O ne O ka Reng?
Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?
Bala Ditiro 3:1-10. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di phoso? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke ka ntlha yang fa baaposetoloi ba ne ba kgona go dira dikgakgamatso? Seno se re naya tsholofelo efe ka isagwe?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Tshenolo 21:3, 4; 22:2.
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno, o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 5 Go tla diragala eng fa mosimane kgotsa mosetsana a rutiwa tsela e e siameng a sa le monnye? Diane 22:․․․
TSEBE 5 Modimo o dirile eng go tswa mo mothong a le mongwe? Ditiro 17:․․․
TSEBE 11 Mafoko a a molemo a tla dira eng? Diane 12:․․․
TSEBE 23 Ke mang yo mogolo mo Bakereseteng? Luke 9:․․․
O Itse Eng ka Moatlhodi Ehude?
Bala Baatlhodi 3:12-30. Jaanong araba dipotso tse di latelang.
4. ․․․․․
O ne a tswa mo lotsong lofe?
5. ․․․․․
O ne a golola Iseraele mo mmusing ofe?
6. ․․․․․
Boammaaruri kgotsa Maaka? O ne a tshela pele ga Kgosi Dafide.
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Bala Baatlhodi 3:15, 28. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tlhopha Ehude? Ehude o ne a baka mang ka ntlha ya diphenyo tsa gagwe? Fa o lebana le dikgwetlho, o tshwanetse go dira eng mme ka ntlha yang?
◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 29
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Petere le Johane ba ne ba le teng.
2. Monna yoo e ne e le segole e seng sefofu.
3. Monna yo o segole o ne a le gaufi le kgoro ya tempele e seng mo nageng.
4. Benjamine.—Baatlhodi 3:15.
5. Egelone.—Baatlhodi 3:14.
6. Boammaaruri.