Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong—Kafa go ka Alafiwang ka Teng
RUTH yo o neng a tshwenyega thata mo maikutlong ka dingwaga di le dintsi o bolela jaana: “Nna le monna wa me re ne ra batla thuso ya kalafi, ra dira diphetogo mo botshelong, ra ba ra dira ka natla go latela thulaganyo e nka kgonang go e itshokela. Go bonala re bone melemo e e thusang mme ke botoka. Mme ka nako ya fa go ne go bonala go se na sepe se se thusang, lorato lwa monna wa me lo lo sa feleng le lwa ditsala lo ile lwa nthusa gore ke se ka ka itlhoboga.”
Jaaka boitemogelo jwa ga Ruth bo bontsha, batho ba ba nang le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong jo bo tlhokang kalafi ba tlhoka tshegetso yotlhe e ba ka e bonang, go akaretsa le thuso epe fela e e leng teng ya kalafi. Go ka nna kotsi go itlhokomolosa go tshwenyega thata mo maikutlong, ka gonne mo makgetlhong mangwe fa bothata jono bo sa alafiwe, bo ka nna kotsi mo botshelong jwa motho. Mo e ka nnang dingwaga di le dikete di le pedi tse di fetileng, Jesu Keresete o ne a dumela gore batho ba ba nang le bokgoni jwa kalafi ba ka thusa mo go tlhokegang teng, fa a ne a re ‘ba ba lwalang ba tlhoka ngaka.’ (Mareko 2:17) Boammaaruri ke gore, dingaka di ka kgona go thusa thata go fokotsa go boga ga batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong.a
Dilo Dingwe Tse di ka Thusang
Go na le mefuta e le mmalwa ya kalafi ya go tshwenyega thata mo maikutlong e e farologanang go ya ka matshwao a o nang le one le gore bolwetse jwa gago bo masisi go le kana kang. (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 5 la setlhogo se se reng, “Ke Mofuta Ofe wa go Tshwenyega Thata mo Maikutlong o o Nang le One?”) Batho ba le bantsi ba ka thusiwa ke dingaka tsa bone, mme ba bangwe ba tlhoka kalafi e e kgethegileng thata. Ngaka e ka nna ya naya motho melemo e e okobatsang go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa ya akantsha thuso ya mofuta mongwe. Batho bangwe ba nnile le matswela a a itumedisang ka ntlha ya go dirisa ditlhatshana tsa kalafi, go fetola dijo tsa bone kgotsa go latela thulaganyo e e laolwang ya go ikatisa.
Dilo Tse di ka Diregang
1. Ditsala tse di nang le maitlhomo a a siameng tse di nang le thapiso e nnye kgotsa tse di sa thapisiwang gotlhelele mo go tsa kalafi di ka nna tsa leka go go bolelela gore o dirise kalafi efe le gore o se ka wa dirisa efe. Mme gape, ba ka nna ba gatelela gore o lebe dilo ka tsela e ba di lebang ka yone malebana le gore a o tshwanetse go dirisa ditlhatshana tsa kalafi, melemo e e tswang kwa ngakeng kgotsa gore o se ka wa dirisa sepe gotlhelele.
Ela tlhoko: Tlhomamisa gore kgakololo epe fela e o e amogelang e tswa mo motsweding o o ka ikanngwang. Kgabagare, ke wena o tshwanetseng go dira tshwetso malebana le se o se tlhophang.
2. Go kgobega marapo go ka nna ga dira gore batho ba ba nang le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ba tlogele kalafi e ba e tlhophileng ka gonne go bonala ba sa nne botoka kgotsa ka gonne e na le ditlamorago tse di sa itumediseng.
Ela tlhoko: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” (Diane 15:22) Thulaganyo ya kalafi e ka kgona go thusa fa go na le puisano e e molemo fa gare ga ngaka le molwetse. Tlhalosetsa ngaka ya gago matshwao a o nang le one o sa fitlhe sepe mme o mmotse gore a o tlhoka go fetola kalafi e o e dirisang kgotsa a o tlhoka go itshoka fela pele ga e ka simolola go go solegela molemo.
3. Go itshepa thata go ka dira gore batho ba ba nang le bothata jono ba tlogele kalafi ka bonako fela morago ga dibeke di se kae ka gonne ba ikutlwa botoka. Ba ka nna ba lebala gore matshwao a bone a ne a ba koafatsa jang pele ga ba simolola go dirisa kalafi ya bone.
Ela tlhoko: Go tlogela kalafi ka tshoganyetso kwantle ga go bua le ngaka go ka nna le ditlamorago tse di masisi le e leng tse di ka nnang kotsi.
Le fa gone Baebele e se buka ya kalafi, Mokwadi wa yone e bong Jehofa Modimo, ke Mmopi wa rona. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgomotso le kaelo e Lefoko la Modimo le e neelang batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong mmogo le batho ba ba ba tlhokomelang.
a Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi. Mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko kalafi e a tla e tlhophang pele ga a dira tshwetso.