Basha ba Botsa Jaana
A re Ditsala Fela—Kgotsa re a Ratana?, Karolo 1
A O ILE WA AKANYA KA MONGWE FA O BALA SETLHOGO SE SE FA GODIMO?
EE → BALA SETLHOGO SENO O KA TSWA O SE TLHOKA GO FETA KAFA O NENG O AKANYA KA TENG.
NNYAA → BALA SETLHOGO SENO FELA. GONE JAANONG. SE TLA GO THUSA GO BOLOKA KAMANO YA GAGO LE BATHO BA BONG BO SELE E SIAME E BILE E SE NA MATHATA.
Tshwaya polelo e e fa tlase fano ka boammaaruri kgotsa maaka:
Ga ke a tshwanela go nna le ditsala tsa batho ba bong bo sele go fitlhela ke siametse go ratana le mongwe mo go tla felelang ka gore re nyalane.
․․․․․ BOAMMAARURI ․․․․․ MAAKA
Ela tlhoko: Le fa Jesu a ne a sa ikaelela go nyala, o ne a na le ditsala tsa batho ba bong bo sele. (Mathaio 12:46-50; Luke 8:1-3) Go bonala go ne go ntse jalo le ka monna yo o neng a sa nyala e bong Timotheo ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a mmolelela gore a tshware ‘makgarebana jaaka bokgaitsadie ka boitsheko jotlhe.’—1 Timotheo 5:1, 2.
Paulo a ka tswa a ne a lemoga gore fa Timotheo a ntse a direla kwa diphuthegong tse di farologaneng, o ne a tla kopana le basadi ba le bantsi ba basha. (Mareko 10:29, 30) A go ne go tla bo go le phoso gore Timotheo a itsalanye le bone? Nnyaa. Mme e re ka Timotheo a ne a sa ikaelela go nyala ka nako eo, o ne a tla tshwanelwa ke go ipeela melelwane gore a se ka a feleletsa a na le maikutlo a lorato a go ratana le bone, le fa e le gone go tshameka ka maikutlo a lorato a basadi bao ba basha kgotsa go utlwisa maikutlo a bone botlhoko.—Luke 6:31.
Go tweng ka wena? A tota o siametse go tsena mo lenyalong?
Fa o re EE ⇨ Go tsalana ga gago le batho ba bong bo sele go ka dira gore o bone molekane wa botshelo jotlhe.—Diane 18:22; 31:10.
Fa o re NNYAA ⇨ O tlhoka go ipeela melao. (Jeremia 17:9) A go motlhofo go bua jalo go na le go go dira? Ee ruri! Niaa wa dingwaga di le 18 a re: “Go thata go nna lo le ditsala fela le motho wa bong bo sele lo sa ratane. Ga go motlhofo go itse gore o tshwanetse go ipeela melao efe.”
Ke eng fa gone o tlhoka go ipeela melao? Ka gonne fa o sa dire jalo o tla ikutlwisa botlhoko kgotsa wa utlwisa batho ba bangwe botlhoko. Ela tlhoko gore ke ka ntlha yang.
BOAMMAARURI KE GORE: Fa o simolola go nna le maikutlo a lorato ka motho yo mongwe mme o ise o siamele go simolola thatano e e lebisang kwa lenyalong, mongwe o tlile go utlwa botlhoko. Kelli wa dingwaga di le 19 a re: “Go ntiragaletse gabedi. Nako nngwe ke ne ka simolola go nna le maikutlo a lorato ka mosimane mongwe, mme mo lekgetlong le lengwe mosimane mongwe o ne a simolola go nna le maikutlo a lorato ka nna. Mo makgetlong ao a mabedi, mongwe o ile a utlwa botlhoko mme go ne ga ntlogela ka mabadi a ke sa ntseng ke na le one le gompieno.”
Se o ka akanyang ka sone:
● Ke mo maemong afe a go tla bong go siame go tsalana le batho ba bong bo sele? O tla bo o dira sentle go tila maemo afe?
● Ke eng fa go se botlhale go nna lo itlhaola lo le babedi gangwe le gape le motho a le mongwe? Motho yoo a ka nna a akanya eng? Wena o ka nna wa akanya eng?
“Ka dinako tse dingwe ke ne ke a tle ke ikaketse ka go re, ‘Re ditsala fela. Ke mo tsaya jaaka kgaitsadiake.’ Mme fa ke mmona a kgatlhegela mosetsana yo mongwe, ke utlwa botlhoko—jaaka e kete o nkolota sengwe.”—Denise.
Baebele ya re: “Batho ba ba akanyang sentle ba tla bona bothata ba bo ba bo tila, motho yo o sa akanyeng ene o tla ya ka tlhamalalo kwa go jone mme morago a bo a ikwatlhaya.”—Diane 22:3, Good News Translation.
BOAMMAARURI KE GORE: Fa o simolola go nna le maikutlo a lorato ka motho yo mongwe mme o ise o siamele go simolola thatano e e lebisang kwa lenyalong, o ka latlhegelwa ke botsala jo bo molemo. Kati wa dingwaga di le 16 o gakologelwa jaana: “Nna le mosimane mongwe re ne re a tle re kwalelane melaetsa ka founo, mme go ise go ye kae o ne a simolola go dira jaaka e kete o batla go ratana le nna. Mme ka letsatsi lengwe o ne a mpolelela kafa a nthatang ka teng le gore a ka rata gore re se ka ra nna ditsala fela. Bothata ke gore ke ne ke se na maikutlo a lorato ka ene gotlhelele. Fa ke sena go mo raya jalo, re ne ra se tlhole re bua go le kalo mme botsala jwa rona bo ne jwa fela.”
Se o ka akanyang ka sone:
● Ke mang yo o utlwileng botlhoko mo kgannyeng ya ga Kati, mme ka ntlha yang? A Kati kgotsa mosimane yoo ba ka bo ba dirile dilo ka tsela e e farologaneng gore ope wa bone a se ka a utlwa botlhoko? Fa go ntse jalo, ba ka bo ba dirile eng?
● Fa motho a romelela yo mongwe melaetsa, ke ka ditsela dife a sa lemoge a ka nayang motho yoo kakanyo ya gore a ka rata gore ba ratane?
“Ka dinako dingwe ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela go fetsa nako e ntsi le mosimane mongwe. Basimane ba ka nna ditsala tse di molemo, mme ke ne ke sa batle go senya botsala joo ka go nna sengwe se se fetang go nna tsala fela.”—Laura.
Baebele ya re: “Batho ba ba botlhale ba leba dikgato tsa bone.”—Diane 14:15, Good News Translation.
Sa botlhokwa: Go tsalana le batho ba bong bo sele ga go phoso ka bogone. Mme fa o ise o siamele go simolola thatano e e lebisang kwa lenyalong, o tlhoka go ipeela melelwane.
MO SETLHOGONG SE SE LATELANG SA “BASHA BA BOTSA JAANA” . . .
Go nna le maikutlo a lorato ka motho yo mongwe mme o ise o siamele go simolola thatano e e lebisang kwa lenyalong go ka senya leina la gago—bona gore seo se ka direga jang.
O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]
WENA O NE O TLA DIRANG?
SENGWE SE SE DIRAGETSENG: “Ke ne ka romelela tsala ya me e e nnang bokgakala jwa dikilometara tse di fetang 1 500 melaetsa. Re ne re romelelana melaetsa bobotlana gangwe mo bekeng. Ke ne ke sa mo kgatlhegele ka tsela ya gore nka ratana le ene mme le ene ke ne ke sa akanye gore o nkgatlhegela ka tsela eo. Mme letsatsi lengwe o ne a nthomelela molaetsa o o neng o re: ‘Dumela seponono sa me! Ke go gopotse waitse. O ntse o dira eng fela?’ Ke ne ke gakgametse! Ke ne ka mmolelela gore ke tsaya nna le ene re le ditsala fela le gore ke ne ke sa mo kgatlhegele ka tsela ya gore nka ratana le ene. O ne a nthomelela molaetsa o o reng, ‘Ga go re sepe.’ Mme go tswa foo, ga a ka a tlhola a nthomelela melaetsa gape.”—Janette.
● Fa e le gore ga o mo boemong jwa go ratana le mongwe kgotsa ga o a ikaelela go dira jalo, o ne o tla araba jang fa o ne o amogetse molaetsa o o tshwanang le o Janette a o amogetseng?
● Fa e le gore o mosimane, a o akanya gore melaetsa e e romeletsweng Janette e ne e siame? Mabaka a gago ke afe?
● Go ya ka wena, a go romela melaetsa ka founo ya selula go dira gore go nne motlhofo gore o simolole go nna le maikutlo a lorato ka mongwe go feta fa o tlotla le ene lo lebane difatlhego? Mabaka a gago ke afe?
[Lebokoso mo go tsebe 17]
KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?
Botsa batsadi ba gago gore ba akanyang ka dipotso tse di tshwailweng ka dikhutlo mo setlhogong seno. A tsela e ba lebang dilo ka yone e farologane le ya gago? Fa e le gore go ntse jalo, e farologane jang? O bona tsela e ba lebang dilo ka yone e ka go solegela molemo jang?—Diane 11:14.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]
SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG
Joshua—Fa o fetsa nako e ntsi le motho a le mongwe, go ka direga thata gore o simolole go nna le maikutlo a lorato ka ene.
Natasha—Fa o ikaeletse gore lo nne ditsala fela le mongwe yo o rileng mme o fetsa nako e ntsi le motho yoo, mongwe wa lona kgotsa loobabedi lo ka simolola go nna le maikutlo a lorato ka yo mongwe.
Kelsey—Tota le fa lo ka simolola lo le ditsala fela, go motlhofo gore maikutlo a lona a fetoge fa e le gore lo fetsa nako e ntsi lo le mmogo. Go a kgonega gore lo nne ditsala fela, mme lo tshwanetse lwa bo lo godile sentle e bile lo na le temogo.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go nna le maikutlo a lorato ka mongwe o ise o siamele go simolola thatano e e lebisang kwa lenyalong go ka felela ka masetlapelo