A le Ne le Tlhamilwe?
Letlhare la Lotus Le le Sa Kolobeng
◼ Akanya ka dikopi tsa polasitiki tse di kgonang go iphepafatsa. Difensetere tse di kgonang go nna di sa kolobe mo puleng. Kgotsa metšhine ya dimaekorosekopo e e sa gotlhaneng thata. Baitsesaense ba re eno ke melemo e le mmalwa fela e re ka nnang le yone fa re ka kgona go itse gore letlhare la lotus le dira jang.
Ela tlhoko: Bogodimo jwa letlhare la lotus bo apesitswe ke makukunopu a le one a apesitsweng ke dikiresetale tsa bonota. Marothodi a metsi a a welang mo letlhareng a tshwarwa ke dikiresetale tseo tse di dirang jaaka sethibelametsi. Tsela e letlhare leno le bopegileng ka yone e dira gore metsi a kgone go wela fa fatshe pele a ka fitlha fa godimo ga lone. Go bo go felela ka eng? Ga se fela gore letlhare leno le nna le omile mme gape le nna le le phepa, ka gonne marothodi a metsi a tsamaya le leswe le lerole.
Baitsesaense ba batla go dira dilo tse di tshwanang le letlhare la lotus le le sa kolobeng. Tota le metšhine e mennye thata e e ka senngwang ke metsi e tla tokafala fa e ka diriwa ka tsela e e tshwanang le letlhare la lotus. Lokwalodikgang lwa Science Daily lo bega gore, “go na le ditsela tse dintsi tse di ka dirisiwang go tshwana le kafa letlhare leno le ntseng ka teng.”
O akanya eng? A letlhare la lotus le itlhagetse fela? Kgotsa a le ne le tlhamilwe?