LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/12 ts. 16-19
  • A re Ditsala Fela—Kgotsa re a Ratana?, Karolo 2

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A re Ditsala Fela—Kgotsa re a Ratana?, Karolo 2
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re Ditsala Fela—Kgotsa re a Ratana?, Karolo 1
    Tsogang!—2012
  • A re Ditsala Kgotsa re a Ratana?—Karolo 2: Ke Dira Gore a Akanye Eng?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Eng fa Basetsana ba sa Nthate?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Ke Eng fa Basetsana ba sa Nthate?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 7/12 ts. 16-19

Basha ba Botsa Jaana

A re Ditsala Fela—Kgotsa re a Ratana?, Karolo 2

MO MAKASINENG O O FETILENG, re tlotlile ka dintlha di le pedi tse di boammaaruri.

● Fa o simolola go nna le maikutlo a lorato ka motho yo mongwe mme o ise o siamele go simolola thatano e e lebisang kwa lenyalong, o tlile go utlwa botlhoko.—Diane 6:27.

● Fa o simolola go nna le maikutlo a lorato ka motho yo mongwe mme o ise o siamele go simolola thatano e e lebisang kwa lenyalong, o ka latlhegelwa ke botsala jo bo molemo.a—Diane 18:24.

MO MAKASINENG ONO, re tla tlotla ka

● Ntlha ya boraro e e boammaaruri ka go simolola go nna le maikutlo a lorato ka motho yo mongwe

● Kafa o ka itseng ka teng gore ga lo tlhole lo le ditsala fela mme o na le maikutlo a lorato ka mongwe wa bong bo sele

BOAMMAARURI KE GORE: Fa o simolola go nna le maikutlo a lorato ka motho yo mongwe mme o ise o siamele go simolola thatano e e lebisang kwa lenyalong, o ka itshenya leina. Miab a re: “Nkile ka bona basimane ba ba nang le ditsala tse dintsi tsa basetsana. Tota ba tshameka ka maikutlo a bone. Basetsana ba akanya gore mosimane o a ba kgatlhegela mme mosimane yoo ene o kgatlhiwa fela ke go bona a kgatlhegelwa ke basetsana.”

Se o ka akanyang ka sone:

● E ka tswa o le mosimane kgotsa o le mosetsana, go atamalana thata le batho ba bong bo sele go ka ama jang leina la gago?

“Go kwalelana melaetsa le batho ba bong bo sele go kotsi thata. O simolola ka go romelela mongwe melaetsa sewelo, mme kgabagare o iphitlhela o romelela batho ba bantsi melaetsa gangwe le gape. Pele o lemoga, o iphitlhela o setse o ratana le basimane ba le bararo ba ba farologaneng, mme mongwe le mongwe wa bone a akanya gore ‘ke ene tota’ yo o lekang go mo itse botoka. Fa ba lemoga gore go diragalang, ba utlwa botlhoko—mme o itsiwe o le motho yo o tshamekang ka maikutlo a lorato a batho ba bangwe.”—Lara.

Baebele ya re: “Mosimane [kgotsa mosetsana] o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.”—Diane 20:11.

Sa botlhokwa: Ga go phoso go tsalana le batho ba bong bo sele. Mme fa o sa ipeela melelwane o ka ipakela mahutsana, wa senya botsala jo bo molemo wa ba wa senya leina la gago.

O ka itse jang gore o tlodile melelwane e o e ipeetseng? Tsela nngwe ke ka go ipotsa jaana, ‘A tsala ya me ya bong bo sele e setse e le yone fela ke e tshololelang mafatlha?’ Mosetsana mongwe yo o bidiwang Erin a re: “Fa e le gore wena le mosimane mongwe lo ditsala fela, ga e a tshwanela go nna ene motho wa ntlha yo o batlang go bua le ene letsatsi le letsatsi kgotsa motho wa ntlha yo o batlang go mmolelela dikgang tsa botlhokwa. E bile tota ga e a tshwanela go nna ene yo o yang kwa go ene gore a go gomotse.”

Se o ka akanyang ka sone:

● Ke eng fa go ka lebega go itumedisa gore mongwe wa bong bo sele e nne ene fela o mo tshololelang mafatlha? Mme dikotsi tsa gone ke dife?

“Basimane ba ke ba itseng ga se ditsala tse ke atamalaneng thata le tsone. Ga ke fetse diura di le dintsi ke bua le bone mo mogaleng, jaaka nka dira le tsala ya mosetsana. Mme go na le dilo dingwe tse ke ka se tlotleng le bone ka tsone.”—Rianne.

Baebele ya re: “Nna kelotlhoko ka se o se buang . . . Motho yo o buang a sa akanye o ipakela tshenyego.”—Diane 13:3, Good News Translation.

Akanyetsa seno: A go na le kotsi nngwe ka go bolelela motho wa bong bo sele dilo di le dintsi kaga gago? Go tweng fa kgabagare botsala jwa lona bo ka fela? A o tla ikwatlhaela go bo o boleletse motho yoo dilo tse di ntseng jalo kaga gago?

Alexis yo o mo dingwageng tsa bosha o sobokanya kgang eno sentle. A re: “O se ka wa tila motho yo mongwe fela ka go bo e le wa bong bo sele. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o se ka wa iphora ka go re lo ditsala fela mme go sa nna jalo. Laola maikutlo a gago mme o tla tila kutlobotlhoko.”

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona makasine wa Tsogang! wa June 2012, tsebe 15-17.

b Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

[Lebokoso mo go tsebe 17]

SENGWE SE SE DIRAGETSENG: “Ke ne ke tsalane le mosimane mongwe e bile re ne re utlwana fela thata. Mme ke ne ka lemoga gore metlotlo ya rona e ne e simolola go nna meleele le go tsenelela mo dilong tsa botho. Ke ne ke bona gore re simolola go atamalana thata ka gonne o ne a tle a mpolelele dilo tsotlhe tse di mo tshwenyang. Mme letsatsi lengwe o ne a nthomelela e-mail a mpolelela gore o a nthata. Ke ne ke sa itse gore ke reng. Kafa letlhakoreng le lengwe ke ne ke itumetse—go monate fa go na le mongwe yo o akanyang gore o botlhokwa. Mme ke ne ke tshwenyegile. Ke ne ke itse gore re ka se tswelele re le ‘ditsala fela’ ka gonne go ne go bonala sentle gore o akanya gore ga re ditsala fela. Ke ne ke itse gore fa nka mmolelela gore re sa le bannye gore re ka ratana, o ne a tla utlwa botlhoko. Ke ne ka bolelela batsadi ba me kgang eno yotlhe, mme ba ne ba gatelela gore go botlhokwa thata gore ke fokotse metlotlo ya me le mosimane yono. Tiragalo eo e ne ya dira gore ke lemoge kafa selo se se sa reng sepe se ka fetogang ka bonako ka teng go nna selo se se masisi thata. Mme fa e sale ka nako eo ke ntse ke le kelotlhoko gore ke lekanyetse tsela e ke tsalanang le batho ba bong bo sele ka yone, segolobogolo mo kgannyeng ya go romelelana melaetsa. Selo se sengwe gape se se thusang ke go tsalana le batho ka ditlhopha go na le go itlhaola le motho a le mongwe fela. Fa o dira jalo, metlotlo ya gago le motho yo mongwe e ka se tsenelele thata mo dilong tsa botho e bile o ka se atamalane thata le ene.”—Elena.

[Lebokoso mo go tsebe 18]

KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?

Botsa batsadi ba gago gore ba akanyang ka dipotso tse pedi tse di mo setlhogong seno tse di tlhagang mo “Se o ka akanyang ka sone.” A tsela e ba lebang dilo ka yone e farologane le ya gago? Fa e le gore go ntse jalo, e farologane jang? O bona tsela e ba lebang dilo ka yone e ka go solegela molemo jang?—Diane 1:8.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

Andre—Fa o fetsa nako e ntsi le mosetsana, go motlhofo gore o simolole go mo kgatlhegela mme le ene o tla akanya gore o batla go ratana le ene. Fa e le gore mekgele ya gago ga e go letle go ratana gone jaanong, o se ka wa dira gore go lebege e kete o batla go simolola go ratana le mongwe.

Cassidy—Ke motho yo o tlwaelang batho motlhofo mme e re ka ke godile le basimane, ke ikutlwa ke phuthologile tota fa ke na le bone—mme seo se a tle se ntsenye mo mathateng. Go dirisana le mosimane ka tsela e ke neng nka dirisana le tsala ya mosetsana ka yone ga go a siama—go ka mo naya kgopolo e e seng yone. Tsela e e siameng ke go dirisana le mosimane fela jaaka ke ne nka dirisana le kgaitsadiake!

[Lebokoso mo go tsebe 19]

MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING

Mo maemong a a siameng, ga go phoso gore basha ba tlwaelane le batho ba bong bo sele. Mme ba ba iseng ba siamele go simolola botsala jo bo ka lebisang kwa lenyalong ba tlhoka go ipeela melelwane.c Mo go bone, go nna ditsala le batho ba bong bo sele e tshwanetse go nna sone seo fela—botsala e seng sepe se sengwe.

Go diragalang fa batho ba babedi ba ratana ba ise ba siamele go simolola thatano e e lebisang kwa lenyalong? Go ka nna ga nna monate kwa tshimologong, mme go bo go felela ka kutlobotlhoko. Go tshwana le go nna mo koloing e e se nang maotwana. Go ise go ye kae, mosimane le mosetsana ba lemoga gore botsala jwa bone bo ka se felele gope. Bangwe ba ka nna ba simolola go intsha mo sephiring—sengwe se se ka ba tsenyang mo kotsing ya go wela mo boitsholong jo bo sa siamang. Ba bangwe ba a kgaogana mme seo se ka dira gore boobabedi ba ikutlwe ba tsieditswe, ba utlwile botlhoko e bile ba tshwenyegile mo maikutlong. O ka thusa jang ngwana wa gago yo o simololang dingwaga tsa bosha go tila tsela e e kotsi ya go simolola go ratana a ise a go siamele?—Moreri 11:10.

Sengwe sa botlhokwa se o ka se dirang ke go dira gore ngwana wa gago a kgone go tlotla le wena ka tshosologo ka ditsala tsa gagwe tsa bong bo sele. Ka tsela eo o tla lemoga—o kgone le go thusa—fa botsala joo bo simolola go nna sengwe se sele.

Batsadi bangwe ba thibela bana ba bone go ba tlotlela ka ditsala tsa bone tsa bong bo sele ba sa lemoge. Ela tlhoko se basha bangwe ba se boleletseng Tsogang!

“Ke ne ke tlhola ke batla go tlotlela mmè ka gore ke kgatlhegela mang mme ke ne ke sa dire jalo ka gonne ke tshaba gore o tla galefa.”—Cara.

“Fa ke ne ke tlotlela mmè gore ke kgatlhegela mosimane mongwe, o ne a tle a re, ‘O se ka wa lebelela gore ke tla tla lenyalong la gago!’ go na le gore a re, ‘Mpolelele ka tsala ya gago. Ke eng se o se ratang ka ene?’ Fa mmè a ka bo a ile a botsa dipotso tse di tshwanang le tseno, ke ka bo ke ile ka amogela kgakololo ya gagwe.”—Nadeine.

Go farologana le moo, bona gore go nna le pharologano efe fa batsadi ba ne ba reetsa ka bopelotelele ba bo ba neela kgakololo e e mosola.

“Batsadi ba me ga ba a ka ba galefa fa ke ba bolelela ka mosimane yo ke neng ke mo kgatlhegela. Ba ne ba bua se ke neng ke tlhoka go se utlwa, mme ba ne ba tlhaloganya tsela e ke ikutlwang ka yone. Ka ntlha ya seo, ke fitlhela go le motlhofo go reetsa kgakololo ya bone le go ba bulela mafatlha.”—Corrina.

“Fa batsadi ba me ba ne ba tlotla ka batho ba ba neng ba ba kgatlhegela fa ba ne ba le basha—e bile ba tlhalosa lebaka la go bo ba ile ba kgaogana le mongwe—seo se ne sa nthusa go lemoga gore go siame gore ke tlotle le batsadi ba me fa ke kgatlhegela mongwe.”—Linette.

Gape lemoga gore ka dinako tse dingwe go a bo go na le mabaka mangwe a a dirang gore mosha a batle go simolola go ratana a ise a go siamele.

“Fa ke ne ke intsha le mosimane mongwe mo sephiring, e ne e le ka gonne a dira gore ke itumele e bile a ntheetsa.”—Annette.

“Go na le mosimane mongwe yo ke neng ke itumelela go fetsa nako le ene. Ka metlha o ne a mpontsha gore o a nkgatlhegela, e leng selo se e leng bokoa jwa me. Ke rata fa batho ba bontsha gore ba a nkgatlhegela, e ka tswa e le ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang.”—Amy.

“Fa batsadi ba me ba mpolelela go tswa pelong gore ke montle kgotsa ke tshwanelwa ke diaparo dingwe, ga ke tlhole ke utlwa ke tlhoka go akgolwa jalo ke mosimane mongwe.”—Karen.

Ipotse jaana:

Ke ka dira jang gore ke atamelesege le go feta mo ngwaneng wa me yo o simololang dingwaga tsa bosha?—Bafilipi 4:5.

A ke “bonako go utlwa, bonya go bua”?—Jakobe 1:19.

Ke ka dira jang gore ngwanake yo o simololang dingwaga tsa bosha a se ka a batla go ratiwa le go amogelwa ke batho ba bangwe kwantle ga lelapa?—Bakolosa 3:21.

Sa botlhokwa: Thusa ngwana wa gago yo o simololang dingwaga tsa bosha gore a ithute go dira gore botsala jwa gagwe le batho ba bong bo sele bo nne bo siame e bile bo se na mathata. Ke bokgoni jo bo tla mo thusang le fa a setse a godile.—Bakolosa 3:5; 1 Bathesalonika 4:3-6.

[Ntlha e e kwa tlase]

c Bona setlhogo se se fetileng mmogo le setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana” se se neng se le mo makasineng wa Tsogang! wa June 2012.

[Tšhate mo go tsebe 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MELELWANE

DIRA SENO

✔ tsalana ka ditlhopha

✔ tlwaelana le ba bangwe

✔ itumelele metlotlo

O SE KA WA

X itlhaola le motho wa bong bo sele lo le babedi fela

X mmulela mafatlha

X Tshameka ka maikutlo a lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

BOTSALA

GO TSHAMEKA KA MAIKUTLO A LORATO

GO TSHWARANA

GO TSHWARANA KA DIATLA

GO ATLANA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela