LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/14 ts. 12-13
  • Bajadi Kwa Dikgweng Tsa Boboatsatsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bajadi Kwa Dikgweng Tsa Boboatsatsi
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Anamisa Peo
  • Botshelo Jwa Bone
  • Mmamathwane yo Monnye go Gaisa mo Lefatsheng
    Tsogang!—2010
  • Diphuka Tsa Difofi Tsa Tlholego
    Tsogang!—2009
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2010
  • Mahutsana ka Sekgwa Seno sa Pula
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 10/14 ts. 12-13
Mmamathwane wa maungo a ja maungo mo setlhareng

Bajadi Kwa Dikgweng Tsa Boboatsatsi

MOJADI mongwe le mongwe o itse gore tsela e e molemo ya go lema ke fa motho a jala peo mo lefelong le le siameng ka nako e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, go ka lebega go gakgamatsa gore temo e e atlegang thata kwa dikgweng tsa boboatsatsi e dirwa bosigo—mo loaping. Bajadi bano ke bommamathwane ba ba jang maungo (Old World fruit bats)—ba bangwe ba bone ba itsegeng e le bophokoje ba ba fofang.a

Go Anamisa Peo

Bontsi jwa bommamathwane ba maungo ba fofa bosigo mo dikgweng ba batla ditlhare tse di nang le maungo kgotsa dithunya tse ba ka gopang tswina mo go tsone. Fa ba bone maungo ao ba a a tlhafuna ba bo ba kgwa tshotlho le peo e e sa silegang. Fa ba gopa tswina, ba tsenya loupa mo dithunyeng go di thusa go ntsha peo.

E re ka bommamathwane ba fofa lobaka lo loleele bosigo, ba kgona go anamisa peo mo karolong e kgolo. Ba gasa peo e nngwe ka mantle, mme seo se dira gore e gole ka bonako. Ga go gakgamatse go bo dimela tse di farologaneng di ikaega ka bommamathwane go thusa dithunya tsa tsone go ntsha dipeo le go di anamisa.

E re ka bommamathwane ba fofela kgakala, ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go fofa sentle le go bonela kgakala. Fa go le lefitshwana, ba kgona go bona botoka go feta batho. Ba kgona le go lemoga mebala mengwe. E bile ba rata go fofa bosigo le motshegare.

Botshelo Jwa Bone

Mmamathwane wa maungo

A O NE O ITSE? Go farologana le bommamathwane ba bangwe, bommamathwane ba maungo bone ga ba bone dijo ka go thaisa diphologolo tse dingwe, go na le moo ba a di dupa kgotsa ba di bona di le kgakala. Matlho a tsone a magolo a di thusa go bona sentle fa di ntse di fofa bosigo

Bommamathwane ba ba fofang ba kwa Samoa ba ba jaaka bophokoje (Pteropus samoensis) ba nna ba tsala go fitlha ba swa. Go lemogilwe gore mefuta mengwe ya bommamathwane ba ba namagadi ba kgona go tlhokomela bana ba bone sentle, ba ba tshola mo go bone dibeke di le mmalwa le go ba amusa go fitlha ba gola. Mo mefuteng e mengwe e mebedi ya bommamathwane ba maungo, fa mmamathwane a tsala o thusiwa ke yo mongwe yo o namagadi.

Ka maswabi, bontsi jwa bommamathwane ba mo kotsing ya go nyelediwa ka gonne mafelo a bone a bonno a senngwa. Go nyelediwa ga bommamathwane kwa ditlhaketlhakeng tsa South Pacific go ka nna le ditlamorago tse di bosula ka gonne dijalo tsa mo dikgweng tseo di ikaegile ka bone gore di ntshe peo. Go bonala sentle gore tiro e bajadi bano ba e dirang e botlhokwa tota.

a Bommamathwane ba maungo ba fitlhelwa kwa Afrika, Asia, Australia le kwa Ditlhaketlhakeng dingwe tsa Pacific.

GO SIRELETSA SEKGWA

Setlhare sa mowana

Dithunya tsa setlhare sa mowana di thunya ka diura di le 24 fela. Mme ke nako e e lekaneng gore bommamathwane ba gope tswina mo dithunyeng ba bo ba isa loupa kwa ditlhareng tse dingwe tsa mowana

Fa ditlhare tsa kwa dikgweng tsa boboatsatsi di remilwe, bommamathwane ba thusa gore di boe di gole gape. Tota e bile, fa ba ntse ba dira tiro ya bone ya go jala peo, go ka tlhoga ditlhare tse disha. Buka ya Bats of the World ya ga Gary L. Graham ya re: “Gore batho ba tshele botshelo jo bo molemo ba tlhoka go tshela mo tikologong e e phepa, mme gore tikologo e nne phepa go tlhokega bommamathwane.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela