LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/09 ts. 7-9
  • Lorato lo Fenya Letlhoo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lorato lo Fenya Letlhoo
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu O ne A Rata Batho ba ba Neng ba Nyadiwa
  • Modimo o Pelotelele le Rona
  • Fa Letlhoo le Tlhaolele di sa Tlhole di le Gone!
  • A re Nneng Seoposengwe Fela Jaaka Jehofa le Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Go Fela ga Tlhaolele
    Tsogang!—2004
  • Lefatshe Le le Se Nang Letlhoo—Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ka Nako ya fa Letlhoo la Tlhaolele le Tla bo le Seyo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 8/09 ts. 7-9

Lorato lo Fenya Letlhoo

“Go ne ga tlhaga setšhaba se sesha sa bodumedi e le ka lekgetlho la ntlha mo hisitoring: mme e ne e se setšhaba se se neng se tsaya bosetšhaba e le bodumedi jwa sone, go na le moo, e ne e le setlhopha se ka go rata se neng sa tlogela go nna le dikgaogano tsa bosetšhaba le tsa lotso: banna le basadi ba ne ba kopana mmogo e le batho fela fa pele ga modimo wa bone.”—A History of Christianity, ka Paul Johnson.

FA BOKERESETE jwa boammaaruri bo ntse bo anama go ralala Mmusomogolo wa Roma, batho ba ne ba bona sengwe se se gakgamatsang—lelapa la semoya le le ithutileng go nna mmogo ka kagiso ya mmatota le ka kutlwano. Sephiri sa “lelapa” leno sa go nna le kagiso e ne e le lorato lwa mmatota, lo lo neng lo theilwe e seng mo kgopolong e e rileng fela mme le theilwe mo melaometheong e e neng e rutiwa ke Modimo.

Melaometheo eo e ne e rutiwa ka lefoko le ka ditiro ke Jesu Keresete yo le ene a neng a tlhoilwe e bile a tlhaolwa ka tsela e e setlhogo. (1 Petere 2:21-23) Lebaka lengwe e ne e le gore o ne a tswa kwa Galalea mme Bagalalea—ba bontsi jwa bone e neng e le balemerui le batshwari ba ditlhapi—ba ne ba tseelwa kwa tlase ke baeteledipele ba Bajuda kwa Jerusalema. (Johane 7:45-52) Mme gape, Jesu e ne e le morutisi yo o tlhomologileng yo o neng a ratiwa le go tlotliwa ke boesengmang. Ka ntlha ya seno, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba mo fufegela mo e leng gore ba ne ba simolola go anamisa maaka ka ene, le e leng go loga maano a go mmolaya!—Mareko 15:9, 10; Johane 9:16, 22; 11:45-53.

Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a “busetsa bosula ka bosula.” (Baroma 12:17) Ka sekai, fa Bafarasai ba ba rileng—ba maloko a lekoko lengwe la Sejuda ba ne ba ganetsa Jesu—ba mo atamela mme ba mmotsa dipotso go tswa pelong, o ne a ba araba ka bopelonomi. (Johane 3:1-21) E bile o ne a ja le Bafarasai, go akaretsa le mofarasai mongwe yo a neng a tlhoile Jesu. Jang? Mo motlheng oo go ne go tlwaelegile gore motho a tlhapise baeti ba gagwe dinao; le fa go ntse jalo, Mofarasai yono ga a ka a tlhapisa Jesu dinao. A Jesu o ne a kgopisega? Nnyaa. Tota e bile, o ne a dirisa tshono eo go ruta thuto e ntle ya kutlwelobotlhoko le go itshwarela ba bangwe.—Luke 7:36-50; 11:37.

Jesu O ne A Rata Batho ba ba Neng ba Nyadiwa

Sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu tse di itsegeng thata ke sa Mosamarea yo o molemo, se mo go sone monna mongwe wa Mosamarea a neng a dirisa madi a gagwe, go tlhokomela Mojuda yo o neng a iteilwe e bile a kgothositswe. (Luke 10:30-37) Ke ka ntlha yang fa se Mosamarea a se dirileng se ne se le molemo jaana? Mo motlheng oo Bajuda le Basamarea ba ne ba tlhoane. Tota e bile, lefoko “Mosamarea” e ne e le lefoko le Bajuda gantsi ba neng ba le dirisetsa go nyatsa—le le neng la dirisiwa le e leng mo go Jesu ka boene. (Johane 8:48) Ka ntlha ya seo, go ne go tshwanela gore Jesu a bo a ile a dirisa setshwantsho se se maatla seo go bontsha lorato lwa boagelani lo lo sa tlhaoleng.

Jesu o ne a tshegetsa mafoko a gagwe ka go tlhoma sekao, a fodisa molepero wa Mosamarea. (Luke 17:11-19) Mo godimo ga moo, o ne a ruta Basamaria ba bangwe ba ba neng ba na le kanaanelo a ba a tlotla ka lobaka lo loleele le mosadi wa Mosamarea—tiragalo e e neng e le botlhokwa thata. (Johane 4:7-30, 39-42) Ke ka ntlha yang fa e ne e le botlhokwa? Borabi ba Bajuda ba ba neng ba gagamatsa dilo thata ba ne ba ka se bue le mosadi ope phatlalatsa—tota le fa e le mongwe yo o gaufi wa losika—mme fa e le mosadi wa Mosamarea ene ba ne ba ka se bue le ene gotlhelele!

Mme gone, Modimo o leba jang motho yo o nang le bothata jwa go tlhaola ba bangwe mme a lwela go bo tlosa mo pelong ya gagwe? Le mo kgannyeng eno Baebele e re naya tshedimosetso e e gomotsang.

Modimo o Pelotelele le Rona

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, kwa tshimologong Bakeresete ba bantsi ba Bajuda ba ne ba tlhotlhelediwa ke tlhaolele e ba neng ba sa bolo go nna le yone kgatlhanong le batho ba e seng Bajuda, ba bontsi jwa bone ba neng ba nna badumedi. Jehofa Modimo o ne a dira eng ka bothata jono jo bo neng bo kgaoganya batho? O ne a ruta phuthego ya Bakeresete ka bopelotelele. (Ditiro 15:1-5) Bopelotelele joo bo ile jwa nna le matswela a mantle, ka gonne jaaka go umakilwe kwa tshimologong ya setlhogo seno, “dipharologano tsa setšhaba, morafe le tsa bosetšhaba di ne tsa fenngwa.” Ka ntlha ya seo, “diphuthego tsa tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.”—Ditiro 16:5.

O ithuta eng mo go seno? O se ka wa itlhoboga mme ikaege ka Modimo, yo o nayang ‘ba ba nnang ba mo kopa ka tumelo’ botlhale le maatla ka bopelotshweu. (Jakobe 1:5, 6) A o sa ntse o gakologelwa Jennifer, Timothy, John le Olga, ba ba umakilweng mo setlhogong sa ntlha sa metseletsele eno? Ka nako ya fa Jennifer a ya kwa sekolong se segolwane, o ne a setse a godile semoyeng mme o ne a ithutile go itlhokomolosa dikakgelo tsa tshotlo tsa bomorafe tse di neng di dirwa malebana le bokhutshwane jwa gagwe. Ka bonako morago ga foo, fa mosetsana yo mongwe le ene a ne a sotliwa jalo ke bana ba a neng a tsena le bone mo tlelaseng, Jennifer o ne a mo femela le go mo gomotsa.

Ke eng se se neng sa thusa Timothy go laola boikutlo jwa gagwe fa baithuti ka ene ba ne ba mo sotla ka mafoko a bomorafe? A re: “Ke ne ke tshwenyegile ka kgobo e ke neng ke tla e tlisa mo leineng la ga Jehofa Modimo. Mme gape, ke ne ke nna ke gakologelwa gore re tshwanetse go nna re ‘fenya bosula ka molemo’ mme re se ka ra itetla gore re fenngwe ke bosula.”—Baroma 12:21.

John o ne a fenya letlhoo le a neng a na le lone ka mongwe yo o neng a tsena le ene mo tlelaseng yo e neng e le Mo-Hausa. O gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa me tsa bolesome, ke ne ka kopana le baithuti bangwe ba Ba-Hausa ba ba neng ba nna ditsala tsa me. Ke ne ka bereka le mongwe wa baithuti bano mo porojekeng nngwe ya sekolo e re neng re abetswe go e dira mmogo mme re ne re utlwana tota. Gone jaanong ke leka go leba batho go ya kafa mongwe le mongwe a ntseng ka teng, e seng jaaka morafe mongwe kgotsa jaaka lotso longwe.”

Olga le morongwa ka ene ga ba ka ba ineela fa ba ne ba bogisiwa ke baganetsi ba ba nang le letlhoo, go na le moo, ba ne ba nna ba nitame ba na le tsholofelo ya gore batho bangwe ba tla anaanela molaetsa wa Baebele. Ba le bantsi ba ne ba dira jalo. Olga a re: “Dingwaga di ka nna 50 moragonyana, monna mongwe o ne a tla kwa go nna mme a nnaya kgetsananyana e ntle. Mo teng ga yone go ne go na le matlapananyana a a neng a kwadilwe dinonofo tsa Bokeresete tse di jaaka molemo, bopelonomi, lorato le kagiso. Morago ga foo o ne a mpolelela gore ke mongwe wa basimane ba ba neng ba re ngata ka matlapa mme gone jaanong ke mokaulengwe wa me wa Mokeresete. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba nnaya le dirouse tse dintsi mo godimo ga kgetsana eo ya matlapana.”

Fa Letlhoo le Tlhaolele di sa Tlhole di le Gone!

Go ise go ye kae letlhoo le tlhaolele di tla bo di seyo. Ke eng fa go bolelwa jalo? Ka gonne lefatshe le tla bo le na le Mmusi a le mongwe fela, ene yo a neng a bontsha gore “ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho.”—Jesu Keresete. (Isaia 11:1-5) Mo godimo ga moo, batho ba Jesu a tla bong a ba busa mo lefatsheng, ba tla bo ba etsa boikutlo jwa gagwe ka botlalo ka nako eo, ka gonne botlhe ba tla bo ba rutilwe ke ene le Rraagwe e bong Jehofa Modimo.—Isaia 11:9.

Thuto eno ya semoya e ntse e tsweletse pele gone jaanong, e baakanyetsa batho ba Modimo botshelo mo tsamaisong e ntšha ya dilo. Ka jalo, ke eng o sa dire gore o solegelwe molemo ke thulaganyo eno ya thuto ka go nna le thuto ya gago ya Baebele?a Ee, Modimo ga a tlhaole ope; o batla gore batho ba mefuta yotlhe “ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:3, 4.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa e le gore o ka rata go nna le thuto ya mahala ya Baebele ka nako le kwa lefelong le le tla go siamelang, ikgolaganye le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong le o nnang mo go lone kgotsa nngwe ya diofisi tsa makala tse di mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5. Kgotsa ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Go ise go ye kae letlhoo le tlhaolele di tla bo di sa tlhole di aparetse batho

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

MELAOMETHEO YA BOMODIMO E RE TSHWANETSENG GO TSHELA KA YONE

◼ “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.  . . . Nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Baroma 12:17-21) Re ka ithuta eng mo go seno? Fa batho ba bangwe ba dira bosula, ithute gore wena o ka dira jang molemo. Jesu Keresete o ne a re: “Ba ne ba ntlhoa kwantle ga lebaka.” Mme ene ga a ka a ba tlhoa.—Johane 15:25.

◼ “A re se ikgogomoseng, . . . re fufegelana.” (Bagalatia 5:26) Go fufega le boikgogomoso jo bo sa tshwanelang ke dilo tse di re gobatsang semoyeng, ka gore gantsi di felela ka letlhoo le tlhaolele.—Mareko 7:20-23.

◼ “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Ipotse gore, ‘Ke batla go tshwarwa jang?’ Tshwara batho ba bangwe ka tsela e e ntseng jalo, go sa kgathalesege dingwaga tsa bone, mmala wa letlalo la bone, puo kgotsa setso sa bone.

◼ “Bulelanang dipelo fela jaaka Keresete le ene a lo buletse pelo ya gagwe.” (Baroma 15:7, Phillips) A o leka go itse batho ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng le ba ditso tse di farologaneng, segolobogolo fa e le batlhanka ba Modimo mmogo le wena?—2 Bakorintha 6:11.

◼ “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pesalema 27:10) Go sa kgathalesege gore batho ba bangwe ba go tshwara jang, Modimo le ka motlha a ka se ka a go tlogela fa o nna o ikanyega mo go ene.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mosamarea yo o molemo o thusa Mojuda yo o neng a kgothositswe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela