Basha ba Botsa Jaana
Ke Eng fa Basetsana ba sa Nthate?
Ke leka ka natla go kgatlha mosetsana yono. Ke mmoleletse gotlhe ka nna—dilo tse ke nang le tsone, mafelo a nkileng ka a etela le batho ba ke ba itseng. O tshwanetse a bo a eletsa tota go intsha le nna!
E kete lefatshe le ka bulega mme ka tsena! Ke eng a sa lemoge gore ga ke mo kgatlhegele? Nka kgaotsa jang motlotlo ono ke sa bontshe go tlhoka maitseo?
O GODILE mo o lekaneng go ka intsha le mongwe. O batla motho yo o go kgatlhang le yo o leng mo bodumeding bo le bongwe le ene. (1 Bakorintha 7:39) Le fa go ntse jalo, mo nakong e e fetileng, nako le nako fela fa o ne o batla go simolola thatano, o ne o ikutlwa e kete o a palelwa.
Fa e le gore o batla go intsha le mosetsana mongwe, ke dilo dife tse o tshwanetseng go di akanyetsa? Mme ke melaometheo efe ya Baebele e o tshwanetseng go e gakologelwa?
Se o Tshwanetseng go se Dira Pele
Pele ga o simolola go intsha le mosetsana mongwe, go na le dilo tse o tshwanetseng go ithuta go di dira, mme di tla go thusa go nna tsala le mongwe le mongwe. Akanya ka tse di latelang.
◼ Leka ka natla go nna le mekgwa e mentle. Baebele ya re “lorato ga lo itshware ka tsela e e se nang maitseo.” (1 Bakorintha 13:5, Today’s English Version) Go nna le mekgwa e mentle go bontsha gore o tlotla batho ba bangwe le gore o simolola go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Le fa go ntse jalo, mekgwa e mentle ga e a tshwanela go nna jaaka sutu e o e aparang go kgatlha batho mme fa o tsena kwa gae o bo o e apola. Ipotse jaana, ‘A ke bontsha go nna le mekgwa e mentle fa ke dirisana le maloko a ba lelapa la gaetsho?’ Fa go sa nna jalo, go tla nna thata gore o e bontshe fa o dirisana le batho ba bangwe ba e seng ba lelapa la gaeno. Se lebale gore fa mosetsana yo o botlhale a batla go lemoga gore o motho wa mofuta mang, o tla lebelela tsela e o tshwarang ba lelapa la gaeno ka yone.—Baefeso 6:1, 2.
Se basetsana ba se bolelang: “Ke kgatlhega tota fa lekau le bontsha mekgwa e mentle le mo dilong tse di sa reng sepe, tse di jaaka go mpulela kgoro, le dilo tse dikgolo, tse di jaaka go nna pelonomi le go akanyetsa e seng nna fela mme le ba lelapa la gaetsho.”—Tina, 20.a
“Ke a tenega fa e le gone ke kopanang le motho a bo a mpotsa dipotso tse di jaaka ‘A o intsha le mongwe?’ le gore ‘Mekgele ya gago ke efe?’ Ke go tlhoka maitseo e bile go dira gore ke se ke ka gololesega!” Kathy, 19.
◼ Ipoloke o le phepa. Go nna phepa go bontsha go itlotla le go tlotla batho ba bangwe. (Mathaio 7:12) Fa o itlotla, batho ba bangwe le bone ba ka nna ba go tlotla. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o se motho yo o phepa, maiteko a gago a go kgatlha mosetsana a ka itaya se fololetse.
Se basetsana ba se bolelang: “Mosimane mongwe yo o neng a nkgatlhegela o ne a nkga legano mo go maswe. Seno se ne se ntshwenya thata jaana mo ke neng ke sa kgone go se itlhokomolosa.”—Kelly, 24.
◼ Lwela go nna le bokgoni jwa go buisana. Selo se se ka thusang gore thatano e nnele ruri ke tsela e e molemo ya go buisana. Seno se akaretsa gore o se ka wa bua fela ka dilo tse wena o di kgatlhegelang mme gape le dilo tse tsala ya gago e di kgatlhegelang.—Bafilipi 2:3, 4.
Se basetsana ba se bolelang: “Ke a kgatlhega fa mosimane a kgona go buisana le nna ka tshosologo, fa a gakologelwa dilo tse ke mmoleletseng tsone e bile a kgona go botsa dipotso tse di dirang gore motlotlo o tswelele pele.”—Christine, 20.
“Ke akanya gore basimane ba kgatlhiwa ke dilo tse ba di bonang, mme basetsana bone ba kgatlhiwa thata ke dilo tse ba di utlwang.”—Laura, 22.
“Go a itumedisa go amogela dimpho. Mme fa mosimane a kgona go buisana le wena ka tsela e e molemo, a kgona go go gomotsa e bile a kgona go go kgothatsa ka mafoko . . . Seo se kgatlha tota!”—Amy, 21.
“Tota nka rata thata go itse botoka motho yo o sa tseyeng dilo masisi ka metlha mme gone a kgona go bua ka dilo tse di masisi kwantle ga gore a bonale a itira se a seng sone.”—Kelly, 24.
Go dirisa dikakantsho tse di fa godimo go tla go thusa gore o nne le botsalano jo bo molemo. Le fa go ntse jalo, fa o ikutlwa gore o siametse go simolola botsalano jo bo masisi le mosetsana mongwe, ke eng se o tshwanetseng go se dira?
Kgato e e Latelang
◼ Tsaya kgato pele. Fa o akanya gore tsala e e go kgatlhang e ka nna molekane yo o go siametseng wa lenyalo, mmolelele kafa o ikutlwang ka gone. Tlhalosa maikutlo a gago ka tsela e e tlhamaletseng le e e utlwalang sentle. Ke boammaaruri gore seno se a tshosa. O tshaba gore o tla go gana. Mme go iketleeletsa go tsaya kgato pele go supa gore o godile.
Se basetsana ba se bolelang: “Ga ke kgone go bona se se mo mogopolong wa motho. Ka jalo, fa motho a batla go nkitse botoka, o tshwanetse go bua boammaaruri le go tlhamalala.”—Nina, 23.
“Seno e ka nna phetogo e e boima fa e le gore lo na le lobaka lo le ditsala. Mme gone, nka tlotla motho fa a ka mpolelela gore o batla go nkitse botoka mme re se ka ra nna ditsala fela.”—Helen, 25.
◼ Tlotla tshwetso ya mosetsana. O tla dira eng fa tsala ya gago e go raya e re ga e batle go nna le botsalano jo bo masisi le wena? Mmontshe tlotlo ka go dumela gore o itse se se leng mo pelong ya gagwe le gore nnyaa wa gagwe o raya nnyaa. Fa o nna o ntse o mo tshwenya go tla bo go bontsha gore ga o ise o gole sentle. Totatota, fa o itlhokomolosa karabo e e tlhamaletseng ya mosetsana ya gore ga a go batle—go ya bokgakaleng jwa gore o galefe—a tota o tla bo o bontsha go mo akanyetsa kgotsa o tla bo o ikakanyetsa wena fela?—1 Bakorintha 13:11.
Se basetsana ba se bolelang: “Ke selekega tota fa ke raya mosimane ke re nnyaa ke tlhomame mme a bo a nna a ntse a leka.”—Colleen, 20.
“Ke ne ka tlhalosetsa mosimane mongwe gore ga ke mo kgatlhegele, mme o ne a nna a mpateletsa gore ke mo neye dinomoro tsa founo ya me. Ke ne ke batla go nna le botho. Gone mme, go ka tswa go ne go se motlhofo gore a nne pelokgale go mpolelela tsela e a ikutlwang ka yone. Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka tshwanelwa ke go mena phatlha.”—Sarah, 23.
Se o Sa Tshwanelang go se Dira
Makau mangwe a akanya gore go motlhofo fela gore a bone basetsana ba ba ka ratanang le bone. Ba ka nna ba bo ba gaisana le balekane ba bone go bona gore ke ofe yo o ka dirang gore basetsana ba bantsi ba mo kgatlhegele. Le fa go ntse jalo, mokgwa ono o setlhogo e bile o ka go senya leina. (Diane 20:11) O ka tila seo ka go dira dilo tse di latelang.
◼ O se ka wa itira e kete o rata motho. Motho yo o dirang jalo o dirisa mafoko a go fora le go itshwara ka tsela e e keteng o kgatlhegela motho. Ga a na maikaelelo a go simolola thatano e e tlotlegang le ene. Go itshwara jalo le mekgwa e e ntseng jalo e bontsha gore o itlhokomolosa kgakololo ya Baebele ya go tshwara “makgarebana jaaka bokgaitsadio ka boitsheko jotlhe.” (1 Timotheo 5:2) Batho ba ba tshamekang ka maikutlo a lorato ga ba nne ditsala tse di molemo e bile ga ba nne balekane ba lenyalo ba ba molemo. Basetsana ba ba botlhale ba itse seo.
Se basetsana ba se bolelang: “Ke akanya gore ga go gontle fa mongwe a go fora mme gone o itse gore mo kgweding e e fetileng o ne a bolelela tsala ya gago selo se se tshwanang.”—Helen, 25.
“Nako nngwe mosimane mongwe wa maratagolejwa o ne a itira e kete o a nkgatlhegela, a bua thata ka ga gagwe. Fa mosetsana mongwe a ne a tla fa go rona, o ne a dira se se tshwanang le mo go ene. Mme fa go tla mosetsana wa boraro le mo go ene o ne a bua fela se se tshwanang. Go ne go se gontle gotlhelele!”—Tina, 20.
◼ O se ka wa tshameka ka maikutlo a mosetsana. O se ka wa akanya gore go nna tsala le motho wa bong bo sele go tshwana fela le go nna tsala le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gago. Ka ntlha yang? Akanya ka seno: Fa o bolelela tsala ya gago ya mosimane gore sutu ya gagwe e ntšha e a mo tshwanela kgotsa gangwe le gape o mmulela mafatlha a gago, ga go kitla go direga gore a akanye gore o batla go ratana le ene. Mme fa o akgola mosetsana ka tsela e a lebegang ka yone kgotsa gangwe le gape o mmulela mafatlha a gago, a ka nna a akanya gore o a mo kgatlhegela.
Se basetsana ba se bolelang: “Ke akanya gore basimane ga ba tlhaloganye gore ba ka se tshware basetsana ka tsela e ba tshwarang ditsala tsa bone tsa basimane ka yone.”—Sheryl, 26.
“Mosimane o tla bo a kopa dinomoro tsa me tsa founo mme go tswa foo a bo a nthomelela molaetsa. Ke ipotsa gore . . . seo se kaya eng? Ka dinako tse dingwe lo ka romelelana melaetsa jalo mme lo bo lo simolola go ratana ka melaetsa ya founo mme gone, lo ka bua go le kana kang ka melaetsa?”—Mallory, 19.
“Ga ke akanye gore basimane ba a itse gore mosetsana o kgona go nna le maikutlo a lorato ka bonako jang, segolobogolo fa mosimane a amega ka ene e bile e le motho yo o ka buang le ene ka kgololesego. Ga se gore mosetsana o a bo a batla motho fela yo a ka ratanang le ene. Ke akanya fela gore basetsana ba le bantsi ba batla motho yo ba ka ratanang le ene le gore ka dinako tsotlhe ba batlana le motho yo o ba siametseng.”—Alison, 25.
Leba Dilo ka Tsela e di Leng ka Yone
Go ka se direge e bile e tla bo e le go nna boikgogomoso, go akanya gore basetsana botlhe ba tla go rata. Mme gone, bangwe ba tla go rata fa o ka gakologelwa seno: Botho jwa gago bo botlhokwa go feta ditebego tsa gago. Ga go gakgamatse go bo Baebele e gatelela botlhokwa jwa go tlhagolela “botho jo bosha.”—Baefeso 4:24.
Kate, wa dingwaga di le 21, o sobokanya kgang eno ka tsela eno: “Basimane ba akanya gore ba tshwanetse go apara ka tsela nngwe kgotsa ba lebege ka tsela nngwe gore ba kgatlhe basetsana. Le fa seno se le boammaaruri go ya bokgakaleng bongwe, ke akanya gore basetsana ba le bantsi ba kgatlhwa thata ke motho yo o nang le mekgwa e mentle.”b
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina a fetotswe.
b Bona kgaolo 3 mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ O ka bontsha jang gore o a itlotla?
◼ O ka bontsha jang gore o tlotla se mosetsana a se akanyang le maikutlo a gagwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Mekgwa e mentle ga e a tshwanela go nna jaaka sutu e o e aparang go kgatlha batho mme fa o tsena kwa gae o bo o e apola