Go Nona go go Feteletseng ga Bana—Go ka Dirwang ka Gone?
GO NONA go go feteletseng mo baneng e setse e le sengwe se se tlwaelegileng thata mo dinageng tse dintsi. Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o ne wa bolela gore mo lefatsheng ka bophara go fopholediwa gore bana ba le dimilione di le 22 ba ba kafa tlase ga dingwaga di le tlhano ba bakima.
Patlisiso nngwe kwa Spain e ne ya senola gore ngwana a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba bararo o mokima kgotsa o nonne ka tsela e e feteletseng. Mo dingwageng di le lesome fela (1985-1995), go nona go go feteletseng ga bana go ne ga oketsega ka makgetlho a a menaganeng go feta gararo kwa Australia. Mo dingwageng tse di ka nnang 30 tse di fetileng go nona ga bana ba dingwaga tse di magareng ga di le thataro le di le 11 go ne ga oketsega ka makgetlho a a fetang a le mararo kwa United States.
Go nona go go feteletseng ga bana go setse go simolola go ama le dinaga tse di tlhabologang. Go ya ka mokgatlho wa International Obesity Task Force, mo dikarolong dingwe tsa Afrika, bana ba le bantsi ba amiwa ke bothata jwa go nona go na le go se fepiwe sentle. Ka 2007, Mexico e ne e le mo maemong a bobedi mo lefatsheng morago ga United States, ka palo ya bana ba ba nonneng ka tsela e e feteletseng. Go bolelwa gore kwa Mexico City fela, diperesente di le 70 tsa bana le basha ba dingwaga tsa bolesome ba bakima kgotsa ba nonne ka tsela e e feteletseng. Ngaka e e arang bana e e bidiwang Dr. Francisco González o tlhagisa gore eno e ka tswa e le “kokomana ya ntlha e e tla swang pele ga batsadi ba bone ka ntlha ya mathata a a bakiwang ke go nona go go feteletseng.”
Go ka nna le mathata afe? A mararo ke ano, bolwetse jwa sukiri, kgatelelo e e kwa godimo ya madi le bolwetse jwa pelo. Ano ke malwetse a mo nakong e e fetileng a neng a tshwara fela batho ba ba godileng. Go ya ka U.S. Institute of Medicine, diperesente di le 30 tsa basimane le diperesente di le 40 tsa basetsana ba ba belegweng kwa United States mo ngwageng wa 2000, ba na le bolwetse jwa sukiri jwa type 2 jo bo bakiwang ke go nona go go feteletseng.
Dipatlisiso di bontsha go oketsega go gogolo ga mokgwa ono mo baneng. Go oketsega ga palo ya batho ba ba nonneng ka tsela e e feteletseng go oketsa palo ya batho ba ba tshwarwang ke bolwetse jwa kgatelelo e e kwa godimo ya madi. Dr. Rebecca Din-Dzietham wa Morehouse School of Medicine kwa Atlanta, kwa Georgia, o tlhagisa jaana: “Fa go sa dirwe sengwe ka mokgwa ono wa go oketsega ga kgatelelo ya madi e e kwa godimo, re ka letela go bona koketsego e kgolo ya malwetse a masha a pelo mo basheng le mo bathong ba bagolo.”
Dilo Tse di Bakang Bothata Jono
Ke eng se se bakang bothata jono jwa lefatshe lotlhe jwa go nona go go feteletseng ga bana? Le fa gone go ka kgonega gore motho a gotse bokima jo bo feteletseng mo dijining tsa batsadi ba gagwe, koketsego eno ya go nona e bontsha gore seno ga se sone fela se go bakang. Stephen O’Rahilly yo e leng porofesa wa saense ya ditshedi le kalafi kwa Cambridge University kwa Engelane o bolela jaana: “Ga se dijini di bakang koketsego ya go nona go go feteletseng. Re ka se fetole dijini tsa rona mo dingwageng tse di fetang 30.”
Fa Mayo Clinic e bolela ka dilo tse di ka tswang di baka bothata jono kwa United States ya re: “Le fa gone dijini le dihoromone di ka tswa di baka bothata jwa go nona ga bana ka tsela e e feteletseng, mo maemong a le mantsi bothata jono bo bakiwa ke gore bana ba ja thata mme ba ikatisa go le gonnye fela.” Dikai tse pedi tsa seo di bontsha kafa mekgwa ya go ja e fetogileng ka teng gompieno.
Sa ntlha, e re ka batsadi ba ba berekang ba na le nako e nnye mme e bile ba se na le maatla a go apaya dijo, ba setse ba tlwaetse go reka dijo tsa kwa diresetšhurenteng. Diresetšhurente tse di rekisang dijo tse di dirwang ka bonako di setse di tletse gotlhe go ralala lefatshe. Patlisiso nngwe e ne ya bega gore mo e ka nnang nngwetharong ya bana ba kwa United States ba dingwaga tse di magareng ga 4 go ya go 19, ba ja dijo tsa kwa diresetšhurenteng letsatsi le letsatsi. Dijo tse di ntseng jalo gantsi di na le sukiri e ntsi le mafura a mantsi mme gantsi di rekisiwa ka bontsi.
Sa bobedi, batho ba le bantsi ba emisetsa metsi le mashi ka go nwa dinotsididi. Ka sekai, batho ba kwa Mexico ba dirisa madi a mantsi ngwaga le ngwaga ba reka dinotsididi go feta a ba a dirisang mo mefuteng e le lesome ya dijo tse di botlhokwa di kopane. Go ya ka buka ya Overcoming Childhood Obesity, fa motho a nwa dimililitara di le 600 fela tsa senotsididi ka letsatsi a ka oketsa boima jwa mmele ka dikilogerama di le 11 ka ngwaga!
Fa go ne go dirwa patlisiso malebana le go sa itshidileng mmele ga batho, patlisiso kwa Yunibesithing ya Glasgow kwa Scotland e ne ya fitlhela gore ngwana wa dingwaga di le tharo o “nna matlhagatlhaga” ka metsotso e e ka nnang 20 ka letsatsi. Fa porofesa wa bongaka jwa bana le kalafi wa kwa Yunibesithing ya Colorado yo o bidiwang Dr. James Hill, a ne a akgela ka patlisiso eo o ne a re: “Go oketsega ga bana ba ba ratang go dira dilo ba ntse fa fatshe kwa United Kingdom ga go felele koo mme go setse go anamela le mo dinageng tse dingwe lefatshe ka bophara.”
Tharabololo ke Eng?
Baitseanape ba dijo ga ba rotloetse gore bana ba bolelelwe gore ba je eng mme ba se ka ba ja eng ka gonne seno se tla dira gore ba se ka ba gola sentle gape se tla dira gore ba nne le botsogo jo bo sa siamang. Go na le moo, Mayo Clinic ya re: “Tsela e nngwe e e molemo ya go fokotsa go nna mokima ga bana ba gago ke go tokafatsa tsela e lelapa lotlhe le jang ka yone le tsela e lo ikatisang ka yone.”—Bona lebokose le le tsamaisanang le setlhogo seno.
Dira gore lelapa la gago le nne le ja sentle le go ikatisa. Fa o dira jalo, eo e tla nna tsela ya botshelo e bana ba gago ba tla golang ba ntse ba e dirisa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]
KE ENG SE BATSADI BA KA SE DIRANG?
1 Reka maungo le merogo e mentsi mme o dire gore go jewe yone go feta dijo tse di dirwang ka bonako.
2 Fokotsa dinotsididi, dino tse di nang le sukiri e ntsi le dijo tse di motlhofo tse di nang le mafura a mantsi kgotsa sukiri e ntsi. Go na le moo, dira gore go nowe metsi le mashi a a se nang mafura a mantsi.
3 Dirisa mekgwa ya go apaya e e sa diriseng mafura a mantsi e e jaaka go baka, go besa, go fufutsa dijo go na le go di gadika.
4 Ba tsholele dijo tse dinnye.
5 Tila go dirisa dijo e le tuelo kgotsa go reka ngwana.
6 O se ka wa letla bana go tlolwa ke sefitlholo. Fa ba sa je sefitlholo ba ka feleletsa ba ja thata moragonyana.
7 Nnang fa tafoleng fa lo ja. Fa o ja o lebile thelebishene kgotsa khomputara o ka feleletsa o ja thata o sa lemoge gore o kgotse.
8 Kgothaletsa bana gore ba dire ditiro dingwe tse di tla ba dirang gore ba nne matlhagatlhaga tse di jaaka go kgweetsa baesekele, go tshameka bolo le go tlola kgati.
9 Fokotsa nako ya go leba thelebishene, go dirisa khomputara kgotsa go tshameka metshameko ya bidio.
10 Rulaganya maeto a lelapa a a dirang gore lo itshidile mmele a a jaaka go etela kwa dizuu, go thuma kgotsa go tshameka kwa parakeng.
11 Dira gore bana ba gago ba dire ditiro tse di tla dirang gore ba nne matlhagatlhaga.
12 Tlhoma sekao ka go ja sentle le go ikatisa.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Metswedi: The National Institutes of Health le Mayo Clinic