A di Ne di Tlhamilwe?
Diphuka Tsa Difofi Tsa Tlholego
◼ Ke eng tse o akanyang gore di fofa botoka thata mo moyeng? Difofane kgotsa dibopiwa tse di tshwanang le bommamathwane, ditshenekegi, le dinonyane? O ka tswa o dumela kgotsa nnyaa, le ka motlha sefofane se ka se tshwane le ditshedinyana tseno tse di gakgamatsang tsa tlholego, Wei Shyy yo e leng porofesa wa boenjeniri jwa diphofo kwa Yunibesithing ya Michigan o bolela gore, “ditshedi tseno di na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go fofa mo lefaufaung le fa go na le diphefo tse di tsubutlang, pula le kapoko.”a Sephiri sa tsone ke eng? Keletso e bafofisi ba nang le yone fa e sale batho ba leka la ntlha go fofisa sefofane ke ya diphuka tse di kgonang go phaphasela.
Ela tlhoko: Fa dinonyane le ditshenekegi dingwe di ntse di fofa, diphuka tsa tsone di nna di fetola sebopego gore di emelane le maemo a tikologo. Seno se dira gore di kgone go phaphasela le go retologa ka bonako. Makasine wa Science News o bega se se ileng sa elwa tlhoko ka bommamathwane: “Fa ba fofa ka lobelo lo lo kwa tlase, mo e ka nnang dimetara di le 1,5 ka motsotso, ba retolola dintlhana tsa diphuka tsa bone gore di lebelele kwa tlase ba bo ba di retolola gape ka bonako fa ba ntse ba fofela kwa godimo. Baitsesaense [ba] akanyetsa gore mokgwa ono . . . o thusa dinonyane tseno gore di nne di phaphasela mo moyeng le gore di ye kwa pele.”
Boammaaruri ke gore go sa ntse go na le mo gontsi go ithuta ka difofi tsa tlholego. Peter Ifju yo e leng porofesa wa boenjeniri jwa diphofo kwa Yunibesithing ya Florida o botsa jaana: “Di dira eng mo moyeng gore di kgone go phaphasela sentle kwa godimo?” O oketsa jaana: “Go na le mekgwa e e farologaneng e re sa e tlhaloganyeng ya kafa moya o tsamayang ka teng go dikologa dilo tse di fofang. Re kgona go bona se [dinonyane le ditshenekegi] di se dirang, mme ga re itse gore seo se amana jang le moya.”
O akanya eng? A diphuka tse di nang le bokgoni jo bo farologaneng tsa difofi tseno di nnile teng ka botsone? Kgotsa a di ne di tlhamilwe?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Le fa gone ditshedi tse dintsi tse di nang le diphuka di kgona go fofa mo puleng, bontsi jwa tsone di batla lefelo le le sireletsegileng.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
“Hummingbird” ya molomo o mokima
[Motswedi wa Setshwantsho]
Laurie Excell/Fogstock/ age fotostock
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Mmamathwane
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Delpho, M/age fotostock