsi di o isa kwa dikarolong tse di tsididitsididi, mme ka tsela e e ntseng jalo di laola dithemperetšha tsa lefatshe. Tota e bile, gore ditshedinyana tse dintsi di kgone go tswelela di tshela, dithemperetšha di tshwanetse go nna di le mo selekanyong se se tla dirang gore metsi e nne e le seedi. Buka ya Rare Earth—Why Complex Life Is Uncommon in the Universe e bolela jaana: “Go bonala maemo a a mo Lefatsheng a tshwanela sentle.”
Gone mme, lefatshe le dirilwe, ga se sengwe se se nnileng teng ka bosone fela. A mme lefatshe le itirile kgotsa a le dirilwe ke Mmopi yo o botlhale le yo o lorato? Baebele e bontsha fa le dirilwe ke Mmopi yo o botlhale le yo o lorato. (Ditiro 14:15-17) Mo setlhogong se se latelang, re tla bona kafa se Baebele e se bolelang se tshegediwang ke bosupi jo bongwe—medikologo e e gakgamatsang e e dirang gore polanete ya rona e nne e le phepa e bile e siametse botshelo.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
BAEBELE E BOAMMAARURI MO GO TSA SAENSE
Lefatshe le lepeletse mo lefaufaung. “O otlololela bokone mo lefelong le le se nang sepe, o lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe.”—Jobe 26:7, e tlhalositswe mo e ka nnang ka 1613 B.C.E.
Lefatshe le kgolokwe. “Go na le yo o nnang kwa godimo ga kgolokwe ya lefatshe.”—Isaia 40:22, e kwadilwe mo e ka nnang ka 732 B.C.E.
Metsi a tsamaya ka modikologo. “Melatswana yotlhe e e phothoselang ya mariga e ya kwa lewatleng . . . Lefelo le melatswana e e phothoselang ya mariga e yang kwa go lone, e boela kwa go lone gore e tle e tswe teng.”—Moreri 1:7, e kwadilwe pele ga 1 000 B.C.E.
Lobopo lo laolwa ke melao. “[Nna Jehofa] ke tlhomile kgolagano ya . . . melao ya legodimo le lefatshe.”—Jeremia 33:25, e kwadilwe pele ga 580 B.C.E.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Magnetosphere: NASA/Steele Hill; aurora: Collection of Dr. Herbert Kroehl, NGDC; reef: Stockbyte/Getty Images