O ne O ka Reng?
Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?
Bala Joshua 2:15-18; 6:15-21; 7:1, 20, 21. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di phoso? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
4. ․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Go botlhokwa go le kana kang gore o se ka wa tsaya dilo tsa batho ba bangwe?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno mme o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 5 Daniele o ne a itsege ka eng? Daniele 6:․․․
TSEBE 6 Ke eng se o tshwanetseng go se itsise batho botlhe? Bafilipi 4:․․․
TSEBE 28 Lenyalo le tshwanetse go nna jang mo bathong botlhe? Bahebera 13:․․․
TSEBE 28 Fa keletso e emera e tshola eng? Jakobe 1:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
O Itse Eng ka Baporofeti?
Bala 2 Ditiragalo 18:1–19:3. Jaanong araba dipotso tse di latelang.
5. ․․․․․
Leina la moporofeti yo Kgosi Ahabe a neng a mo tlhoile e ne e le mang?
6. ․․․․․
Ke ka ntlha yang fa Ahabe a ne a tlhoile moporofeti yoo?
7. ․․․․․
Moporofeti o ne a bolelela Ahabe eng mme Ahabe o ne a dira eng?
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke leng mo o ka tshwanelang go etsa bopelokgale jwa moporofeti yono?
◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 14
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Dithako tsa Jeriko di ne tsa wela fa fatshe pele ga Baiseraele ba ka tlhasela.
2. Mogala o Rahabe a neng a o ntsha ka fensetere o ne o le mohibidu e seng pududu.
3. Akane o ne a utswa seaparo, setena sa gouta le dishekele tsa selefera e seng setshwantsho.
4. Ga ba a ka ba tlhasela bosigo.
5. Mikaia.
6. O ne a bolela dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le Ahabe.
7. Gore Ahabe o ne a tla bolawa kwa ntweng. Ahabe le Mikaia ba ne ba latlhelwa mo ntlong ya kgolegelo.