LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 1/15 ts. 31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Morwalela o Mogolo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O ne A Bolokwa a “Babalesegile le ba Bangwe ba le Supa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • O ne A “Tsamaya le Modimo wa Boammaaruri”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 1/15 ts. 31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ke ka ntlha yang fa Noa a ne a ntshetsa mohukubu kwa ntle ga araka mme morago a ntsha lephoi?

Bibela ga e tlhalose seno ka botlalo. Lefa go ntse jalo, tsela e Noa a e tsereng go lebega e utlwala go bo a ne a e tsaya.

Pula e ne ya na matsorotsoro mo lefatsheng ka malatsi a le 40 le masigo a le 40, e dira morwalela o o neng wa khurumetsa le eleng le ditlhoa tsa dithaba ka dikgwedi di le tlhano. Go tswa foo “ntlo e e kokobalañ ea èma mo dithabeñ tsa Ararata.” (Genesise 7:6–8:4) Dikgwedi moragonyana, morago ga fa ‘ditlhora tsa dithaba di sena go bonala,’ Noa o ne “a ntsha mohukubu, me oa cwa oa dikologa dikologa.”—Genesise 8:5, 7.

Ke ka ntlha yang fa a ne a ntsha mohukubu? Nonyane eno e fofa sekgala se seleele, ebile e kgona go ja mefuta e e farologaneng ya dijo, go akaretsa le nama ya dilo tse di suleng. Noa a ka tswa a ile a ntsha mohukubu e le go bona gore a o ne o tla boela mo arakeng kana o ne o tla tsamaela ruri, ka gongwe o ja masalela a ditopo tse di neng di bonala jaaka metsi a ne a ntse a kgala le naga e bonala. Lefa go ntse jalo, mohukubu o ne wa se ka wa tsamaela ruri. Bibela e bolela gore o ne wa boa, mme gone ga e bolele gore o ne wa boela kwa go Noa. Ka gongwe o ne wa tla go kotama mo godimo ga araka fa o ntse o fofa o batla dijo tse di kokobetseng mo metsing a a neng a santse a le mantsi.

Moragonyana, Noa o ne a bona go le botoka go ntsha lephoi. Re bala jaana: “Lephoi le se ka ya hitlhèla gopè ha le ka baeañ monōtō oa yeōna gōna, me ya boèla kwa go èna kwa tluñ.” (Genesise 8:9) Seno se akantsha gore lephoi le ne le ka kgona go tlhomamisa gore a metsi a morwalela a setse a kgadile ka tsela ya lone fela. Maphoi a ikanya batho thata. Noa o ne a ka solofela gore lephoi leno le ne le tla boa, eseng gore le kotame mo godimo ga araka fela, mme le boele kwa go Noa.

Ga twe maphoi a kotama fela fa go omileng, mo melapong go itsiwe a fofela kwa tlase, mme a ja dimedi. (Esekiele 7:16) Grzimek’s Animal Life Encyclopedia e bolela jaana: “Ereka go le boammaaruri gore maeba otlhe le maphoi otlhe a ja dipeo le manoko, ga a kgone go ja sentle fa semathana [kana metsi] se tswelela se le teng go feta lobaka lwa letsatsi, bontsi jwa dijo tse a di jang ke tse di fa fatshe.” Ka jalo lephoi leno le ne le ka leretse Noa bosupi bongwe jwa gore le ile la fitlhela go omile kana dimela di tlhoga. Lephoi leno le ne la boela fela kwa go ene kwa arakeng ka lekgetlo la ntlha le Noa a neng a le ntshetsa kwa ntle ka lone. Mo lekgetlong la bobedi, lephoi leno le ne la tla le tshotse letlhare la motlhware. Mo lekgetlong la boraro, le ne la se ka la boa, le naya bosupi jwa gore Noa o ne a ka kgona go tswa mo arakeng ebile ga go na diphatsa dipe.—Genesise 8:8-12.

Lefa ba bangwe ba ka akanya gore dintlha tseno di itiragaletse fela, lebaka fela la gore pego eno e papametse, go sa tlhokege gore go tsewe matsapa ape a go e tlhalosa ka tsela e e feletseng, le supa fa Bibela e le boammaaruri. E re naya lebaka le lengwe gape la gore re amogele pego eno jaaka, e e sa itllhamelwang kana e e ikakanyeditsweng fela, mme re e lebe e le boammaaruri tota. Lebaka la go bo go sena dintlha le ditlhaloso tse di feletseng gape le akantsha ka dilo tse di kgatlhang tse Bakeresete ba ba ikanyegang ba lebileng pele go di botsa Noa ka nako ya fa a tsosiwa mo baswing mme ene a ka kgona go tlhalosa dintlha tsa se a neng a se dira.—Bahebera 11:7, 39.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela