LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/09 ts. 28-31
  • O ne O ka Reng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne O ka Reng?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?
  • Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
  • Tse di Tswang mo Makasineng Ono
  • O Itse Eng ka Moatlhodi Jefetha?
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2009
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2009
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2009
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 11/09 ts. 28-31

O ne O ka Reng?

Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?

Bala Ditiro 8:26-40. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di phoso ka sone? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke ka ntlha yang fa moopafadiwa a ne a sa kgone go tlhaloganya se a neng a se bala? O ne a thusiwa jang gore a tlhaloganye? O ka etsa moopafadiwa ka ditsela dife?

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

Tse di Tswang mo Makasineng Ono

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 8 O tshwanetse go “ithekela” eng? Baefeso 5:․․․

TSEBE 9 Re tshwanetse go itisa kgatlhanong le eng? Luke 12:․․․

TSEBE 10 Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala o tshwanetse go dira eng? Baroma 12:․․․

TSEBE 20 Fa go tla mo ditebegong re tshwanetse go tlhoma mogopolo wa rona mo go eng? 1 Petere 3:․․․

O Itse Eng ka Moatlhodi Jefetha?

Bala Baatlhodi 11:1–12:7. Jaanong araba dipotso tse di latelang.

4. ․․․․․

O ne a tswa mo lotsong lofe lwa ditso tse 12 tsa Iseraele?

NTLHA E E KA THUSANG: Bona Dipalo 26:29.

5. ․․․․․

O ne a golola Iseraele mo setšhabeng sefe?

6. ․․․․․

Boammaaruri kgotsa maaka? O ne a tshela morago ga Josefa morwa Jakobe (Iseraele).

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

O akanya gore ke ka ntlha yang fa morwadia Jefetha a ile a diragatsa maikano a ga rraagwe? O ka etsa jang morwadia Jefetha?

◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 28

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Go ka direga gore Filipo o ne a le nosi.

2. Moopafadiwa o ne a pagame koloi ya dipitse e seng pitse.

3. Tiragalo eo e diragetse mo sekakeng e seng mo toropong e e tlhanaselang.

4. Manase.—Dipalo 26:29; Baatlhodi 11:1.

5. Amone.—Baatlhodi 11:4.

6. Boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela