LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/09 ts. 26-29
  • Go ka Kgonega go Tokafatsa go Gakologelwa ga Gago!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go ka Kgonega go Tokafatsa go Gakologelwa ga Gago!
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bo ka Kgona go Dira mo Gontsi
  • Kafa o ka Tokafatsang go Gakologelwa ga Gago
  • Ditlhaka Tsa Mnemonic—Sedirisiwa se se Mosola
  • O ka Tokafatsa go Gakologelwa Dilo
    Tsogang!—1996
  • O ka Kgona go Tokafatsa Tsela e o Gakologelwang Dilo ka Yone
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Batho ba Bopetswe go Ithutela Ruri
    Tsogang!—2004
  • Go Torowa Go ka Go Thusa go Gopola Se o Se Ithutileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 2/09 ts. 26-29

Go ka Kgonega go Tokafatsa go Gakologelwa ga Gago!

“Go gakologelwa dilo go dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao. Kwantle ga gone, letsatsi lengwe le lengwe e ne e tla nna le lesha mme o tla bo o bona motho yo o sa mo itseng fa o iteba mo seiponeng. Letsatsi lengwe le lengwe le tiragalo nngwe le nngwe e ka bo e diragala e sa golagane ka gope le nako e e fetileng kgotsa e e tlang; re ne re ka se ka ra ithuta go tswa mo dilong tse di fetileng kgotsa ra nna le se re ka se lebelelang ka isagwe.”—“MYSTERIES OF THE MIND.”

KE GORENG fa dinonyane dingwe di kgona gore morago ga dikgwedi di bo di gakologelwa kwa di bolokileng dipeo gone ka mariga mme sepepe se kgona go gakologelwa kwa se fitlhileng manoko gone mme rona re sa kgone go gakologelwa kwa re beileng dilotlolo tsa rona gone mo ureng e e fetileng? Ee, bontsi jwa rona re ngongorega ka gore ga re kgone go gakologelwa dilo sentle. Le fa go ntse jalo, le fa boboko jwa motho bo sa itekanela bo na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go ithuta le go gakologelwa dilo. Sephiri sa go dira jalo ke go bo dirisa ka botlalo.

Bo ka Kgona go Dira mo Gontsi

Boboko jwa motho bo boima jwa dikilogerama di le 1,4 mme go akanngwa gore bo ka nna bogolo jwa grapefruit le fa go ntse jalo bo na le dinyurone di le dibilione di le 100 tse tsotlhe di bopang karolo ya mafaratlhatlha a a raraaneng. E ruri, nyurone e le nngwe e ka tswa e golagane le tse dingwe di le 100 000. Kgolagano eno e dira gore boboko bo kgone go amogela tshedimosetso e ntsi bo bo bo e boloke. Mme gone, kgwetlho e nna gore motho a kgone go gakologelwa tshedimosetso eo fa a e tlhoka. Batho bangwe ba na le bokgoni jo bogolo jwa go dira seno, go akaretsa le batho ba bantsi ba ba sa rutegang.

Ka sekai, kwa Afrika Bophirima, batho ba ba bolelelang ditiragalo tsa morafe ba ba sa rutegang ba kgona go bolela maina a le mantsi a batho ba bogologolo ba ba neng ba nna mo metsaneng ya bone. Batho bano ba ne ba dira gore mokwadi wa Moamerika yo o bidiwang Alex Haley yo buka ya gagwe e e bidiwang Roots e gapileng sekgele sa Pulitzer, a kgone go batlisisa ba losika lwa gagwe go tswa kwa dikokomaneng tse thataro tse di fetileng kwa Gambia. Haley o bolela jaana: “Ke anaanela thata tsela e batho ba ba bolelelang dikgang ba kwa Afrika ba nthusitseng ka yone, go a tshwanela go bo kwa Afrika go twe fa mongwe wa batho bano a tlhokafala, go nna e kete laeborari e shele lore.”

Akanya gape ka moopedisi wa Montadiana yo o bidiwang Arturo Toscanini yo talenta ya gagwe e neng ya lemogiwa a le dingwaga di le 19 fa a ne a kopiwa go emela moopedisi mongwe. Le fa a ne a sa kgone go bona sentle o ne a kgona go opedisa opera Aida yotlhe ka tlhogo!

Ditiro tse di ntseng jalo di ka re gakgamatsa tota. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ka kgona go gakologelwa dilo tse dintsi go feta kafa ba akanyang ka teng. A o ka rata go tokafatsa tsela e o gakologelwang dilo ka yone?

Kafa o ka Tokafatsang go Gakologelwa ga Gago

Go gakologelwa dilo go akaretsa dikgato tse tharo: go tsenya, go boloka le go ntsha gape. Boboko jwa gago bo tsenya tshedimosetso fa bo akanya gore bo a e itse. Morago ga foo, tshedimosetso eo e ka bolokiwa gore e tle e dirisiwe mo nakong e e tlang. Go palelwa ke go gopola go direga fa nngwe ya dikgato tseno tse tharo e sa diragala.

Mogopolo ka boone o ka kgaoganngwa ka dikarolo di le mmalwa go akaretsa sensory memory, (short-term memory) go gakologelwa dilo tse di sa tswang go diragala le (long-term memory) go gakologelwa dilo tsa nako e e fetileng. Sensory memory e amogela molaetsa go ya ka ditemosi tsa gago tse di jaaka go dupa, go bona le go ama. Go gakologelwa dilo tse di sa tswang go direga go dira gore o kgone go gakologelwa dilo di le mmalwa ka nako e khutshwane. Ka jalo, re ka kgona go tlhakanya dipalo mo tlhogong, go gakologelwa dinomoro tsa founo gore o kgone go di letsetsa kgotsa go gakologelwa karolo ya ntlha ya seele fa o ntse o bala kgotsa o reeditse e e latelang. Mme gone jaaka re itse, go gakologelwa dilo tse di sa tswang go diragala go lekanyeditswe.

Fa o batla go boloka tshedimosetso ka nako e telele, e tshwanetse go ya kwa karolong ya mogopolo e e bolokang tshedimosetso ya nako e e fetileng. O ka dira jang gore tshedimosetso e tsene koo? Melaometheo e e latelang e tla go thusa go dira jalo.

◼ Go bontsha kgatlhego Leka ka natla go kgatlhegela kgang e e rileng mme o bo o ikgakolola mabaka a go bo o ithuta ka yone. Fela jaaka o ka tswa o setse o lemogile, fa sengwe se go ama maikutlo o kgona go se gakologelwa botoka. Ntlha eno e ka thusa thata baithuti ba Baebele. Fa ba bala Baebele ba na le mekgele e mebedi ya go atamela gaufi le Modimo le go ruta ba bangwe ka ene, tsela e ba gakologelwang dilo ka yone e tokafala thata.—Diane 7:3; 2 Timotheo 3:16.

◼ Go tsepamisa mogopolo Buka ya Mysteries of the Mind e bolela gore “ka dinako tse dintsi re ‘palelwa ke go gakologelwa dilo’ ka ntlha ya go se tsepamise mogopolo.” Ke eng se se ka go thusang gore o tsepamise mogopolo? Bontsha kgatlhego, mme fa go kgonega o kwale dintlha. Go kwala dintlha ga go thuse fela go tsepamisa mogopolo gape go dira gore moreetsi a kgone go boeletsa dintlha tsa gagwe moragonyana.

◼ Go tlhaloganya Diane 4:7 ya re: “Mmogo le sotlhe se o se bapalang, o bapale tlhaloganyo.” Fa o sa tlhaloganye thuto kgotsa kgopolo nngwe go ka direga gore o se ka wa e gakologelwa sentle kgotsa o ka nna wa se ka wa e gakologelwa gotlhelele. Go tlhaloganya go dira gore o bone kafa dikarolo dingwe di amanang ka teng gore e nne mogopolo o le mongwe. Ka sekai, fa moithuti wa makheneke a tlhaloganya gore enjene e dira jang a ka kgona go gakologelwa dintlha ka ga yone.

◼ Go rulaganya Rulaganya dilo tse di tshwanang kgotsa tse di tsamaisanang. Ka sekai, go motlhofo go gakologelwa lenaane la korosari fa o rulaganya dilo—dinama, merogo, maungo jalo le jalo. Gape, kgaoganya tshedimosetso ka dikarolwana tse dinnye tsa dilwana di le tlhano go ya go di le supa. Gantsi dinomoro tsa founo di kgaoganngwa ka dikarolo di le pedi gore o kgone go di gakologelwa motlhofo. Kwa bokhutlong go ka nna mosola gore o rulaganye lenaane la gago go ya ka thulaganyo e e rileng, gongwe go ya ka tatelano ya dialefabete.

◼ Go boaboeletsa kgotsa go buela kwa godimo Go boaboeletsa kwa godimo se o batlang go se gakologelwa (ka sekai lefoko kgotsa seele sa puo e sele) go tla dira gore dinyurone di kgone go golaganya kgang eo botoka. Jang? Sa ntlha, go bua lefoko go dira gore o tsepamise mogopolo wa gago. Sa bobedi, morutisi wa gago a ka nna a go bolelela fa o dira phoso. Sa boraro, go reetsa—tota le fa o itheetsa—go dira gore dikarolo tse dingwe tsa boboko di bereke.

◼ Go itirela setshwantsho mo mogopolong Itirele setshwantsho mo mogopolong sa dilo tse o batlang go di gakologelwa. Go ka thusa gape go dira setshwantsho seo mo pampiring. Fela jaaka go buela mafoko kwa godimo, go itirela setshwantsho mo mogopolong go dira gore dikarolo tse dingwe tsa boboko di bereke. Fa o dirisa ditemosi tse di oketsegileng, tshedimosetso e bolokega botoka mo mogopolong.

◼ Go golaganya Fa o ithuta sengwe se sesha se golaganye le sengwe se o setseng o se itse. Go golaganya dikakanyo le dilo tse di setseng di le mo mogopolong go dira gore go nne motlhofo gore boboko bo kgone go ntsha tshedimosetso fa bo e tlhoka. Ka sekai, gore o gopole leina la motho, le golaganye le tebego nngwe ya gagwe e e sa tlwaelegang kgotsa le sengwe se se tla dirang gore o gakologelwe leina la gagwe. O kgona go gakologelwa botoka fa selo se o se golaganyang le se o batlang go se gakologelwa se tshegisa thata kgotsa se sa dire tlhaloganyo gotlhelele. Ka bokhutshwane, re tlhoka go akanya ka batho le ka dilo tse re batlang go di gakologelwa.

Buka ya Searching for Memory ya re: “Fa ka dinako di le dintsi re dira dilo re sa akanye mme re sa ithute ka tikologo ya rona le ka maitemogelo a rona re ka palelwa ke go gakologelwa sentle gore re ne re le kae le gore re dirile eng.”

◼ Go nweleletsa Dira gore o nne le nako ya gore tshedimosetso e nwelele jaaka e kete o e inela mo metsing. Tsela e nngwe e e molemo ya go dira seno e ka nna go boeletsa se o se ithutileng gongwe ka go se bolelela motho yo mongwe. Fa e le gore o nnile le maitemogelo a a kgatlhang kgotsa o badile sengwe se se agang mo Baebeleng kgotsa mo dikgatisong tsa Baebele, se bolelele mongwe. Fa o dira jalo bobedi jwa lona lo tla solegelwa molemo—o tla gakologelwa botoka mme le tsala ya gago e tla kgothatsega. Go a utlwala go bolela gore go boaboeletsa tshedimosetso ke tsela e e itsegeng ya go thusa motho go e gakologelwa.

Ditlhaka Tsa Mnemonic—Sedirisiwa se se Mosola

Kwa Gerika le Roma wa bogologolo, ditswerere tsa puo di ne di kgona go neela dipuo tse ditelele ba sa lebe dintlha tse ba di kwadileng. Ba ne ba dira jang jalo? Ba ne ba dirisa mnemonic. Seno ke sekapuo se se re thusang gore re boloke tshedimosetso ya nako e e fetileng mo mogopolong wa rona mme re e gakologelwe fa re e batla.

Mokgwa o o neng o dirisiwa ke ditswerere tsa puo tsa Bagerika ba bogologolo e ne e le o o bidiwang loci o o neng wa tlhalosiwa la ntlha ke mmoki Simonides wa kwa Ceos ka 477 B.C.E. Mokgwa ono o ne o kopanya melaometheo ya go rulaganya, go itirela setshwantsho sa mogopolo le go golaganya sengwe se o se tlwaetseng jaaka letshwao la mo tseleng kgotsa sengwe se se mo ntlong ya motho. Batho ba ba neng ba dirisa mokgwa ono wa loci ba ne ba tsaya loeto mo mogopolong wa bone ba bo ba golaganya tshedimosetso nngwe le nngwe e ba batlang go e gakologelwa le matshwao mangwe kgotsa dilo dingwe. Fa ba batla go gakologelwa tshedimosetso eo ba ne ba boela ba tsaya loeto loo gape mo mogopolong.—Bona lebokoso le le reng “Tsaya Loeto Lwa Mogopolo.”

Patlisiso e e dirilweng mo bathong ba ba tsereng maemo a a kwa godimo mo Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa go Gakologelwa tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga ba fitlhetse gore go gakologelwa ga bone dilo go ne go sa dirwe ke go nna botlhale ga bone. Mo godimo ga moo, batsayakarolo ba le bantsi ba ne ba le magareng ga dingwaga di le 40 le 50. Sephiri sa bone e ne e le eng? Bontsi jwa bone bo ne bo bolela fa bokgoni jwa bone bo dirilwe ke go dirisa mnemonic sentle.

A o tlhoka go gakologelwa lenaane la mafoko? Tsela e nngwe e e molemo ya go dirisa mokgwa ono wa mnemonic ke go dirisa di-acronym—go kopanya ditlhaka tsa ntlha tsa lefoko kgotsa tsa mafoko go bopa lefoko le lesha. Batho ba le bantsi ba ba nnang kwa Amerika Bokone ba gakologelwa maina a Matsha a Magolo a matlhano—Huron, Ontario, Michigan, Erie, le Superior—ka acronym eno “HOMES.” Mokgwa o mongwe gape o o tshwanang le oo ke o o bidiwang acrostic, o o neng o dirisiwa ke Bahebera ba bogologolo. Ka sekai, mo dipesalemeng tse dintsi lefoko la ntlha la temana kgotsa la ditemana di le mmalwa le simolola ka mafoko a a latelanang go ya ka dialefabete tsa Sehebera. (Bona Pesalema 25, 34, 37, 111, 112, le 119.) Mokgwa ono o o mosola wa go gakologelwa o ne wa dira gore baopedi ba kgone go gakologelwa ditemana di le 176 tsa Pesalema ya 119!

Ee, o ka kgona go thapisa le go tokafatsa tsela e o gopolang dilo ka yone. Fela jaaka dipatlisiso di bontshitse, mogopolo wa rona o tshwana le mosifa. Fa re nna re o dirisa o nonofa le go feta tota le go fitlha re tsofala.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

DINTLHA TSE DI THUSANG TSE DI OKETSEGILENG

◼ Dira gore mogopolo wa gago o bereke ka go ithuta botswerere jo bosha, puo e ntšha, kgotsa seletswa sengwe sa mmino.

◼ Tsepamisa mogopolo wa gago mo dilong tse di botlhokwa thata.

◼ Ithute mekgwa ya mnemonic.

◼ Nwa metsi a a lekaneng. Go tlhoka metsi mo mmeleng go ka dira gore tlhaloganyo e tlhakatlhakane.

◼ Robala mo go lekaneng. Fa o robetse boboko bo boloka dilo tse o ka di gakologelwang.

◼ Phuthologa fa o ntse o ithuta. Go gatelelwa mo maikutlong go dira gore cortisol e tswe, mme seno se ka kgoreletsa go dirisana ga methapo.

◼ Tila go dirisa bojalwa le motsoko ka tsela e e sa siamang. Bojalwa bo kgoreletsa tlhaloganyo go gopola dilo tse di sa tswang go direga, mme go tshwakgolwa ke bojalwa go ka dira gore motho a tlhaele thiamine, e leng B-vitamin e e tlhokegang mo go direng sentle ga mogopolo. Motsoko o fokotsa okosejene e e tshwanetseng go ya kwa bobokong.a

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go ya ka tshedimosetso e e gatisitsweng mo makasineng o o mo khomputareng wa Brain & Mind.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

TSAYA LOETO LWA MOGOPOLO

O ka gakologelwa jang lenaane la korosari le le nang le dilo di le mmalwa tse di jaaka senkgwe, mae, mashi le botoro. O dirisa mokgwa wa loci o ka di “bona” fa o ntse o tsere loeto lwa mogopolo mo phaposing ya gago ya bonno.

Bona ka mogopolo mosangwana mo setulong e le senkgwe,

mae a ntse a thuthuga kafa tlase ga lobone,

tlhapi ya gago e thuma kafa gare ga tanka ya mashi

botoro e tshasitswe gotlhe mo sekirining sa thelebishene ya gago

Fa dilo tseno e le tse di sa tlwaelegang kgotsa tse di tshegisang thata go nna botoka le go feta! Fa o fitlha kwa lebenkeleng, boeletsa loeto lwa gago lo o neng o le tsere mo mogopolong.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

ITUMELELE GO BO O KGONA GO LEBALA!

Akanya gore botshelo jwa gago bo ne bo tla nna jang fa o ne o ka bo o kgona go gakologelwa sengwe le sengwe go sa kgathalesege gore se botlhokwa kgotsa ga se na mosola. Tlhaloganyo ya gago e ne e tla tlala ka dilo tse di sa tlhokegeng, a ga go jalo? Makasine wa New Scientist wa re “mosadi mongwe yo o kgonang go gakologelwa mo e ka nnang sengwe le sengwe se se diragetseng mo botshelong jwa gagwe o tlhalosa seo e le sengwe ‘se se sa feleng, se se sa laolesegeng le se se lapisang’ e bile e le ‘mokgweleo.’” Ka lesego, bontsi jwa rona ga re na bothata jo bo ntseng jalo ka gonne babatlisisi ba dumela gore tlhaloganyo ya rona e na le bokgoni jwa go latlha tshedimosetso e e siilweng ke nako le e e seng mosola. Makasine o o nopotsweng fa godimo o bolela jaana: “Go kgona go lebala ka tsela e e lekaneng ke karolo e e botlhokwa ya go kgona go gakologelwa dilo sentle. Fa re lebala sengwe se se mosola . . . go bontsha gore mokgwa ono wa tlhaloganyo ya rona wa go latlha tshedimosetso e e sa e tlhokeng o bereka ka tsela e e feteletseng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela