LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g17 no. 1 ts. 3-7
  • Go Thusa Basha ba ba Gateletsweng mo Maikutlong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa Basha ba ba Gateletsweng mo Maikutlong
  • Tsogang!—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE SE KA TSWANG SE BAKA BOTHATA
  • ITLHOKOMELE
  • Go Senola Modi wa Bothata
    Tsogang!—2001
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Pelo ya Me E Nna Botlhoko mo go Kana Kana?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong—Kafa go ka Alafiwang ka Teng
    Tsogang!—2009
  • Kafa o ka Thusang ka Gone
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2017
g17 no. 1 ts. 3-7
Mosimane a ntse mo bolaong a lebega a gateletswe mo maikutlong

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Thusa Basha ba ba Gateletsweng mo Maikutlong

“ANNAa a re: “Fa ke gateletswe thata mo maikutlong, ga ke kgone go dira sepe, tota le dilo tse ke ratang go di dira. Ke batla go robala fela. Gantsi ke ikutlwa e kete ga ke ratiwe, ga ke na mosola le gore ke morwalo mo bathong ba bangwe.”

Julia a re: “Ke ne ke batla go ipolaya. Tota ga se gore ke ne ke batla go swa. Ke ne ke batla go tlogela go ikutlwa jaana. Ke rata batho mme fa ke gateletswe mo maikutlong ga ke kgathalele ope kgotsa sepe.”

Anna le Julia e ne e le basha fa ba ne ba simolola go gatelelwa mo maikutlong. Go farologana le basha ba bangwe ba ba tleng ba kgobege marapo, Anna le Julia ba ne ba fetsa dibeke kgotsa dikgwedi ba gateletswe mo maikutlong. Anna a re: “Go tshwana le fa o le mo mosimeng o o boteng o o lefifi mme o se na kgoro ya botso. O ikutlwa e kete o latlhegelwa ke tlhaloganyo e bile o ikutlwa e kete o fetogile.”

Go tlwaelegile gore basha ba diragalelwe ke se se diragaletseng Anna le Julia. Palo ya basha ba ba gateletsweng mo maikutlong e nna e oketsega ka lobelo lo logolo e bile Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo wa re kgatelelo ya maikutlo ke “yone e gantsi e dirang gore basimane le basetsana ba dingwaga tse 10 go ya go 19 ba lwale le go golafala.”

Matshwao a go gatelelwa mo maikutlong a ka simolola ka nako ya bosha mme a ka akaretsa go fetoga ga tsela e motho robalang ka yone, tsela e a jang ka yone le bokete jwa mmele. Gape motho a ka simolola go ikutlwa a tlaletswe, a se na tsholofelo, a utlwile botlhoko e bile a se na mosola. Matshwao a mangwe a akaretsa go itlhaola mo bathong, go sa kgone go tlhoma mogopolo kgotsa go lebala ka bonako, go leka go ipolaya kgotsa go akanya ka gone le matshwao mangwe a a sa tlhaloganngweng. Fa dingaka tsa tlhaloganyo di belaela gore motho o na bolwetse jwa go gatelelwa mo maikutlong, gantsi di batla matshwao a go fetileng dibeke a le gone e bile a dira gore motho a se ka a tshela sentle.

SE SE KA TSWANG SE BAKA BOTHATA

Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, “go gatelelwa mo maikutlong go ka bakwa ke dilo tse dintsi. Go ka bakwa ke tsela e motho a tshwarwang ka yone ke batho ba bangwe, go tshwenyega thata kgotsa dilo tse dingwe.” Dilo tseo di ka akaretsa tse di latelang.

Dilo tse di amang mmele. Fela jaaka go diragaletse Julia, gantsi bolwetse jono bo tsamaya mo losikeng e bile bo ka ama boboko. Gape malwetse a pelo, go fetoga ga tsela e mmele o dirang ka yone le go dirisa diritibatsi ka tsela e e sa siamang, go ka dira gore motho a gatelelwe thata mo maikutlong.b

Go tshwenyega. Go siame go tshwenyega go le gonnye mme go tshwenyega thata go ka gobatsa motho mo mmeleng le mo maikutlong. Ka dinako dingwe go ka dira gore mosha a ikgobatse kgotsa a ikutlwise botlhoko mme a nne le kgatelelo ya maikutlo. Seo se dira gore go se ka ga itsege gore tota go gatelelwa mo maikutlong go bakwa ke eng ka gonne go akaretsa dilo di le dintsi.

Go gatelelwa mo maikutlong go ka bakiwa ke go tshwenyega ka dilo tse di jaaka go tlhalana kgotsa go kgaogana ga batsadi, go swelwa ke motho yo o mo ratang, go sotliwa mo mmeleng kgotsa ka tlhakanelodikobo, kotsi e e masisi, bolwetse kgotsa bothata jwa go ithuta, segolobogolo fa ngwana a ikutlwa a tlhokomologilwe. Gape go ka bakiwa ke fa batsadi ba solofetse gore ngwana a dire bontle thata, gongwe kwa sekolong. Dilo tse dingwe e ka nna go kgerisiwa, go tshwenyega ka bokamoso, go nna le motsadi yo o tshwenyegang thata mo maikutlong le go sotliwa ke motsadi. Fa mosha a gateletswe mo maikutlong, ke eng se se ka mo thusang go lebana le maemo ao?

ITLHOKOMELE

Gantsi go gatelelwa thata mo maikutlong go ka okobadiwa ke melemo le go thusiwa ke ngaka ya tlhaloganyo.c Jesu Keresete o ne a re: “Ba ba nonofileng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba lwalang ba a e tlhoka.” (Mareko 2:17) Bolwetse bo ka ama dikarolo tsotlhe tsa mmele wa rona go akaretsa le boboko! Gape go ka nna molemo gore o nne o fetola tsela e o dirang dilo ka yone ka gonne mmele le tlhaloganyo ya rona di a dirisana.

Fa e le gore o gateletswe mo maikutlong, dira sotlhe se o ka se kgonang go tlhokomela botsogo jwa gago. Ka sekai, ja dijo tse di nang le dikotla, robala mo go lekaneng o bo o ikatise ka metlha. Go ikatisa go dira gore mmele wa gago o nne le dikhemikhale tse di dirang gore o itumele, o nne le maatla le gore o kgone go robala sentle. Fa o kgona, leka go bona matshwao a o nang le one a a ka bakang go gatelelwa mo maikutlong mme o itirele thulaganyo ya go lwa le one. Bolelela mongwe yo o mo tshepang. Fa ba lelapa la gago le ditsala ba go ema nokeng, seo se ka go thusa gore o kgone go emelana le kgatelelo ya maikutlo mme gongwe seo se ka dira gore o ikutlwe botoka. Kwala se o se akanyang le kafa o ikutlwang ka gone mo bukeng. Julia yo re buileng ka ene kwa tshimologong o ile a thusiwa ke go dira jalo. Sa botlhokwa le go feta, nonotsha botsala jwa gago le Modimo. Seo se ka dira gore o itumelele botshelo. Jesu Keresete o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

Mosetsana a ja le batsadi ba gagwe, a ikatisa e bile a robetse

Ja dijo tse di siameng, nna o le matlhagatlhaga mme o robale mo go lekaneng

Mosetsana a bala Baebele

O tla gomotsega fa o nna o nonotsha botsala jwa gago le Modimo

Anna le Julia ba dumalana le mafoko ao a ga Jesu. Anna a re: “Go nonotsha botsala jwa me le Modimo go dira gore ke se ka ka akanya fela ka mathata a me mme ke akanye le ka a batho ba bangwe. Ga go motlhofo go dira jalo mme go dira gore ke itumele thata.” Julia o gomodiwa ke go rapela le go bala Baebele. A re: “Go rapela Modimo ke mo tshololela maikutlo go dira gore ke ikutlwe botoka. Gape Baebele e nthusa go lemoga gore Modimo o ntsaya ke le botlhokwa e bile o a nkgathalela. Gape go bala Baebele go dira gore ke tlhomamisege gore ke tla nna le bokamoso jo bo botoka.”

E re ka Jehofa Modimo e le Mmopi wa rona, o tlhaloganya sentle gore tsela e re godisitsweng ka yone, dilo tse di re diragaletseng le mekgwa e re e tshotsweng re na le yone, di ama tsela e re lebang dilo ka yone le tsela e re ikutlwang ka yone. Ka jalo, o kgona go re thusa le go re gomotsa, gongwe a dirisa batho ba ba re ratang e bile ba re tlhaloganya. Mo godimo ga moo, nako nngwe Modimo o tla fodisa malwetse a rona otlhe. Isaia 33:24 ya re: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”

Baebele e solofetsa gore Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [rona], mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:4) Ruri mafoko ao a a gomotsa e bile a dira gore re nne le tsholofelo! Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le batho, tsweetswee tsena mo jw.org. O tla bona Baebele le ditlhogo tse dintsi tse di farologaneng go akaretsa le tse di buang ka go gatelelwa mo maikutlong.

a Maina a fetotswe.

b Malwetse a le mantsi, melemo le diritibatsi di ka fetola tsela e motho a ikutlwang ka yone mme seo sa dira gore a tlhoke go alafiwa.

c Tsogang! ga e kgothaletse mofuta ope wa kalafi.

Se Batsadi Ba ka Se Dirang

  • O tshwanetse go itse gore go ka nna thata gore basha ba ba gateletsweng mo maikutlong ba tlhalose tsela e ba ikutlwang ka yone kgotsa ba tlhaloganye se se ba diragalelang. Tota e bile ba ka tswa ba sa lemoge gore ba na le matshwao a go gatelelwa mo maikutlong.

  • Tsela e basha ba itshwarang ka yone fa ba gateletswe mo maikutlong e farologane le e batsadi ba itshwarang ka yone fa ba le mo maemong ao, ka jalo, ela tlhoko diphetogo tse ngwana wa gago a ka nnang le tsone tsa boitshwaro, tsela e a jang ka yone, go fetoga ga maikutlo, tsela e a robalang ka yone, go dirisana le ba bangwe, segolobogolo fa di direga ka lobaka lo loleele.

  • Se itlhokomolose se a se buang ka go ipolaya kgotsa dilo dingwe tse a di dirang.

  • Fa o belaela gore ngwana wa gago o gateletswe mo maikutlong, batla thuso ya ngaka.

  • Thusa ngwana wa gago go nwa melemo jaaka a laetswe mme o itsise ngaka fa o bona gore ga go na diphetogo kgotsa gore melemo eo ga e mo tshware sentle.

  • Ka metlha nnang le thulaganyo ya go ja mmogo, go ikatisa le go robala.

  • Tlotla le ngwana wa gago ka dinako tsotlhe mme o mo thuse go lebana le matshwao a a tsamaisanang le go gatelelwa mo maikutlong.

  • E re ka kgatelelo ya maikutlo e ka dira gore motho a jewe ke bodutu, a tlhabiwe ke ditlhong kgotsa a ikutlwe a se botlhokwa, nna o tlhomamisetsa ngwana wa gago gore o a mo rata.

Itirele “Lebokoso la Thuso ya Potlako”

Lebokoso la thuso ya potlako le le nang le ditshwantsho, ditemana, dipina, ditlhogo le maitemogelo a a kgatlhang

Fa o na le bothata jwa go gatelelwa mo maikutlong, selo se se ka go thusang go laola maikutlo le dikakanyo tsa gago ke go itirela lebokoso la thuso ya potlako. O ka kgona go rulaganya lebokoso leo jaaka o batla mme dilo tse o ka di tsenyang mo go lone di ka akaretsa tse di mo tsebeng eno.

  • Dinomoro tsa batho ba o ka ba leletsang fa o kgobegile marapo

  • Dipina tse o di ratang tse di monate e bile di kgothatsa

  • Dibuka le mafoko a a kgothatsang

  • Lenaane la ditemana tsa Baebele tse di gomotsang tse di jaaka Pesalema 34:18; 51:17; 94:19; Bafilipi 4:6, 7

  • Dilo tse di go gopotsang batho ba ba go ratang

  • Buka ya gago e e go gopotsang dilo tse di siameng tse o kileng wa di akanya le dilo tse di itumedisang tse di go diragaletseng

Kgatelelo ya Maikutlo mo Basetsaneng

Kgatelelo ya maikutlo e direga thata mo basetsaneng go gaisa mo basimaneng. Sengwe se se bakang bothata jono ke go tshwenyega go go bakwang ke go sotliwa mo maikutlong, mo mmeleng kgotsa ka tlhakanelodikobo go gantsi go diragalelang basetsana. Sharon Hersh yo e leng mogakolodi o ne a kwala jaana: “Dilo tse di sa siamang tse di diragalelang basetsana kgotsa tsela e ba ikutlwang ka yone, e ka ba tlhakanya tlhogo kgotsa ya dira gore ba tshwenyege thata.” Gape basetsana ba ka tlhotlhelediwa ke metswedi ya tshedimosetso e e reng ba tshwanetse go nna le mebele e “mentle.” Mosetsana yo o tshwenyegang thata ka ditebego tsa gagwe kgotsa ka go batla go amogelwa ke ditsala tsa gagwe, a ka nna mo kotsing e kgolo ya go gatelelwa mo maikutlong.d

d Bona setlhogo se se reng “Baebele ya Reng?—Ditebego Tse Dintle,” mo makasineng wa Tsogang! No. 4 2016.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela