LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/09 ts. 24-26
  • Masaitsiweng a Magolo a Saense a Rarabolotswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masaitsiweng a Magolo a Saense a Rarabolotswe
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sedirisiwa sa Masaitsiweng
  • O Tlhatlhobiwa ka Kelotlhoko
  • Tshedimosetso e e Oketsegileng
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2007
  • Ditswerere Tsa Bogologolo Tsa Thutodinaledi
    Tsogang!—2012
  • Ke Eng fa re Tsofala e Bile re Swa?
    Tsogang!—1995
  • Thulaganyo ya Rona e e Tlhomologileng ya Masedi a Tlholego—Kafa go Diregileng ka Gone Gore e Nne Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 3/09 ts. 24-26

Masaitsiweng a Magolo a Saense a Rarabolotswe

FA BATHO ba ba thumang kwa tlase ga metsi ba ne ba batlisisa sekepe se se thubegileng gaufi le setlhaketlhake sa kwa Gerika sa Antikýthēra ka 1901, ba ne ba bona letlotlo. Go bonala fa sekepe se se neng se thubegile e ne e le sekepe sa bogologolo sa bagwebi ba Baroma, se se neng se rwele gareng ga dilo tse dingwe, difikantswe tsa mmabole le tsa boronse le madi a tshipi a selefera go tswa kwa Peregamo. Madi ao a tshipi a ne a dira gore babatlisisi ba kgone go fopholetsa gore sekepe seo, se se neng se ka tswa se ne se ya kwa Roma, se ne sa nwela fa gare ga dingwaga tsa 85 le 60 B.C.E.

Fa e sa le sekepe seno se bonwe, dilwana tse di ribolotsweng di ile tsa bolokiwa kwa National Archaeological Museum of Athens, kwa Gerika. Le fa go ntse jalo, ga se difakantswe kgotsa madi a tshipi a a neng a ngokela babatlisisi kwa musiamong oo ka 2005. Ba ne ba kgatlhegela thata go bona sedirisiwa sengwe sa boronse se pele se neng se beilwe mo teng ga lekase la logong le le lekanang le lebokoso la ditlhako. Sedirisiwa seno se se ribolotsweng, se se itsegeng e le Motšhini wa Antikythera, se bontsha gore ditšhaba tsa bogologolo di ne di kgona go fitlhelela dilo tse dikgolo mo go tsa saense go feta kafa batho ba le bantsi ba akanyang ka gone. Sedirisiwa seo se ile sa bidiwa “motšhini wa maemo a a kwa godimo go gaisa ope fela o o kileng wa nna teng mo motlheng wa bogologolo.”

Ke eng tota? Mme ke ka ntlha yang fa o le botlhokwa jaana?

Sedirisiwa sa Masaitsiweng

Fa lekase leo le ne le ntshiwa go tswa kwa tlase ga lewatle le ne le rusitse thata gape le apesitswe ke masaledi a a popota. Mo e ka nnang morago ga dingwaga di le 2 000, le ne le tshwana le lefika le le nang le mmala o motalanyana. E re ka go ne go tlhomilwe mogopolo thata mo go ribololweng ga difikantswe, sedirisiwa seno sa masaitsiweng se ne se sa kgatlhegelwe mo go kalo.

Fa moithutamarope mongwe a tlhatlhoba motšhini ono ka 1902, o ne o na le dikarolwana di le mmalwa. O ne o na le maotwana a bogolo jo bo farologaneng a a nang le meno a a segilweng ka sebopego sa khutlotharo. Sedirisiwa seno se ne se tshwana le tshupanako, mme e re ka go ne go dumelwa gore dilo tse di mo teng ga tshupanako di ne di sa dirisiwe thata go fitlha dingwaga tse di ka nnang 700 tse di fetileng, go ne go bonala e ne e se tshupanako.

Setlhogo sengwe se se neng se bua ka Motšhini wa Antikythera se ne sa tlhalosa gore “gantsi bakwalahisitori ga ba dumele gore [Bagerika ba dingwaga tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng] ba ka tswa ba ne ba na le di-gear tse di tshwanelang sentle tsa saense—di-gear tse di segilweng go tswa mo tshiping mme tsa rulaganngwa gore e nne ‘setlhopha sa di-gear’ se se raraaneng se se ka kgonang go tsamaisa sengwe go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe.” Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba akanya gore ke mofuta mongwe wa sedirisiwa se se neng se dirisiwa go bona latitude ka go bona gore letsatsi, ngwedi, dipolanete le dinaledi di fa kae.

Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba bolela gore di-gear tseo di ne di raraane thata gore sedirisiwa seo e bo e le sa dingwaga di le 2 000 tse di fetileng. Ka jalo, ba ne ba swetsa ka gore motšhine ono o tshwanetse wa bo o ne o se wa sekepe se se thubegileng seo sa bogologolo. Kafa letlhakoreng le lengwe, mokanoki mongwe o ne a akantsha gore motšhine oo o ka tswa e ne e le sedirisiwa se se itsegeng thata se go tweng ke Sphere of Archimedes. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E. Cicero o ne a tlhalosa sedirisiwa seno a re ke mofuta mongwe wa polanetariamo—sekaelo sa motšhini o o kgonang go bontsha motsamao wa letsatsi, ngwedi le dipolanete tse tlhano tse re kgonang go di bona ka matlho. Le fa go ntse jalo, e re ka go ne go se na bosupi bope jo bongwe jo bo utlwalang sentle, go ne ga amogelwa kgopolo eno ya motsamao wa dinaledi, letsatsi, dipolanete le ngwedi.

O Tlhatlhobiwa ka Kelotlhoko

Ka 1958, sedirisiwa seno se ne sa tlhatlhobiwa ke Derek de Solla Price, yo o neng a ithutela go nna moitse wa fisikisi mme a tlogela fisikisi a nna porofesa ya hisitori. O ne a dumela gore sedirisiwa seno se ka kgona go ntsha tshedimosetso ka ditiragalo tsa nako e e fetileng le tsa nako e e tlang tsa go lepa dinaledi, tse di jaaka gore ngwedi o o tletseng o tla bonala leng. O ne a lemoga gore mekwalo e e neng e le mo sedirisiweng seno e ne e tlhalosa dikarolo tse di farologaneng tsa khalendara—malatsi, dikgwedi le matshwao a zodiac. O ne a bolela fa a akanya gore se tshwanetse sa bo se kile sa nna le manaka a a dikologang, a a bontshang tsela e dipopo tsa magodimo di emeng ka yone ka dinako tse di farologaneng.

Price o ne a swetsa ka gore leotwana le legolo thata la gear le ne le dirisiwa go emela motsamao wa letsatsi le gore fa le dikologa gangwe, go ne go tsamaisana le nako e lefatshe le e tsayang go dikologa letsatsi. Fa e le gore gear e nngwe, e e golagantsweng le ya ntlha, e ne e emela motsamao wa ngwedi, seo se raya gore rashio ya palo ya meno a a mo maotwaneng a mabedi e tshwanetse ya bo e ne e bontsha kgopolo ya Bagerika malebana le medikologo ya ngwedi.

Ka 1971, Price o ne a tsaya motšhini ono ekeserei. Ditshwantsho tsa ekeserei di ne tsa supa gore se a neng a se akantse se boammaaruri. Sedirisiwa seno e ne e le calculator e e raraaneng ya go bala motsamao wa dinaledi. Price o ne a dira setshwantsho sa kafa a neng a akanya gore sedirisiwa seno se bereka ka teng mme ka 1974 o ne a gatisa se a se fitlheletseng. O ne a kwala jaana: “Ga go na sedirisiwa sepe se sengwe se se tshwanang le seno se se bolokilweng felo gongwe. . . . Go ya ka se ke se itseng ka saense le botegeniki mo motlheng wa Bagerika, re tshwanetse ra bo re ile ra akanya gore go ka se ka ga bo go ile ga nna le sedirisiwa se se ntseng jalo ka nako eo.” Ka nako eo, dipatlisiso tse Price a neng a di dirile di ne di sa bone tlotlomalo e e neng e di tshwanetse. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba tsweletsa pele dipatlisiso tsa gagwe.

Tshedimosetso e e Oketsegileng

Ka 2005, setlhopha sa babatlisisi ba ba umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno ba ne ba tlhatlhoba sedirisiwa seno ba dirisa motšhini wa CAT-scan wa maemo a a kwa godimo go ntsha ditshwantsho tsa ekeserei tsa dikarolo tse tharo tse di bonalang sentle thata. Dipatlisiso tseno di ile tsa dira gore go nne le tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa sedirisiwa seno se berekang ka teng. Fa motho yo o se dirisang a retolosa konopo, maotwana a di-gear a a ka nnang 30 a ne a dira gore dikarolo tse tharo tse di kwa pele le kwa morago ga lebokoso, tse di supang motsamao wa dinaledi, ngwedi le dipolanete di bereke. Seno se ne se dira gore motho yo o se dirisang a kgone go fopholetsa gore medikologo ya dinaledi e ntse jang, go akaretsa le go fifala ga letsatsi kgotsa ngwedi, go ya ka modikologo wa dingwaga di le nnè tsa metshameko ya Olympic le e mengwe yotlhe ya kwa Gerika. Gantsi metshameko eno e ne e dirisiwa go bala nako.

Ke eng fa tshedimosetso e e ntseng jalo e ne e le botlhokwa jalo? Go na le mabaka a le mmalwa. Thutodinaledi e ne e le botlhokwa mo bathong ba bogologolo ka gonne letsatsi le ngwedi e ne e le tsone tse di neng di dirisiwa mo dikhalendareng tse di neng di bolelela balemi gore ba leme leng peo. Batho ba ba neng ba tsamaya ka dikepe ba ne ba dirisa dinaledi gore di ba kaele tsela. Ditheo tse batho ba kwa Gerika ba neng ba di dirisa di ne di amana le thutodinaledi. Mme go na le lebaka le lengwe gape la go bo tshedimosetso e e ntseng jalo e ne e le botlhokwa.

Martin Allen wa Antikythera Mechanism Research Project o ne a kwala jaana: “Go bolelela diphifalo pele go ne go le botlhokwa thata mo Bababeloneng ba bogologolo e re ka phifalo ya letsatsi kgotsa ngwedi e ne e tsewa e le botlhodi jwa sengwe se se bosula. Ruri sedirisiwa seno se ka tsewa e le sedirisiwa sa bopolotiki, se se neng se thusa balaodi gore ba kgone go laola batho ba ba kafa tlase ga bone. Go ile ga bo ga akantshiwa gore lengwe la mabaka a go bo re sa itse go le kalo ka didirisiwa tseno, ke ka go bo ba sesole le ba dipolotiki ba ne ba di bolokile e le sephiri.”

Le fa se ka tswa se re neela tshedimosetso efe, sedirisiwa seno ke bosupi jwa gore thutodinaledi le dipalo tsa Gerika wa bogologolo, tse bontsi jwa tsone di neng di theilwe mo tlwaelong e e sa bolong go nna teng ya Bababelona ke tsa maemo a a kwa godimo go feta kafa re neng re akantse ka gone. Makasine wa Nature o tlhalosa jaana: “Motšhini wa bogologolo wa Antikythera ga o supe fela gore dikakanyo tsa rona malebana le go dirisiwa ga botegeniki mo dingwageng tse di fetileng di phoso—o re naya tshedimosetso e e oketsegileng malebana le hisitori ka boyone.”

[Lebokoso mo go tsebe 26]

O DIRILWE KE MANG?

Motšhini wa Antikythera o ka se ka wa bo e ne e le one fela o o neng o leng teng. Martin Allen o kwala jaana: “Ga go na bosupi bope jwa gore go nnile le diphoso. Dikarolo tsotlhe tsa sedirisiwa seno di na le se di se dirang. Ga go na dikhuti tse di oketsegileng, kgotsa dikarolwana tsa tshipi tse di bontshang gore modiri wa sone o ne a fetola tsela e a neng a dirile sedirisiwa seno ka yone. Seno se dira gore re swetse ka gore o tshwanetse a bo a ile a dira didirisiwa tse dingwe tse dintsi pele ga seno.” Ka jalo, ke mang yo o se dirileng? Mme go diragetse eng ka tse dingwe tse a neng a di dirile?

Patlisiso ya bosheng jaana e e dirilweng ka sedirisiwa seno e ne ya bontsha maina a dikgwedi tse sedirisiwa seno se ileng sa bolelela pele gore phifalo ya letsatsi kgotsa ngwedi e ka direga mo go tsone. Maina ao a tswa kwa Korintha. Seno se dira gore babatlisisi ba swetse ka gore sedirisiwa seno se ile sa dirwa le go dirisiwa ke batho ba setso se se rileng. Makasine wa saense wa Nature o bolela jaana: “Dikolone tsa Korintha tsa kwa bokonebophirima jwa Gerika kgotsa Sirakuse kwa Sisili e ka tswa e le tsone thata di neng di dirisa didirisiwa tseno—mme fa e le gore di ne di dirisiwa kwa Sirakuse, go raya gore di ka tswa di ne di dirisiwa mo motlheng wa ga Archimedes.”

Ke ka ntlha yang fa go sa sala sedirisiwa sepe se se tshwanang le seno? Allen o kwala jaana: “Boronse ke selo se se tlhwatlhwakgolo e bile e kgona go dirisiwa gape. Ka ntlha ya seo, ga go motlhofo go bona dilwana tsa bogologolo tsa boronse. Tota e bile, bontsi jwa dilwana tsa boronse tse di ribolotsweng di bonwe kafa tlase ga metsi, koo batho ba ba neng ba ka tswa ba di dirisitse gape ba neng ba sa kgone go fitlha gone.” Mmatlisisi mongwe o bolela jaana: “Re na le sekaelo seno fela ka go bo batho ba ba neng ba ka kgona go se dirisa gape ba ne ba sa kgone go se fitlhelela.”

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go dirwa sesha ga bokafateng jwa Motšhini wa Antikythera

1. Karolo e e fa pele e e supang motsamao wa dinaledi e ne e bontsha dinako tsa modikologo wa ngwedi le gore letsatsi le ngwedi di kwa kae. Gape e ne e bontsha letsatsi le kgwedi go ya ka khalendara ya letsatsi le motsamao wa letsatsi (le dipolanete tse di bonalang) le masomosomo a dinaledi a “zodiac”

2. Karolo e e kwa godimo kwa morago e e supang motsamao wa dinaledi e ne e bontsha kamano e e fa gare ga dikgwedi tsa modikologo wa ngwedi, dingwaga tsa modikologo wa letsatsi le dinako tsa Metshameko ya Segerika ya Bogologolo

3. Karolo e e kwa tlase kwa morago e e supang motsamao wa dinaledi e ne e bolelela pele go fifala ga letsatsi le ngwedi

[Ditshwantsho]

Tebego ya kwa pele

Tebego ya kwa morago

[Motswedi wa Setshwantsho]

Both photos: ©2008 Tony Freeth/Antikythera Mechanism Research Project (www.antikythera-mechanism.gr)

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kafa poleiti e e kafa ntle e e kwa morago e ka tswang e ne e lebega ka teng

[Motswedi wa Setshwantsho]

©2008 Tony Freeth/Antikythera Mechanism Research Project (www.antikythera-mechanism.gr)

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

All photos: ©2005 National Archaeological Museum/Antikythera Mechanism Research Project (www.antikythera-mechanism.gr)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela