O ka Kgona go Tokafatsa Tsela e o Gakologelwang Dilo ka Yone
JEHOFA MODIMO o bopile boboko jwa motho bo na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go gakologelwa dilo. O bo dirile gore e nne bobolokelo jo go ka tsewang tshedimosetso mo go jone mme bo sa latlhegelwe ke tshedimosetso e e botlhokwatlhokwa e e neng e bolokilwe mo go jone. Tsela e boboko bo dirilweng ka yone e dumalana le boikaelelo jwa Modimo jwa gore batho ba tshelele ruri.—Pes. 139:14; Joh. 17:3.
Mme o ka nna wa nna le maikutlo a gore o lebala bontsi jwa dilo tse o di tsenyang mo mogopolong wa gago. Go lebega e kete ga di yo mo go one fa o di batla. Ke eng se o ka se dirang go tokafatsa tsela e o gakologelwang dilo ka yone?
Kgatlhegela se go Tlotliwang ka Sone
Go botlhokwa gore o kgatlhegele se go tlotliwang ka sone fa e le gore o batla go tokafatsa tsela e o gakologelwang dilo ka yone. Fa re itlwaetsa go ela dilo tlhoko, re itlwaetsa go kgatlhegela batho ba bangwe e bile re itlwaetsa go kgatlhegela se se diregang gaufi le rona, seno se tla tlhotlheletsa mogopolo wa rona. Ka jalo go tla nna motlhofo gore re kgatlhege ka tsela e e tshwanang fa re bala kgotsa re utlwa sengwe se se nang le mosola o o nnetseng ruri.
Go tlwaelegile gore motho a nne le bothata jwa go gakologelwa maina a batho. Le fa go ntse jalo, jaaka Bakeresete, re a itse gore batho ba botlhokwa—Bakeresetekarona, batho ba re ba neelang bosupi, le ba bangwe ba re dirisanang le bone fa re ntse re dira dilo tse di botlhokwa tsa botshelo. Ke eng se se ka re thusang go gakologelwa maina a tota re tshwanetseng go a gakologelwa? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala maina a batho ba le 26 ba ba neng ba le kwa phuthegong e a neng a e kwalela. Re kgona go bona gore o ne a ba kgatlhegela fa re tlhokomela gore e ne e se fela gore o itse maina a bone mme gape o ne a umaka dintlha dingwe tse di rileng ka ba le bantsi ba bone. (Bar. 16:3-16) Balebedi bangwe ba ba etang ba motlha wa segompieno ba Basupi ba ga Jehofa ba dira sentle tota mo go gakologelweng maina a ba bangwe, le mororo ba etela diphuthego tse di farologaneng beke le beke. Ba thusiwa ke eng? Ba ka nna ba go dira mokgwa gore ba dirise leina la motho gangwe le gape fa ba tlotla le ene lekgetlho la ntlha. Ba leka go amanya leina la motho le sefatlhego sa gagwe. Mo godimo ga moo, ba fetsa nako e ntsi ba na le batho ba ba farologaneng mo bodireding jwa tshimo le fa ba ja mmogo le bone. Fa o kopana le mongwe, a o tla gakologelwa leina la gagwe? Simolola ka go nna le lebaka le le utlwalang la go gakologelwa leina la gagwe; morago ga moo leka dingwe tsa dikakantsho tse di fa godimo.
Go gakologelwa se o se balang le gone go botlhokwa. Ke eng se se ka go thusang go tokafatsa mo ntlheng eno? Go botlhokwa gore o rate se o se balang o bo o se tlhaloganye. O tshwanetse go rata selo se o se balang gore o tle o tlhome mogopolo otlhe wa gago mo go sone. Ga o kitla o tshwarelela se o se balang fa o etile ka mogopolo mme o ntse o leka go bala. O tlhaloganya dilo botoka fa o amanya tshedimosetso e o e balang le dilo tse o tlwaelaneng le tsone kgotsa kitso e o setseng o na le yone. Ipotse jaana: ‘Nka dirisa tshedimosetso eno jang mo botshelong jwa me, le gone leng? Nka e dirisa jang go thusa motho yo mongwe?’ Gape, o tlhaloganya botoka fa o bala dipolelwana go na le go bala lefoko le le lengwe ka nako. O tla tlhaloganya dintlha ka bonako o bo o lemoge megopolo ya konokono, gore o e gakologelwe motlhofo.
Iphe Nako ya go Dira Poeletso
Baitse ba tsa thuto ba gatelela botlhokwa jwa go dira poeletso. Mo patlisisong nngwe, porofesa ya kwa kholetšheng e ne ya bontsha gore go dirisa motsotso o le mongwe fela o dira poeletso ka bonako go tla dira gore tshedimosetso e o e tshwareletseng e menagane sebedi. Ka jalo ka bonako fela fa o sena go bala sengwe—kgotsa karolo e kgolwane ya sone—boeletsa dintlha tsa konokono gore o di kokotele mo mogopolong wa gago. Akanya gore o ne o ka tlhalosa jang ka mafoko a gago dintlha dipe fela tse disha tse o di ithutileng. Go dira poeletso ka bonako fela fa o sena go bala ntlha nngwe go tla dira gore o fetse nako e telele o ntse o e gakologelwa.
Mme mo malatsing a le mmalwa a a latelang, batla tshono ya go boeletsa se o se badileng ka go se bolelela motho yo mongwe. O ka nna wa se bolelela mongwe mo lelapeng, mongwe mo phuthegong, modirikawena, yo o tsenang sekolo le ene, moagelani, kgotsa mongwe yo o kopanang le ene mo bodireding jwa tshimo. Leka gore o se ka wa boeletsa dintlha tsa konokono fela mme gape le mabaka a Dikwalo a a amanang le tsone. Go dira jalo go tla go solegela molemo, go go thusa go nwetsa dilo tse di botlhokwa mo mogopolong wa gago; gape go tla solegela ba bangwe molemo.
Tlhatlhanya ka Dilo Tse di Botlhokwa
Mo godimo ga go boeletsa se o se badileng le go bolelela ba bangwe ka sone, o tla fitlhela go le mosola go tlhatlhanya ka dilo tse di botlhokwa tse o di ithutileng. Bakwadi ba Baebele e bong Asafe le Dafide ba ne ba dira jalo. Asafe o ne a re: “Ke tla gakologelwa ditiro tsa ga Jah; gonne ke tla gakologelwa tiro ya gago e e gakgamatsang ya bogologolo. Mme ruri ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago, ke tla akanya ka ditiro tsa gago.” (Pes. 77:11, 12) Ka tsela e e tshwanang, Dafide o ne a kwala jaana: “Ke tlhatlhanya ka wena mo ditebelong tsa bosigo,” a ba a kwala a re “Ke gakologetswe malatsi a bogologolo; ke tlhatlhantse ka tiro ya gago yotlhe.” (Pes. 63:6; 143:5) A wena o dira jalo?
Go akanya thata ka tsela e e ntseng jalo o tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa, dinonofo tsa gagwe, le thato ya gagwe e e tlhalositsweng ga go go thuse fela gore o tshwarelele dintlha. Fa o itlwaetsa go akanya ka tsela e e ntseng jalo, go tla nwetsa dilo tse di botlhokwa thata mo pelong ya gago. Go tla bopa mofuta wa motho yo o leng ene kafa teng. Dilo tse o di gakologelwang di tla tshwantshetsa dikakanyo tsa gago tse di kwa tengteng.—Pes. 119:16.
Seabe sa Moya wa Modimo
Fa re batla go gakologelwa boammaaruri jo bo amanang le ditiro tsa ga Jehofa le dilo tse di builweng ke Jesu Keresete, ga re a tlogelwa fela re le rosi. Mo bosigong jwa pele ga a swa, Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Fa ke ne ke sa ntse ke na le lona ke buile dilo tseno le lona. Mme mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.” (Joh. 14:25, 26) Mathaio le Johane e ne e le bangwe ba bao ba neng ba le teng. A moya o o boitshepo o ne wa nna mothusi yo o ntseng jalo mo go bone? Ee, ruri! Mo e ka nnang morago ga dingwaga di le robedi, Mathaio o ne a wetsa go kwala pego ya ntlha e telele ya botshelo jwa ga Keresete, go akaretsa le dilo tse di botlhokwa tse a neng a di gakologelwa tse di jaaka Thero ya mo Thabeng le pego ya dintlha tsotlhe ka sesupo sa go nna gone ga ga Keresete le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Dingwaga di le 65 morago ga loso lwa ga Jesu, moaposetoloi Johane o ne a kwala pego ya gagwe ya Efangele, e e neng e akaretsa le dintlha tse Jesu a neng a di bua mo bosigong jwa bofelo jo baaposetoloi ba neng ba na le Morena ka jone pele a swa. Ga go na pelaelo gore Mathaio le Johane ba ne ba gakologelwa sentle dilo tse Jesu a neng a di bua le tse a neng a di dira fa ba ne ba na le ene, mme moya o o boitshepo o ne wa nna le seabe se segolo go tlhomamisa gore ga ba lebale dilo tse di botlhokwa tse Jehofa a neng a batla gore di nne teng mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng.
A moya o o boitshepo o dira jaaka mothusi mo batlhankeng ba Modimo gompieno? Ee ruri! Ke boammaaruri gore moya o o boitshepo ga o tsenye dilo tse re iseng re ke re di ithute mo megopolong ya rona, mme o dira jaaka mothusi gore o busetse dilo tse di botlhokwa mo megopolong ya rona tse re di ithutileng mo nakong e e fetileng. (Luke 11:13; 1 Joh. 5:14) Morago ga moo, maatla a rona a go akanya a a tsosiwa fa go tlhokega, gore re “gakologelwe mafoko a a neng a buiwa pelenyana ke baporofeti ba ba boitshepo le taolo ya Morena le Mmoloki.”—2 Pet. 3:1, 2.
‘O se Ka wa Lebala’
Jehofa o ne a tlhagisa Iseraele jaana gangwe le gape: ‘O se ka wa lebala.’ Ga se gore o ne a lebeletse gore ba gakologelwe sengwe le sengwe fela jaaka se ntse. Mme ba ne ba sa tshwanela go tshwarega thata ka dilo tsa bone ka namana gore ba bo ba lebale ditiro tsa ga Jehofa. Ba ne ba tshwanetse go nna ba gakologelwa tsela e Jehofa a neng a ba golola ka yone fa moengele wa gagwe a ne a kgemetha maitibolo otlhe a Egepeto le fa Jehofa a ne a bula Lewatle le Lehibidu a bo a le tswala gape, a nwetsa Faro le masole a gagwe. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o ne a ba neile Molao wa gagwe kwa Thabeng ya Sinai le gore o ne a ba etelela pele go kgabaganya naga le go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng. Ba ne ba sa tshwanela go lebala ka tlhaloganyo ya gore ba ne ba tshwanetse go tswelela ba gakologelwa dilo tseno ka tsela e e neng e tla ama matshelo a bone a letsatsi le letsatsi fela thata.—Dute. 4:9, 10; 8:10-18; Ekes. 12:24-27; Pes. 136:15.
Le rona re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra lebala. Fa re ntse re lepalepana le mathata a botshelo, re tshwanetse go gakologelwa Jehofa, re nna re gakologelwa gore ke Modimo yo o ntseng jang le lorato lo a neng a lo bontsha ka go re naya Morwawe go nna mpho, yo o neng a ntsha thekololo ya maleo a rona gore re bone botshelo jo bo itekanetseng ka bosakhutleng. (Pes. 103:2, 8; 106:7, 13; Joh. 3:16; Bar. 6:23) Go bala Baebele ka metlha le go nna le seabe ka tlhagafalo mo dipokanong tsa phuthego le mo bodireding jwa tshimo go tla dira gore re nne re gakologelwa boammaaruri jo bo botlhokwa jono ka metlha.
Fa re lebane le go dira ditshwetso, tse dikgolo kgotsa tse dinnye, gakologelwa boammaaruri joo jo bo botlhokwa, mme o bo letle gore bo tlhotlheletse tsela e o akanyang ka yone. O se ka wa lebala. Kopa Jehofa gore a go kaele. Go na le go leba dilo fela ka tsela ya senama kana go ikanya fela se pelo e e sa itekanelang e se buang, ipotse jaana, ‘Ke kgakololo efe kgotsa melaometheo efe ya Lefoko la Modimo e e tshwanetseng go kaela tshwetso e ke e dirang?’ (Dia. 3:5-7; 28:26) Ga o ka ke wa gakologelwa dilo tse o iseng o ke o di bale kgotsa o utlwe ka tsone. Mme fa kitso ya gago e e boammaaruri le go rata Jehofa go ntse go gola, kitso e o e bolokileng e moya wa Modimo o ka go thusang gore o e gakologelwe e tla gola, mme go rata ga gago Jehofa mo go ntseng go gola go tla go tlhotlheletsa gore o dire tumalanong le yone.