LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/09 ts. 3-4
  • Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong—Go Ntse Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong—Go Ntse Jang?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motlhasedi yo o Setlhogo
  • A go Na le Se se Tshwanetseng go go Hutsafatsa?
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Pelo ya Me E Nna Botlhoko mo go Kana Kana?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Go Senola Modi wa Bothata
    Tsogang!—2001
  • Go Thusa Basha ba ba Gateletsweng mo Maikutlong
    Tsogang!—2017
  • Go Fenya go Lwantshana le go Tshwenyega Thata mo Maikutlong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 7/09 ts. 3-4

Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong—Go Ntse Jang?

JAMESa o gakologelwa jaana: “Ke ne ka tsoga moso mongwe fa ke ne ke le dingwaga di le 12, mme ka nna mo bofelelong jwa bolao jwa me mme ka ipotsa gore, ‘A ke tla swa gompieno?’” James o ne a na le mofuta o o masisi wa go tshwenyega thata mo maikutlong (major depression). Dingwaga di le 30 moragonyana James o bolela jaana: “Letsatsi lengwe le lengwe la botshelo jwa me ke ne ke lwa le bolwetse jono jwa maikutlo le jwa tlhaloganyo.” James o ne a ikutlwa a se na mosola ope fa a ne a gola, mo e leng gore o ne a gagola ditshwantsho tsa gagwe tsa nako ya fa a ne a le ngwana. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke sa akanye le gore go ne go le botlhokwa gore batho ba nkgakologelwe.”

E re ka ka dinako dingwe rotlhe re a tle re nne le maikutlo a go hutsafala, re ka nna ra swetsa ka gore re tlhaloganya gore fa motho a tshwenyegile thata mo maikutlong o ikutlwa jang. Mme gone, motho o ikutlwa jang fa a tshwenyegile thata mo maikutlong ka tsela e e ka dirang gore a tlhoke kalafi (clinical depression)?

Motlhasedi yo o Setlhogo

Go tshwenyega thata mo maikutlong gono ga se fela go hutsafala ka nakwana, mme gantsi ke sengwe se se dirang gore motho a palelwe ke go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi.

Ka sekai, mo e ka nnang dingwaga tse di fetang 40, Álvaro o ntse a tshwenngwa ke “poifo, go tlhakatlhakana mo tlhaloganyong, go tlalelwa le go hutsafala thata.” O tlhalosa jaana: “Go tshwenyega ga me thata mo maikutlong go ne go dira gore go nne thata go amogela kafa batho ba bangwe ba ntebang ka teng. Ka dinako tsotlhe ke ne ke ikutlwa molato ka sengwe le sengwe se se senyegang.” O tlhalosa go tshwenyega thata mo maikutlong e le “go utlwa botlhoko thata mme o sa itse gore o utlwa botlhoko kae, go boifa o sa itse gore ka ntlha yang mme se se maswe le go feta, o sa batle gotlhelele go bua ka gone.” Le fa go ntse jalo, gone jaanong Álvaro o wetse makgwafo. O a itse gore matshwao a gagwe a bakiwa ke eng. A re: “Go itse gore batho ba bangwe ba na le bothata jo bo tshwanang le jwa me go dirile gore ke ikutlwe botoka.”

Maria wa dingwaga di le 49 wa kwa Brazil, o ne a tshwenyega thata mo maikutlong ka tsela e e neng e dira gore a tlhoke boroko, a nne le ditlhabi, a selekege motlhofo le gore a “hutsafale ka tsela e e neng e bonala e se kitla e fela.” Fa bothata jwa ga Maria bo ne bo lemogiwa la ntlha, o ne a ikutlwa a wetse makgwafo ka go bo a ne a itse gore o tshwerwe ke eng. O tlhalosa jaana: “Mme gone ke ne ka tlhobaela thata, ka gonne ke batho ba le mmalwa fela ba ba tlhaloganyang go tshwenyega thata mo maikutlong mme batho ba ba nang le bothata jono ba akanya gore ke sengwe se se tlhabisang ditlhong.”

A go Na le Se se Tshwanetseng go go Hutsafatsa?

Le fa gone bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ka dinako tse dingwe bo bakiwa ke sengwe se se rileng, gantsi bo tlhasela motho a sa lebelela. Richard wa mo Afrika Borwa o tlhalosa jaana: “Ka tshoganyetso fela, botshelo jwa gago bo aparelwa ke leru le lentsho la khutsafalo go se na lebaka lepe. Ga go na ope yo o mo itseng yo o tlhokafetseng, e bile ga go na sepe se se ngomolang pelo se se diragetseng. Le fa go ntse jalo, o ikutlwa o hutsafetse thata e bile o lapile. Mme ga go na sepe se se ka tlosang leru leo. O ikutlwa fela o batla go itlhoboga mme ga o itse gore ka ntlha yang.”

Go tshwenyega thata mo maikutlong ga se sengwe se se tshwanetseng sa tlhabisa motho ditlhong. Le fa go ntse jalo, Ana wa kwa Brazil o ne a ikutlwa a tlhabilwe ke ditlhong fa go lemogiwa gore o tshwenyegile thata mo maikutlong. O dumela jaana: “Tota e bile, dingwaga di le robedi moragonyana, ke sa ntse ke ikutlwa ke itlhabelwa ke ditlhong.” Selo se se mo tshwenyang thata ke gore, o palelwa ke go lepalepana le go tlhobaela le go ikutlwa a hutsafetse thata jaana. O tlhalosa jaana: “Ka dinako tse dingwe ke boga thata jaana mo e leng gore ke utlwa botlhoko mo mmeleng. Mesifa yotlhe ya mmele wa me e nna botlhoko.” Ka dinako tse di ntseng jalo go thata go tsoga. Mme go na le dinako tse ka tsone Ana a sa kgoneng go kgaotsa go lela. A re: “Ke lela thata jaana mo e leng gore ke a lapa, ke ikutlwa e kete madi a me ga a tlhole a tsamaya mo mmeleng.”

“O sa lebelela, botshelo jwa gago bo aparelwa ke leru le lentsho la bohutsana go se na lebaka lepe”

Baebele e dumela gore batho ba ka tshwenyega thata mo maikutlong ka tsela e e kotsi. Ka sekai, lebaka la go bo moaposetoloi Paulo a ne a tshwenyegile ka monna mongwe e ne e le gore a ka nna a “komediwa ke go utlwa botlhoko thata ga gagwe [“a mediwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong ka tsela e e feteletseng,” Jewish New Testament].” (2 Bakorintha 2:7) Batho bangwe ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba tlalelwa thata jaana mo e leng gore ba eletsa e kete ba ka swa. Ba le bantsi ba ikutlwa jaaka moporofeti Jona yo o neng a re: “Go swa ga me go botoka go na le go tshela ga me.”—Jona 4:3.

Batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ka dira eng go alafa le go lepalepana le bothata jono jo bo ngomolang pelo?

a Maina mo motseletseleng ono wa ditlhogo a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela