Ka Nako ya fa Letlhoo la Tlhaolele le Tla bo le Seyo!
GO BEGIWA gore moithutasaense e bong Albert Einstein ka nako nngwe o ile a bolela gore mo lefatsheng leno le le tletseng bohutsana, go thata go fedisa letlhoo la tlhaolele go na le go kgaoganya atomo. Ka mo go tshwanang, mokwadi wa dikgang e bong Edward R. Murrow, yo o neng a itsiwe thata ka Ntwa ya Lefatshe II mme morago ga moo a neng a nna motsamaisi wa U.S. Information Agency, o ne a bolela gore “ga go motho ope yo o ka fedisang matlhoo ano—o ka a lemoga fela.”
A mafoko ano a utlwala a le boammaaruri? A ga go kgonege go fedisa tlhaolele le bomorafe? Modimo o ikutlwa jang ka letlhoo la tlhaolele?
Modimo ga o Tlhaole Batho
Baebele e kgatlhanong le go tlhaolwa ga batho. (Diane 24:23; 28:21) E bolela gore “botlhale jo bo tswang kwa godimo bo simologa bo le boitsheko, foo bo nne kagiso, bo bonolo, bo rapelesege ka bofefo, bo tletse boutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, bo se na kakabalo, bo se na boitimokanyo.” (Jakobe 3:17) Botlhale joo bo ne jwa bolelelwa baatlhodi ba Iseraele wa bogologolo. “Lo se ka lwa dira tshiamololo epe mo katlholong,” ba ne ba laelwa jalo. “O se ka wa tlhokomela bomangmang jwa mohumanegi, le fa e le go tlotla bomangmang jwa mononofi.”—Lefitiko 19:15.
Tsela e Baebele e tlhomameng ka yone kgatlhanong le go tlhaolwa ga batho le letlhoo la tlhaolele e ne ya otlelelwa ke Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe e bong Petere le Paulo. Jesu o ne a sa tlhaole batho ba ba neng “ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) O ne a ruta jaana: “Se atlholeng ka fa ponong ya matlho, mme atlholang ka katlholo e e siameng.”—Johane 7:24.
Petere le Paulo ba re kgothatsa ka gore Jehofa Modimo ga se motlhaodi wa batho. Petere o ne a re: “Ammaaruri ke a lemoga fa Modimo e se motlhaodi wa batho; mo merafeng yotlhe, yo o boifang one, a ba a dira tshiamo, o a lebosega mo go one.” (Ditiro 10:34, 35) Moaposetoloi Paulo o re bolelela jaana: “Mo Modimong ga go na go tlhokomela bomangmang jwa batho.”—Baroma 2:11.
Tlhotlheletso ya Baebele
Baebele e na le thata ya go fetola botho jwa batho ba ba kaelwang ke yone. Bahebere 4:12 ya re: “Lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga.” Motho yo o nang le letlhoo leno o ka thusiwa ke Jehofa a bo a kgone go fetola tsela e a akanyang ka yone mme a tlogele go tlhaola fa a dirisana le ba bangwe.
Ka sekai, akanya ka kgang ya ga Saulo wa Tareso. Polelo ya Baebele e bolela gore ka nako nngwe o ne a ganetsa phuthego ya Bokeresete mo go setlhogo ka gonne a ne a ngaparetse dingwao tsa bodumedi. (Ditiro 8:1-3) O ne a tlhotlhelediwa thata ke ngwao ya Sejuta go dumela gore Bakeresete botlhe ke batenegi e bile ga ba rate kobamelo ya boammaaruri. Letlhoo la gagwe le ne la dira gore a eme nokeng go bolawa ga Bakeresete. Baebele e bolela gore o ne a “ubugela barutwa ba Morena popo le polao.” (Ditiro 9:1) Fa a ntse a dira jalo, o ne a akanya gore o direla Modimo tirelo e e boitshepo.—Bapisa Johane 16:2.
Lefa go ntse jalo, Saulo wa Tareso o ne a kgona go fedisa letlhoo la gagwe le le neng le feteletse. O ne a ba a nna Mokeresete! Morago ga moo, e le Paulo, moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, o ne a kwala jaana: “Ke ne ke le mokgadi, le mmogisi le mosenyi, le fa go ntse jalo ka bona boutlwelobotlhoko ka ke go dirile ka go tlhoka go itse, ke sa dumela.”—1 Timotheo 1:13.
Ga se Paulo fela yo o neng a dira diphetogo tse dikgolo jalo mo tseleng e a neng a akanya ka yone. Fa Paulo a ne a kwalela Tito, yo o neng e le morerikaene, o ne a tlhagisa Bakeresete gore “ba se ka ba bua bosula ka ga motho ope, ba se nne dikgangkgang, ba nne bonolo, ba le boikokobetso jotlhe mo bathong botlhe. Gonne e rile gale le rona ra bo re le dieleele, re sa utlwe, re tsiediwa, re direla dithato dingwe le dingwe le dikgatlhego, re tshela ka peloetlhoi, le mo bopelotshetlheng, re le ba ba ilegang, re bile re ilana.”—Tito 3:2, 3.
Go Tlosa Dilo Tse di Bakang Letlhoo la Tlhaolele
Gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba gagamalela go latela kgakololo eo. Ba batla go tila go atlhola batho go ya ka megopolo e e sa tlhomamang. Seno se ba thibela gore ba se ‘bue bosula’ ka ba bangwe. Ba ipelela bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo bo akaretsang ditšhaba, merafe le ditso tsotlhe tsa lefatshe leno.
Akanya ka se se neng sa diragalela Henrique wa kwa Brazil wa mmala o motshwana. E re ka a ne a tlhaolwa ka ntlha ya lotso, o ne a tlhoa batho ba basweu fela thata. O tlhalosa jaana: “Basupi bangwe ba babedi ba mmala o moswaana ba ne ba tla kwa ntlong ya me go tla go bua ka leina la Modimo. Kwa tshimologong ke ne ke sa batle go reetsa ka gonne ke ne ke sa beye batho ba basweu sebete. Mme go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore molaetsa wa bone o utlwala o le boammaaruri. Ebu, ke ne ka dumela go ithuta Baebele. Potso ya ntlha e ke neng ka ba botsa yone e ne e re, ‘A go na le batho ba bantsho ba le bantsi mo kerekeng ya lona?’ Ba ne ba araba ka go re, ‘Ee.’ Morago ga moo ba ne ba mpontsha setshwantsho se se kwa bofelong jwa buka e e reng Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela,a se se bontshang basha ba ditso tse di farologaneng. Go ne go na le mosimane yo montsho mo go bone, mme seno se ne sa nkgothatsa. Moragonyana ke ne ka etela kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, koo ke neng ka bona batho ba ditso tse di farologaneng ba tlotlana. Seno se ne sa nthusa fela thata.”
Gone jaanong, Henrique jaaka e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o itumelela go nna mongwe wa bakaulengwe ba Bakeresete ba boammaaruri. O tlhaloganya gore tlotla ga e ye kwa mothong mongwe le mongwe fela. O bolela jaana: “Gompieno ke leboga Jehofa le Jesu ka dilo tsotlhe tse ba di ntiretseng. Ke dira le dimilione tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ditso tsotlhe, ba mebala le ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng ba kopantswe ke boikaelelo bo le bongwe fela.”
Fa Dario a ntse a gola, le ene o ne a tlhoilwe ka ntlha ya tlhaolele. Fa a na le dingwaga di le 16, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a lemoga jaana: “Mo Basuping, ke lemogile gore batho ga ba ikutlwe ba le kwa godimo ga ba bangwe ka ntlha ya lotso.” O ne a kgatlhiwa ke lorato lwa mmatota. Thatathata o ne a lemoga gore batho ba ditso tse di farologaneng ba na le dikabelo tse di nang le boikarabelo mo phuthegong. Nako le nako fa Dario a ka bontshiwa mofuta mongwe wa letlhoo kana tlhaolele ke batho ba ba seng mo phuthegong, o gakologelwa gore Jehofa o rata batho ba ditšhaba tsotlhe, ba merafe yotlhe le ba dipuo tsotlhe.
Tsela ya go Itshoka
Rotlhe re rata go tshwarwa ka tsela e e nang le seriti le ka tlotlo. Ke gone ka moo go tlhoiwa ka tsela eo e leng teko e e thata go e itshokela. Phuthego ya Bokeresete ga e re sireletse mo bathong ba ba nang le maikutlo a letlhoo la tlhaolele a lefatshe leno le le boikepo. Fa fela Satane Diabolo a santse a laola ditsamaiso tsa lefatshe leno, go tla nna go ntse go na le ditshiamololo. (1 Johane 5:19) Tshenolo 12:12 e re tlhagisa jaana: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” Boikaelelo jwa gagwe ga se fela go dira gore re tshele bokete. O tshwantshiwa le phologolo e e jang nama. Moaposetoloi Petere o re bolelela jaana: “Mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.”—1 Petere 5:8.
Baebele gape e re bolelela jaana: “Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba.” (Jakobe 4:7) Tsela e e molemolemo e e ka re thusang go itshokela letlhoo leno ke go batla go sirelediwa ke Modimo, fela jaaka Kgosi Dafite a ne a dira: “Mphalodisa, Modimo wa me, mo seatleng sa moikepi, mo seatleng sa mosiamolodi yo o bolalome.” (Pesalema 71:4) Re ka nna ra bo ra rapela jaaka mopesalema a ne a dira: “Modimo, a ko o nne boutlwelobotlhoko mo go nna; gonne motho o rata a bo a ka nkometsa; o a mpatika ka go tlhola a tlhabana ka letsatsi lotlhe.”—Pesalema 56:1.
Modimo o tla araba dithapelo tseo jang? Baebele e a araba: “O tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka.” (Pesalema 72:12, 13) A bo go le molemo jang ne go itse gore mo nakong e e tshwanetseng Jehofa o tla golola batho botlhe ba ba tlhoilweng!
“Ga di Ketla di Utlwisa Botlhoko”
Dipuso tsa lefatshe leno di ka nna tsa tswelela pele di batla go fedisa letlhoo la tlhaolele ka melao ya tsone le ka dithulaganyo. Di ka nna tsa tswelela pele di solofetsa go lekalekana ga batho le tshiamiso. Mme di ka se atlege. (Pesalema 146:3) Ke Modimo fela yo o ka fedisang ditsela tsotlhe tsa letlhoo leno mme e bile o tla dira jalo. O tla dira gore batho ba nne lelapa le le lengwe fela le le utlwanang. “Boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo” ba tla falola bokhutlo jwa tsamaiso eno mme ba tla itumelela go tshela ka kagiso.—Tshenolo 7:9, 10.
Jehofa o tla fetola botlhoko jotlhe jo bo bakilweng ke letlhoo leno la setso le la setšhaba. A o ko o akanye fa go tla bo go se motho ope yo o tla tshwarwang ka tsela e e sa siamang! “Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa.” (Mika 4:4) Mme Isaia 11:9 e bolela gore: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko.”
Fa e le gore o tlhoilwe ka ntlha ya tlhaolele gone jaanong, tsholofelo eno e e molemolemo ya mo isagweng e tla nonotsha botsalano jwa gago le Jehofa. E tla go thusa go itshokela ditshiamololo tsa tsamaiso eno e e bosula. Fa o ntse o itshoketse letlhoo leno gape o lebile kwa pele, latela kgakololo eno e e tshwanetseng ya Baebele: “Nnang thata, mme dipelo tsa lona di natlafale, lona lotlhe ba lo solofelang mo go Jehofa.”—Pesalema 31:24.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
U.S. National Archives photo