LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 2/15 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Setlhare sa Motlhware se se Tala mo Ntlong ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Morwalela o Mogolo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 2/15 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Morago ga Morwalela, Noa o ne a romela leeba le le neng la boa le tshwere “letlhare la motlhware.” Leeba leno le ne la bona kae letlhare leo?

Baebele e re bolelela gore “metsi a khurumetsa lefatshe fela thata mo e leng gore dithaba tsotlhe tse di telele tse di neng di le kafa tlase ga magodimo otlhe di ne tsa bipiwa.” (Genesise 7:19) Fa metsi a Morwalela a ntse a kokobela, Noa o ne a roma leeba ka makgetlho a le mararo—a tlodisa beke. Ka lekgetlho la bobedi, leeba le ne la boa le tshwere “letlhare la motlhware mo molomong wa lone le le sa tswang go kgetlwa, ka jalo Noa a itse gore metsi a ne a kokobetse mo lefatsheng.”—Genesise 8:8-11.

Mme gone, gone jaanong ga go na kafa re ka itseng ka teng gore karolo e e rileng ya lefatshe e ne e khurumeditswe ke metsi a Morwalela ka nako e e kana kang, ka gonne ga go pelaelo gore Morwalela o ne wa fetola sebopego ga lefatshe. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore metsi a ne a khurumeditse dikarolo tse dintsi ka nako e telele gore ditlhare di le dintsi di swe. Mme gone, go bonala fa dingwe tsa ditlhare di ile tsa tswelela di tshela, mme seno sa dira gore di kgone go tlhoga gape fa metsi a sena go kokobela.

The New Bible Dictionary e akgela jaana ka setlhare sa motlhware: “Fa se rengwa, matlhogela a masha a gola mo moding wa sone, mme go ka felela ka gore go tlhoge mo e ka nnang dikutu tse tlhano mo moding o le mongwe. Gantsi ditlhare tsa motlhware tse di gaufi le go swa le tsone di boa di tlhoga ka tsela e e ntseng jalo.” The New Schaff-Herzog Encyclopedia of Religious Knowledge ya re “go ntse jaaka e kete maatla a sone a botshelo ga a fele.” Gompieno ga go na ope yo o itseng gore metsi a Morwalela a ne a le letswai go le kana kang kana gore themperetšha ya one e ne e ntse jang. Ka jalo, ga re ka ke ra tlhomamisega gore metsi a morwalela a ile a ama ditlhare tsa motlhware le dijalo tse dingwe jang.

Le fa go ntse jalo, setlhare sa motlhware sa naga ga se kgone go tshela mo go leng serame thata, jaaka mo dithabeng tse di kwa godimodimo. Gantsi di tlhoga mo mafelong a a kwa tlase ga dimetara di le 1 000, koo themperetšha e fetang didikirii tsa Celsius di le lesome. Buka ya The Flood Reconsidered ya re: “Ka jalo, Noa o ne a kgona go lemoga ka letlhare le le neng le sa tswa go kgetlwa gore metsi a ne a simolola go kokobela mo mekgatšheng e e kwa tlase.” Fa Noa a ne a roma leeba gape morago ga beke, ga le a ka la boa, se se neng se bontsha gore leeba le ne le kgonne go bona dijalo tse dingwe gongwe le mafelo a le ka nnang mo go one.—Genesise 8:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela